LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/94 ts. 2
  • Letlole la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letlole la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ema Ditiro Tsa Bogosi Nokeng mo Lefelong la Lona le mo Lefatsheng Lotlhe
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • A re Bolokeng Lefelo la Rona la Kobamelo Le le Mo Boemong jo Bontle
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Dithulaganyo Tsa Mafelo a Kobamelo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Seabe Seo O Nang le Sone mo go Ageleng Isagwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 2/94 ts. 2

Letlole la Dipotso

◼ Go latelwa dikgato dife fa go dirwa maitlamo mangwe mo phuthegong?

Go a tlhokega gore go dirwe maitlamo fa e le gore go na le dilo dingwe tse di botlhokwa tse go tshwanetseng ga dirwa ditshwetso mo go tsone, tse di jaaka, go reka thoto nngwe, fa go tlhabololwa kana go agiwa Holo ya Bogosi, go romelelwa Mokgatlho meneelo e e kgethegileng, kana go thusiwa molebedi wa potologo mo ditshenyegelong tsa gagwe. Gantsi go molemo gore nako le nako fa go dirisiwa madi a phuthego go dirwe maitlamo go fitlhelela tumalano.

Pharologano e tla nna fela mo kgannyeng ya fa e le gore phuthego e dirile tshwetso gangwe fela gore e tla ne e ntse e ntsha moneelo wa selekanyo se se rileng kgwedi le kgwedi o o yang kwa Mokgatlhong mmogo le moneelo ope fela o batho ka namana ba ntseng ba o ntshetsa tiro ya go rera lefatshe ka bophara. Gape, ditshenyegelo tsa gale le gale tsa Holo ya Bogosi tse di jaaka didirisiwa le dilo tsa go phepafatsa, ga di tlhoke gore go dirwe maitlamo a a ntseng jalo.

Fa go tlhokega gore seno se dirwe, setlhopha sa bagolwane se tshwanetse go buisana ka kgang eo ka tlhoafalo. Fa bontsi jwa batho bo dumelana gore sengwe se tshwanetse go dirwa, mongwe wa bagolwane, gongwe leloko la Komiti ya Tirelo ya Phuthego, o tshwanetse a rulaganye maitlamo a a kwadilweng gore a tle go bolelwa mo Pokanong ya Tirelo.

Mogolwane yo e tla bong e le modulasetulo o tshwanetse gore a tlhalose ka bokhutshwane mme e le ka tsela e e phepafetseng gore ke eng se se tlhokegang le gore setlhopha sa bagolwane se akantsha gore go dirwe seno jang. Go tswa foo phuthego e newa sebaka sa go botsa dipotso tse di maleba. Fa e le gore kgang e raraane, go ka nna molemo gore lo name lo iketlile go sekae go dira tlhopho go fitlhelela ka Pokano e e latelang ya Tirelo e le gore mongwe le mongwe a nne le sebaka sa go akanya ka yone. Tlhopho e dirwa ka tsela ya go tsholetsa diatla.

Go tlhopha fela maloko a phuthego a a ineetseng e bile a kolobeditswe kwantle fela ga fa molao o batla gore go dirwe ka tsela e sele, jaaka fa go ka direga mo dilong tse di amanang le merero ya setlamo kana dikadimo tsa madi a Holo ya Bogosi. Baeng ba ba tswang kwa diphuthegong tse dingwe ga ba a tshwanela go nna le seabe.

Fa go sena go dumalanwa ka maitlamo ano, a bewe letlha, a saeniwe le go tsenngwa mo faeleng ya phuthego.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela