Dikitsiso
◼ Mpho ya kgwedi ya January: Matsapa A A Tserweng Ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R4,50. February: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R9,00. Dibuka tse dipotlana ke R4,50. March: Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo ka moneelo wa R4,50. April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo, ka moneelo wa R19,00 mo go tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga mo go tse di tswang gangwe ka kgwedi kana peeletso ya kgwedi tse thataro ke R9,50.
◼ Diphuthego di tshwanetse go dira dithulaganyo tse di tshwanetseng tsa Segopotso se se tla ketekwang monongwaga ka Matlhatso wa March 26, fa letsatsi le sena go phirima. Lefa gone go le molemo gore phuthego nngwe le nngwe e tshware Segopotso sa yone ka boyone, seno se ka nna sa se ka sa kgonega. Kwa mafelong a go nang le diphuthego di le mmalwanyana tse ka gale di dirisang Holo ya Bogosi e le nngwe, go ka nna molemo gore phuthego e le nngwe kana go feta di batle lefelo le lengwe le di ka le dirisang mo maitseboeng ao. Lo seka lwa simolola Segopotso bosigo thata mo go ka nnang boima gore batho ba ba sa tswang go kgatlhega ba nne gone. Mo godimo ga moo, dinako tsa lona di se ka tsa pitlagana thata mo go ka dirang gore go se ka ga nna le nako ya go dumedisa baeng pele ga go se keteka kana morago ga gone, go dira dithulaganyo tsa gore bangwe ba thusiwe go ya pele semoyeng, kgotsa nako ya gore botlhe ba ba gone ba tlotle mmogo ba kgothatsana. Morago ga gore bagolwane ba sekaseke dilo ka kelotlhoko, ba tshwanetse go bona gore ke dithulaganyo dife tse di ka thusang botlhe ba ba tla nnang gone mo Segopotsong gore tiragalo eno e ba solegele molemo ka botlalo.
◼ Go tloga ka February, mme e bile e seng morago ga March 6, puo e ntšha ya phatlalatsa ya balebedi ba potologo e tla bo e le e e reng, “Go Fegelwa ga Batho—Go Tla Fela Leng?”
◼ Puo ya phatlalatsa e e kgethegileng ya 1994 ya setlha sa Segopotso e tla neelwa mo lefatsheng lotlhe ka Sontaga, April 10. Setlhogo sa puo eo ke se se reng, “A Bodumedi Bo Palelwa Ke go Thusa Batho?” Lo tla newa pampiri ya puo eno. Diphuthego tse di tla bong di etetswe ke molebedi wa potologo, di na le kopano ya potologo, kgotsa letsatsi la kopano e e kgethegileng mo mafelobekeng ao, di tla tshwara puo eo e e kgethegileng beke e e tla latelang. Phuthego epe e se ka ya neela puo eo e e kgethegileng pele ga April 10.
◼ Go tlhophilwe April 9, 1994, go nna Letsatsi la Dimakasine le le kgethegileng. Mo dingwageng tse nnè tse di fetileng, bakaulengwe ba rona ba le bantsi ba ile ba itumelela go nna le seabe mo Letsatsing la Dimakasine le le kgethegileng. Ke eng fa o sa simolole go rulaganya dilo gone jaanong gore o tle o nne le seabe ka botlalo monongwaga? Diphuthego di kgothalediwa go romela diotara tsa tsone tse di kgethegileng tsa dimakasine ka bonako jo bo ka kgonegang.
◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Fa lo founela kwa Mokgatlhong, tsweetswee gakologelwang dintlha tseno: (1) Kwantle fela ga mo maemong a tshoganetso kgotsa sengwe se se batlegang ka bonako, fa lo founela maloko a lelapa la Bethele ka dilo tsa lona fela ka namana, founang morago ga tiro ka gonne difouno tsa rona di tshwarega thata motshegare. (2) Fa o founa o botsa sengwe kgotsa o na le bothata bongwe, tsweetswee tlhalosa sentle gore o founa o le kae le kgang e o batlang go bua ka yone. Bakaulengwe go akaretsa le bagolwane, ba se ka ba kopa gore ba bue le mokaulengwe mongwe yo o rileng ba mmitsa ka leina ka gonne a ka nna a bo a abetswe go bereka kwa lefapheng le lengwe kana a se teng go thusa. Motshwaramegala o tla go isa ka tlhamalalo kwa lefapheng le o le batlang. Tsweetswee lekang go bua ka bokhutshwane fa lo founne gore lo boloke nako e e botlhokwa. (3) Fa o na le bothata jo bo go amang ka namana, tsweetswee bo bolelele bagolwane pele, pele ga o founela Mokgatlho. Bagolwane ke bone ba ka kgonang go go rarabololela dipotso kana mathata botoka. Kwantle fela ga fa e le mo dilong tse di tlhokegang ka potlako, re kgothaletsa bakaulengwe BOTLHE, go akaretsa le bagolwane, gore bogolo ba kwale lekwalo ba tlhalosa bothata sentle. Re tla leka go tsibogela kgang eo ka bonako. (Tsweetswee bonang Letlole la Dipotso go Tirelo ya Rona ya Bogosi, ya December 1992, tsebe 5.)
Dikgatiso Tse Disha Tse Di Gone:
Seesemane: Watch Tower Publications Index 1991-1992 (phuthego le batho botlhe: R2,50; babulatsela: R1,50). Segerika: New World Translation of the Christian Greek Scriptures (phuthego le batho botlhe: R4,50; babulatsela: R3,00). Sepotokisi: Dibolumu tsa Watchtower tse di gatisitsweng sesha tsa go tloga ka 1974-77 (phuthego, batho botlhe le babulatsela: R18,00). Sevenda: Elementary Bible Teachings. Ke bukana ya ditsebe di le 64 e e nang le dipotso tsa kolobetso tse di tswang mo bukeng ya Bodihedi Jwa Rona. E tshwanetse go newa fela baboledi ba ba kolobeditsweng le ba ba iseng ba kolobediwe. (Phuthego, batho botlhe le babulatsela: disente tse 45).