Kgwedi e e Kgethegileng ya Tirelo ya Tshimo
1 A o ka dira December kgwedi ya tirelo ya tshimo e e kgethegileng? Go ka nna ga tlhokega gore o dire diphetogo dingwe mo thulaganyong e o e tlwaetseng ka metlha, a mme dituelo tsa gone di ka se e dire botlhokwa?
2 Baboledi bangwe ba basha ba ba kolobeditsweng ba tla bo ba na le malatsi a a oketsegileng ba se kwa sekolong mme ba ka rata go ikwadisetsa bobulatsela jo bo thusang mo kgweding eno. A bo go tla ba kgothatsa jang ne go bona bagolwane ba bangwe, batlhanka ba bodihedi, le baboledi ba bangwe ba bereka mmogo le bone mo tshimong! Fa maemo a gago ka namana a sa go letle gore o bule tsela mo kgweding eno, a o ka kgona gore o dire fela diura disekae tse di oketsegileng mo tirelong mmogo le bao ba tla bong ba bula tsela? Eleruri seno e tla bo e le go kgothatsana.
3 Gape re batla lo dirisana mmogo mo go tlhomamiseng gore dipego tsotlhe tsa tirelo ya tshimo tsa December di tlisiwa ka nako. Re tla bo re na le Dikopano tsa Kgaolo tsa rona tsa “Thuto ya Bomodimo” ka December mme ba bangwe ba tsaya malatsi a bone a boikhutso a ngwaga le ngwaga ka nako ya fa ba ya kopanong. Fa e le gore o tla bo o se mo phuthegong ya gaeno kwa bofelong jwa December, tlhomamisa gore o nne le seabe mo bodiheding kwa tshimologong ya kgwedi eno. Isa pego ya gago ya tirelo ya tshimo pele o ka ya malatsing a boikhutso kana o e romelele mokwaledi wa phuthego nako e sa ntse e le teng gore a e akaretse mo Pegong ya Phuthego ya kgwedi eno.
4 Fa e le gore baboledi botlhe ba tsenya marapo dinameng, bagolwane ba ka nna ba dira dithulaganyo tsa go neela bosupi ka setlhopha letsatsi le letsatsi ka nako ya malatsi a boikhutso e le gore bao ba ka kgonang go bula tsela ba nne le mongwe yo ba berekang le ene ka metlha mo tirelong ya tshimo. Jaanong ke nako ya gore mongwe le mongwe ka sebele le jaaka ditlhopha tsa malapa mmogo le phuthego yotlhe, lo rulaganye go dira December kgwedi e e kgethegileng ya tirelo ya tshimo mo phuthegong ya lona.