Go Boela Batho Gore Ba Nne Le Kanaanelo
1 Maeto a go boela a a dirwang ka botswerere a tlhotlheletsa le go akofisa go gola ga mong wa ntlo kgato ka kgato go fitlha a nna modumedi. Dingwe tsa dikakantsho tse di thusang tse o tshwanetseng go di gopola fa o boela gape kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego ke dife?
2 Santlhantlha, ipaakanyetse sentle. Seno se simolola mo loetong lwa ntlha. Jang? Ka go boloka rekoto e e tlhomameng ya batho ba ba ileng ba supa fa ba kgatlhega. Kwala leina la mong wa ntlo, se lo neng lo tlotla ka sone, tsela e a ileng a tsibogela seo ka yone, le kgatiso epe e o ileng wa e mo neela. Go tswa foo o tlhatlhobe pego ya gago ya ntlo le ntlo pele o boela, mme o akanyetse ka thapelo se o tla fitlhang o se bua.
3 Jaanong o eme sentle. O tla bua eng? Fa e le gore mo loetong lwa ntlha o ne wa tlogela mong wa ntlo o mmoditse potso, jaanong o ka nna wa simolola ka yone kgang eo. Ka sekai, mo loetong lwa ntlha, morago ga go bontsha mong wa ntlo serapa 12 tsebe 8 mo bukeng ya Matsapa A A Tserweng Ke Motho go Batla Modimo o ka nna wa mmotsa gore, “Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go sekaseka bodumedi jwa gago?”
Fa o boela, morago ga go ikitsise o ka nna wa re:
◼ “Maloba fa re ne re tlotla re ne ra botsa gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra batla go sekaseka bodumedi jwa rona. A o ile wa akanya sengwe gape ka kgang eno? [Letla gore a arabe.] A o akanya gore Modimo o amogela bodumedi bongwe le bongwe? [Letla gore a arabe.]” Sekaseka ditshwantsho tse di mo tsebeng ya 11 le 13 mo bukeng ya Matsapa A A Tserweng Ke Motho go Batla Modimo. Morago ga go akgela ka ditshwantsho tseno o ka nna gape wa akgela ka dintlha tse di mo bokosaneng e e mo tsebeng ya 14. Mo tlhalosetse gore re tlotla tsela ya bodumedi ya batho ba bangwe mme lefa go ntse jalo, re batla gape go tlhomamisa gore re obamela Modimo ka tsela e a e amogelang. Gore o tle o kgone go mmoela gape, o ka nna wa botsa nngwe ya dipotso tse di mo tsebeng ya 17 kana 18 mme o bo o mo solofetsa gore o tla mmoela gape go tla go araba potso eo.
4 Fa e le gore mo loetong lwa gago lwa ntlha o ile wa tlotla ka ditsela tsa go tlhaola bodumedi jwa boammaaruri mme o mo tlogeletse buka ya Matsapa A A Tserweng Ke Motho go Batla Modimo, potso e e molemo e o ka thayang loeto lwa go boela mo go yone e ka nna e e reng: “Go tlile jang gore go nne le madumedi a mantsi jaana?” Fa o boela o ka bua ka dintlha tse di rileng tse di mo kgaolong ya 2 ya buka eo.
5 Kgakololo ke e. Ela tlhoko dipotso tse o di botsang fa o boela. Dipotso tse di jaaka, “A o badile kgatiso e ke neng ka e go tlogelela?” kana “A o santse o nkgakologelwa?” kana “A o santse o gopola se re neng ra bua ka sone maloba fa ke ne ke tlile fa?” di tsenya mong wa ntlo mo tsietsing. Dipotso tse di ntseng jalo gantsi ga di tlhagise matswela ape a a molemo. Go na le moo, nna botsalano, o fetofetoge le maemo, mme o nne mafokomakhutshwane. Dilo tseno di tla nonotsha molaetsa.
6 Re ka dirisa dilo tseno le ditsela tse dingwe tsa go simolola go bua go dira gore dipelo tsa batho ba ba kgatlhegang di nne le kanaanelo. Ke eng fa o sa ipeele mokgele wa gago ka namana gore beke nngwe le nngwe bogolo o tla dira loeto lwa go boela le le lengwe? Dirisa dikakantsho tseno tse di thusang tse re buileng ka tsone fa godimo, mme kopa mmoledi mongwe yo o nang le maitemogelo gore a go thuse. O tla bona boitumelo jo bogolo fa o ntse o godisa kgatlhego e o e boneng mo bathong mo loetong lwa gago lwa ntlha ka go dira maeto a go boela ka botswerere.