Nna Mmulatsela yo o Thusang ka December
1 Mongwe le mongwe wa rona o tla bo a dira sentle fa a ipotsa jaana: ‘Ke tla bo ke le motshodi wa lesedi go ya bokgakaleng bofe ka December? A ke ka nna mmulatsela yo o thusang?’—Math. 5:14, 16.
2 Ka kakaretso fela basha ba ba kolobeditsweng ba na le nako e e oketsegileng fa dikolo di tswetswe ka nako eno ya boikhutso. Batsadi ba bangwe le baboledi ba bangwe ba ba godileng le bone ba ka kgona go kopanela le baboledi bano ba basha mo go oketseng tirelo ya bone ya tshimo mo kgweding eo. Ba le bantsi ba ba berekang letsatsi lotlhe le bone ka mo go tshwanang ba tshwanetse go nna le nako e ba e senyang mo bodiheding jono jo bo nayang botshelo.
3 Lebaka la konokono la go ka direla jaaka mmulatsela yo o thusang ke la go bo re rata go dira boiteko jo bo oketsegileng jo bo tlhokegang. (Luke 13:24) Fa re rulaganya tiro ya rona ka kelotlhoko, go akaretsa le dikgang tsa lelapa le tsa phuthego, re ka kgona go nna le nako mo e leng gore re ka nna ra ipelela go direla jaaka babulatsela ba ba thusang.
4 A o tla kgona go atolosa bodihedi jwa gago ka December? Go dira jalo go ka go thusa gore o ikutlwe o tlhomamisegile ka se o se buang fa o le mo matlong a batho mme go felele o na le maitemogelo a a agang. Ka gone o ka bona boitumelo jo bogolo.—Dit. 20:35.