LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/94 ts. 1-3
  • Go Nna Gone kwa Dipokanong—Boikarabelo jo bo Masisi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna Gone kwa Dipokanong—Boikarabelo jo bo Masisi
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nna Gone Kwa Dipokanong ka Metlha ke Selo se se Tlang Pele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Dipokano Tse di ‘Tlhotlheletsang mo Loratong le mo Ditirong Tse di Molemo’
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Tlhomamisa Gore Dilo Tsa Pele di Tle Pele!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Dipokano Tsa Basupi ba ga Jehofa Di ka Go Thusa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 1/94 ts. 1-3

Go Nna Gone kwa Dipokanong—Boikarabelo jo bo Masisi

1 O tsaya go nna teng mo dipokanong go le masisi go le kana kang? Potso eno e gwetlha tota, a ga go jalo? Ga go belaetse gore bontsi jwa rona re ikutlwa re anaanela dipokano. Lefa go ntse jalo, dipego di bontsha gore mo diphuthegong di le dintsi palo ya bao ba nnang gone mo dipokanong e wetse kwa tlase tota. Seno se ka tswa se bakwa ke eng? A bangwe ba rona re letla gore go ya go bereka tiro ya boitshediso go sa tlhokege, letsapa, tiro ya mo gae, go sa ikutlwe sentle go go sa reng sepe, kgotsa maemo a bosa a e keteng ga a mantle, go re kgoreletsa go diragatsa maikarabelo a rona a go nna gone ka metlha kwa dipokanong? (Dute. 31:12) E re ka Dikwalo e le tsone di batlang re dira jalo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go sekaseka ka thapelo potso e e reng, Ke tsaya go nna gone kwa dipokanong masisi go le kana kang?

2 Bakaulengwe bangwe ba rona ba tshwanelwa ke go tsamaya ka dinao diuraura le go kgabaganya dinoka tse di nang le dikwena e le fela gore ba nne gone kwa dipokanong. Go ka nna ga bo go na le batho bangwe mo phuthegong ya lona “ba ba sekeng ba tlhoka go nna gone” mo dipokanong lefa ba na le mathata a botsogo, ba sa itekanela mo mmeleng, ba na le namane e tona ya tiro kwa ba berekang teng, kgotsa tiro ya sekolo e e batlang go le gontsi. (Luke 2:37) Ke eng fa ba iteka thata jaana gore ba nne gone? Ke ka gonne ba itse gore ba ka se kgone go fenya dikgwetlho tsa lefatshe leno le le tletseng mathata ka bobone. Ba tshwanelwa ke go ikaega ka nonofo e Modimo o e ba nayang.—2 Bakor. 12:9, 10.

3 Gompieno re latela sekao se Bakeresete ba pele ba se re beetseng, bao ba neng ba phuthega go rapela mmogo, ba bolelelana maitemogelo le go ithuta Lefoko la Modimo. (Dit. 4:23-30; 11:4-18; Bakol. 4:16) Re rutiwa boperofeti jwa Bibela le dithuto tsa yone tsa motheo, maitseo a bomodimo le maitsholo a Bokeresete mmogo le kgakololo e e mo nakong gore re tokafatse matshelo a rona gone jaanong ka go dirisa melaometheo ya Dikwalo ka kelotlhoko. (1 Tim. 4:8) Mo godimo ga moo, re gakololwa tsholofelo ya rona ya gore letsatsi lengwe mathata le go boga go tla bo go fedile. Go botlhokwa gore re nne re ntse re na le tsholofelo eno.—Baheb. 6:19.

4 Lelapa la gago le tsaya go nna gone kwa dipokanong e le selo se se botlhokwa go le kana kang? A le gone, fela jaaka nako ya lona ya dijo kana ya tiro ya boitshediso, ke selo se lo se dirang ka metlha? A fa e le maitseboa a dipokano lo tlhola lo ngangisana gore a lo tla ya dipokanong kgotsa ga lo ne lo ya, kana a mo lelapeng la lona go kopana ka metlha le bakaulengwe ba lona ke selo se lo tlamegang go se dira? Baboledi ba le bantsi ba gopola sekao se ba neng ba se tlhomelwa ke batsadi ba bone ba ba neng ba ineetse ka nako ya fa ba santse ba gola. Mogolwane mongwe o ne a gakologelwa jaana ka lorato, “Selo sengwe se Rre a neng a se rata e ne e le go tlhomamisa gore lelapa lotlhe le ya dipokanong. Fa mongwe a ne a lwala, mongwe o ne a sala le ene mo gae mme ba bangwe botlhe ba ne ba ya dipokanong!”

5 Mo ditokololong tse di latelang tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi re tla tlotla ka botlhokwa jwa pokano nngwe le nngwe ya phuthego ka maikaelelo a gore go re thuse gore re anaanele dilo tseno tsa semoya tse re tlamelwang ka tsone. Fa o ka leka gore o nne gone ka metlha mo dipokanong, re solofela gore ditlhogo tseno di tla go thusa gore o bone gore o ntse o tlolwa ke eng. Di tla akaretsa dikgakololo tse di tla thusang ba ba tshwarang dipokano, le dikakantsho tse rotlhe re ka di dirisang fa re di ipaakanyetsa le go nna le seabe mo go tsone. Ke ka ntlha yang fa lo sa nne fa fatshe jaaka lelapa mme lo sekaseke ka thapelo gore lo nna gone kwa dipokanong ka selekanyo se se kana kang? Mme lo bo lo dira dipaakanyo dipe fela tse di tlhokegang mo thulaganyong ya lona. Go nna gone ka metlha kwa dipokanong ke selo se se botlhokwatlhokwa se puso ya Modimo e se dirisang go re ruta mme ruri re tshwanetse go go tsaya e le selo se se masisi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela