Letlole la Dipotso
◼ Re tshwanetse ra leba jang go direla jaaka mmulatsela yo o thusang?
Bobulatsela jo bo thusang bo tshwanetse jwa lejwa e le tshiamelo le boikarabelo jo bo masisi. Kgwedi le kgwedi diketekete tsa baboledi di tlhophiwa gore di direle jaaka babulatsela ba ba thusang, mme ba bangwe ba bo dira ba sa kgaotse. Re akgola baboledi bano ba ba tlhagafetseng bao maemo a ba letlang gore ba dirise diura di le 60 tse di tlhokegang mo tirelong ya tshimo kgwedi le kgwedi ba direla jaaka babulatsela ba ba thusang. Bagolwane mmogo le ba bangwe ba tshwanetse go kgothaletsa baboledi ba ba ikwadisetsang tirelo ya bobulatsela jo bo thusang gore ba bo tseye ka masisi mme ba tile tshekamelo epe ya go sa bo dire ka pelo yotlhe.
Fela jaaka babulatsela ba ka metlha, bao ba ithaopelang go tsaya bobulatsela jo bo thusang jwa kgwedi e le nngwe fela kana go feta la ntlha ba tshwanetse ba sekaseka mabaka a a rileng. (Luke 14:28) Seno se akaretsa gore ba tlhomamise go sa le gale gore a ba ka kgona go fitlhelela selekanyo sa nako se se tlhokegang mo bodiheding jwa tshimo kwantle ga go tlhokomologa maikarabelo a mangwe a Bokeresete. Fa motho a dira tshwetso ya gore o ikwadisa jaaka mmulatsela yo o thusang o tshwanetse a e dira morago ga go sekaseka maemo ka thapelo. Ga a tshwanela go gogomoga maikutlo fela ka bonako e le ka go bo a bona ba bangwe ba ikwadisa. E tshwanetse ya nna tshwetso e e nang le mabaka, a bo a dira thulaganyo e e kwadilweng ya kafa a tla dirang dilo tse di tlhokegang ka teng. Go botlhokwa gore motho a bale kopo eno ka kelotlhoko a bo a itirela tshwetso e e tswang mo pelong gore o ka dumelana le seo se tlhokegang ka boikanyegi.
Ke boammaaruri gore, go tlhoka boiteko jo bo oketsegileng. Dikgwedi tse dingwe mo ngwageng di na le nako e e oketsegileng ya go ka ‘tshwarega thata’ ka go rera mafoko a a molemo. (Dit. 18:5) Di akaretsa March le April e leng nako ya Segopotso le dikgwedi tse molebedi wa potologo a etelang phuthego ka tsone. Se se itumedisang ke gore baboledi ba le bantsi ba ipolelela gore ba tla latela thulaganyo e e rileng e e gagametseng gore ba tle ba nne le seabe se se oketsegileng mo tirong ya go rera mo dinakong tseno tsa tiro e e kgethegileng, ba itumelela gore gantsi matswela a gone ke masego a magolo. (2 Bakor. 9:6) Baboledi ba le bantsi ba dira boiteko jo bo oketsegileng jwa gore ba bule tsela ka dikgwedi tsa boikhutso le mo kgweding epe mo ngwageng e e ka tswang e na le mafelobeke a le matlhano a a tletseng. Mme fa ba e saena, ba anaanela botlhokwa jwa go tlhwaela tsebe molaomotheo o o reng ‘A Ee ya gago e nne Ee’ ka go dira gotlhe mo ba ka go kgonang ka go bega diura di le 60 kana go feta mo kgweding nngwe le nngwe e ba direlang jaaka babulatsela ba ba thusang mo go yone.—Math. 5:37.
Baboledi ba ba ka tswang ba sa kgona go bula tsela ba ka thusa ka go bereka le babulatsela ba ba thusang, ba dira dithulaganyo tse di tlhomameng le bone. Go a thusa go tswela mo tirelong ka nako e telele le babulatsela fa go kgonega. Babulatsela ba ka itumelela go tshegediwa segolobogolo ke baboledi ba bangwe go sa ntse go le mo mosong thata, motshegare wa maitsiboa, kana ka maabanyane. Babulatsela ba ba thusang ba itumelela go lalediwa gore ba ye go bereka le ba bangwe mo go direng maeto a go boela le go simolola dithuto tsa Bibela tsa magae. Ka gone bao ba ka kgonang go tshegetsa babulatsela ba ba thusang ba tla bona boitumelo jo bogolo jo bo tswang mo go abeng.—Dit. 20:35.
Go dira ka natla ga babulatsela ba ba thusang go anaanelwa fela thata. Bao ba kgonang go dira le bone ba ka solofela masego a magolo. (Dia. 10:4) O tlile go itumelela go oketsa leng gape tiro ya gago jaaka mmulatsela yo o thusang?