LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/93 ts. 7
  • Yearbook—Letlotlo la Kgothatso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Yearbook—Letlotlo la Kgothatso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diaterese Tsa Makala
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 12/93 ts. 7

Yearbook—Letlotlo la Kgothatso

1 Dipego le maitemogelo a a tlhalosang kaga ditiro tsa ga Jehofa tse di molemo e sale e ntse e le tse di lapolosang mo batlhankeng ba Modimo. (Yobe 38:4, 7; Dia. 25:25; Luke 7:22; Dit. 15:31) Ke sone se Yearbook of Jehovah’s Witnesses e leng letlotlo la kgothatso ka sone.

2 Yearbook nngwe le nngwe e tlhagisa dipego tse di agang tsa lefatshe ka bophara mabapi le ditiro le dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba di fitlhelela. Maitemogelo a a nonotshang mo tumelong a ile a supa sentle ka moo Jehofa a kaelang ka gone, a sireletsang le go segofatsa batho ba gagwe ka gone. Yearbook e bua ka banna le basadi ba ba matlhagatlhaga ba ba ileng ba tlogela malapa a bone, ditsala, le nagagae ya bone gore ba ise boammaaruri jwa Bibela kwa bathong ba ba mo dikontinenteng tsotlhe tsa lefatshe le mo ditlhaketlhakeng tse dintsi tsa lewatle.

3 Yearbook e ile ya tlhotlheletsa batho ba le bantsi ba ba e balang gore ba oketse tirelo ya bone go Modimo. Mmadi mongwe wa yone o ne a kwala jaana: “Ga ke kgone go e bala ka bonako go feta fano. Se ke setseng ke se badile gone jaanong se ile sa nkgothatsa thata. Go ntira gore ke ikutlwe ke batla go dira ka mo go oketsegileng mo go rereng mafoko a a molemo fa ke bona se ba bangwe ba se dirang lefa ba le kafa tlase ga kgatelelo.”

4 Ngwaga le ngwaga fa e sale go tloga ka 1927, Yearbook of Jehovah’s Witnesses e ne e ntse e le letlotlo la mmatota la dipego le maitemogelo a a tlhotlheletsang. A o solegelwa molemo ka botlalo ke motswedi ono wa letlotlo la kgomotso o o leng wa mofuta wa one fela? Gore o tle o kgone seno, tlhomamisa gore o bale Yearbook santlha fela fa o e amogela. Morago ga moo, mo ngwageng otlhe, boeletsa dintlha tse di rileng tsa yone gore e tle e go kgothatse wena le lelapa la gago mo dilong tse le di tlhokang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela