LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/94 ts. 2-3
  • Dipokano Tsa Tirelo KA January

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo KA January
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Ditlhogwana
  • Beke E E Simololang ka January 3
  • Beke E E Simololang ka January 10
  • Beke E E Simololang ka January 17
  • Beke E E Simololang ka January 24
  • Beke E E Simololang ka January 31
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 1/94 ts. 2-3

Dipokano Tsa Tirelo ka January

Beke E E Simololang ka January 3

Pina 101

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikgang tsa Puso ya Modimo. Ka bokhutshwanyane fela gatelela dintlha dingwe tse di mo dimakasineng tsa bosheng tse di ka kgatlhang thata batho ba tshimo ya lefelo la lona.

15 mets: Isagwe ya Lefatshe Ke E E Ntseng Jang? Go tswa mo bukeng ya Go Fetolana, ditsebe 223-6. (5 mets.) Puo e e akaretsang dintlha tsa ditlhogwana tse di simololang mo go tsebe 224 mme e akaretsa dintlha go ya go fitlha ka tse di mo tsebeng ya 225. (7 mets.) Mmoledi yo mosha le mmoledi yo o godileng yo o nang le maitemogelo ba tlotla ka tshedimosetso e e mo ditsebeng 225-6. Balosika ba mmoledi yono yo mosha ba e seng basupi ba ile ba ngangisana le ene ba bolela gore Bibela e tlhalosa gore lefatshe le tlile go senngwa. Mmoledi yo mosha o kopa mmoledi yono yo o nang le maitemogelo gore a mo tlhalosetse gore Bibela e kaya eng fa e bua ka lefatshe. (3 mets.) Konela ka go sekaseka potso e e reng: Modimo o tla naya batho ba ba ntseng jang botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng? Kgothaletsa botlhe gore ba iteke ka natla go tshwanelegela tshiamelo eno e e molemolemo.

20 mets: “Go Thusa Batho Ba Bangwe go Bona Botlhokwa jwa Buka ya Matsapa A A Tserweng Ke Motho go Batla Modimo.” Tlotla le phuthego ka setlhogo seno. Dira dipontsho tse di khutshwanyane morago ga go sekaseka dirapa 3 le 4.

Pina 116 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka January 10

Pina 147

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tshwanetseng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

20 mets: “Go Boela Batho Gore Ba Nne le Kanaanelo.” Motlotlo le Bareetsi. Dira pontsho ya go boela kwa mothong yo o neng a tsaya buka ya Matsapa A A Tserweng Ke Motho go Batla Modimo, go dirisiwa dikakantsho tse di mo dirapeng 3 le 4.

15 mets: Baakanyetsa Bana ba Gago Ngwaga O Mosha wa Sekolo. Puo ka mogolwane, e tswa mo boroutšhareng ya Sekolo, ditsebe 3, 30, le 31. Thusa batsadi gore ba lemoge botlhokwa jwa go baakanyetsa bana ba bone dikgwetlho tse ba tla rakanang le tsone kwa sekolong. Thusa batsadi go lemoga gore go botlhokwa go le kana kang gore ba tlwaelane le barutabana ba bana ba bone. Go begwa gore batsadi bangwe ga ba ise ba bone botlhokwa jwa go kopa gore bana ba bone ba se ka ba akarediwa mo dithutong tsa bodumedi fa e le gore molao o letlelela seo. Fa go ntse jalo, go botlhokwa gore o ye ka namana kwa go mogokgo mme o ye o tshotse kopo e e kwadilweng ya gore ngwana wa gago a se ka a akarediwa mo go seo. Dira pontsho e khutshwane e e baakantsweng sentle ya motsadi a tlotla le morutabana ka dintlha tsa tsebe 3 ya boroutšhara ya Sekolo. Motsadi o konela ka go abela morutabana boroutšhara ya Sekolo.

Pina 154 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka January 17

Pina 167

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le pego ya tsa madi. Itsise gape ka meneelo e e ntshitsweng. Leboga baboledi ka ntlha ya go bo ba ema ditiro tsa Mokgatlho le tsa phuthego nokeng ka tsa madi.

20 mets: “Go Bereka Tshimo E E Dirwang Gangwe le Gape.” Se akarediwa ke molebedi wa tshimo ka motlotlo wa dipotso le dikarabo. Mo diphuthegong tse di berekang tshimo ya tsone gangwe le gape, dirang pontsho go dirisiwa nngwe ya diketapele tsa buka ya Go Fetolana tse go buiwang ka tsone mo serapeng 4 le 5 gape le ketapele e nngwe e e maleba go tswa mo serapeng 6 le 7 kgotsa lo ka baakanyetsa nngwe fela e e ka tshwanelang tshimo ya lona thata. Diphuthego tse di sa berekeng tshimo ya tsone gangwe le gape, di dirise diketapele tse dingwe tse di tshwanetseng tse di mo bukeng ya Go Fetolana mo dipontshong tseno. Dipontsho tseno di ipaakanyediwe sentle.

15 mets: A O Ipaakanyeditse go Lebana le Maemo a tsa Kalafi A A Ka Gwetlhang Tumelo ya Gago? Puo e e amang maikutlo ka mogolwane yo o nang le bokgoni e e tla thusang bakaulengwe go lemoga kafa karata ya Advance Medical Directive/Release e ka sireletsang motho ka teng, a dirisa dintlha tse di mo dirapeng 1-3 tsa tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1992. Dira gore go abelwe fela baboledi ba ba kolobeditsweng dikarata tseno, mme morago o sekaseke lokwalo lwa October 15, 1992 le le buang ka ditaelo tsa go tlatsa dikarata tseno. Gakolola bakaulengwe gore BA SE KA ba tlatsa dikarata gone jaanong mme ba ye ka tsone kwa gae ba fitlhe ba sekaseke dilo tse ba ka di tlhokang ka thapelo mme morago ba di tlatse. Mme BA SE KA BA SAENA dikarata ka nako eo. Ba tle ka dikarata tseo kwa Thutong ya Buka ya Phuthego e e tla latelang koo bagolwane ba tla fitlhang ba tlhokomela gore a dikarata tseo di saenilwe, go kwadilwe basupi mo go tsone e bile di na le matlha. Motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego o tla dirisa lenaane la bosheng la batho ba setlhopha sa gagwe go bona gore botlhe ba di tladitse. (Batsadi ba ba kolobeditsweng ba ka thusiwa go tlatsa dikarata tsa Identity Card tsa bana ba bone.) Motho ope fela yo o tla bong a seyo kwa thutong eo ya buka a ka thusiwa ke batshwari ba dithuto/bagolwane kwa Pokanong ya Tirelo e e tla latelang, go fitlha dikarata tsotlhe tsa baboledi ba ba kolobeditsweng di tladitswe le go saeniwa ka tshwanelo. Bagolwane ba tshwanetse go nna le lenaane la batho botlhe ba ba iseng ba dire jalo mme ba leke go feleletsa dikarata tsotlhe ka bonako jo bo ka kgonegang.

Pina 176 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka January 24

Pina 178

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kgothaletsa botlhe go nna le seabe mo tirelong ya tshimo mo bekeng eno. Itsese dithulaganyo tsa tshimo tsa phuthego ya lona. Gakolola batho bape fela ba ba iseng ba tlatse dikarata tsa bone tsa Advance Medical Directive/Release go dira jalo gompieno ka go ikopanya le motshwari wa bone wa Thuto ya Buka ya Phuthego kgotsa mongwe fela wa bagolwane.

15 mets: Tiro ya Tshimo ya Phuthego. Molebedi wa tshimo le mogolwane yo mongwe ba boeletsa tiro ya phuthego ya dikgwedi tse nne tse di fetileng. Go setse go fetile nngwetharong ya malatsi a ngwaga wa tirelo (September-December). Phuthego e dira jang? Akgola phuthego ka bopeloephepa mo dilong tse e dirang sentle mo go tsone. Gape umaka dilo tse phuthego e ka tokafatsang mo go tsone, mme o ba nee dikakantsho tse di ka ba thusang. Akaretsa boitemogelo bo le bongwe kana a mabedi a mo tshimong a dikgwedi tsa ntlha tse nne tsa ngwaga wa tirelo. Konela ka dikakgelo tse di molemo tse di agang. Jesu o ne a itumedisiwa ke go dira bodihedi jwa gagwe. Le rona re ka itumedisiwa thata ke fa re tshwarega thata mo tirong e Jehofa a e re neileng.—Yoh. 4:34; 1 Bakor. 15:58.

25 mets: Motlotlo o o tswang mo setlhogong se se reng “Bogagapa Bo Ka Nna Diphatsa,” sa Tora ya Tebelo ya July 1, 1985, tsebe 24-8. Ka ntlha ya mathata a maemo a ikonomi mo nageng ya rona motho a ka raelesega go tsenela maano a go bona khumo ka bonako, le go batla go tsenya bakaulengwe ba rona ba Bakeresete. Umaka dikai tse go buiwang ka tsone mo ditsebeng 27 le 28 malebang le go rekisa mo go tlhamaletseng ga mefutafuta, ditlamo tsa go itsadisetsa madi, le ditsamaiso tsa diinshorense tsa go huma ka bonako. Lefa bontsi jwa ditsamaiso tseno di ka tswa di sa thulane le molao, re tshwanetse go ipotsa jaana: A re simolola kgwebo ka maikaelelo a gore bakaulengwe ba rona ba ba ikanyegang ba Bakeresete e nne bone ba re bapalang mo go bone? A re bereka ka natla go tlhagisa ditirelo tsa rona tsa kgwebo kana go tlhagisa dilo tse re di rekisang, kgotsa a re dirisa bakaulengwe ba rona ka bogagapa gore re bone madi ka bonako? (Bona Tora ya Tebelo ya August 1, 1993, tsebe 12, serapa 11.) Dira boikuelo mo bakaulengweng o dirisa dikwalo tse di mo setlhogong seno gore ba ele tlhoko gore ba se ka ba iphitlhela ba wetse mo seraing seno se se kotsi sa go gagapela madi.

Pina 179 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka January 31

Pina 186

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kgothaletsa botlhe go simolola dilo go sa le gale mo bodiheding jwa tshimo ka go nna le seabe mo mafelobekeng ano. O ka nna wa tlhagisa dikakantsho tse di ka thusang mo go tsamaiseng dimakasine tsa bosheng.

10 mets: Tsamaisa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise Ka Ntlo le Ntlo. Puo e khutshwane e e neelwang ka matlhagatlhaga e e tlhagisang mabaka a mmatota a a bontshang fa buka eno e na le mosola mo go thuseng batho go itse Jehofa le go mo obamela. Dira pontsho e e bontshang kafa baboledi ba ka dirisang dikakantsho tse di mo tokololong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ka teng fa ba ipaakanyetsa go dirisa buka eno mo tirelong ya tshimo.

20 mets: “Go Nna Gone kwa Dipokanong—Boikarabelo Jo Bo Masisi.” Se sekasekwa ka dipotso le dikarabo. Malebang le serapa 2, botsolotsa baboledi ba ba neng ba tshwanelwa ke go fenya dikgoreletsi dingwe e le gore ba nne gone ka metlha mo dipokanong.

10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e di tlhokang. Kgotsa puo ka mogolwane, e e tswang mo setlhogong se se reng, “Nna Le Pono E E Siameng ka Boutlwelobotlhoko jwa Modimo” sa Tora ya Tebelo ya October 1, 1993, ditsebe 22-5.

Pina 188 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela