Dikitsiso
◼ Mpho e e tsamaisiwang ka December: Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R9,00. January: Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R4,50. February: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R9,00. Dibuka tse dipotlana ka 4,50. March: Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo ka moneelo wa R4,50.
◼ Molebedi yo o okamelang kgotsa motho mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka December 1 kgotsa ka bonako jo bo ka kgonegang morago ga moo. Itsiseng phuthego fa go sena go dirwa jalo.
◼ Segopotso sa 1995 se tla nna ka Labotlhano, April 14, morago ga fa letsatsi le sena go phirima. Kitsiso eno ya keteko ya Segopotso sa 1995 e dirwa go sa le gale gore bakaulengwe ba kgone go hira kana go dira dikonteraka tsa go dirisa diholo dingwe tse di ka dirisiwang fa e le gore go na le diphuthego di le dintsi tse di dirisang Holo ya Bogosi e le nngwe mme di tshwanelwa ke go batla mafelo a mangwe.
◼ Bethele e tlhoka ka bonakonako makheneke yo o katisitsweng wa dikoloi tsa peterolo kana tsa disele le mmaakanyi wa metšhini yo o katisitsweng sentle. Mokaulengwe ope fela yo o ka ithaopang a ikgolaganye le Mokgatlho ka bonako jo bo ka kgonegang.
◼ Didisekete Tse Disha Tsa Khomputara Tse Di Leng Gone:
Seesemane: New World Translation of the Holy Scriptures—With References/Insight on the Scriptures. Disekete eno e ntšha e na le New World Translation le dibolumu tsoopedi tsa Insight. E gone ka tsa selekanyo sa 5 1/4-inch 1,2-megabyte kgotsa 3 1/2-inch 1,44-megabyte. Di tlhoka gore khomputara ya gago e bo e na le hard disk ya selekanyo sa di-megabyte tse 18 se se ka dirisiwang (phuthego le batho botlhe: R55,00; babulatsela: R48,00).
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Gone:
Seesemane Sa Ba Ba Sa Utlweng Mo Ditsebeng: A Lefatshe Leno Le Tla Falola? (Pampitshana No. 19); Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong (Pampitshana No. 20); Itumelele Botshelo Jwa Lelapa (Pampitshana No. 21); Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? (Pampitshana No. 22) (phuthego, batho botlhe, le babulatsela: disente tse tharo). Setsonga: Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa (phuthego le batho botlhe: R3,00; babulatsela: R2,25).