“Lo Tla Ilwa ke Merahe Eotlhe”
1 Mo dingwageng tsa bosheng jaana rotlhe re ile ra itumedisiwa ke go utlwa dipego tse di itumedisang kaga masego a magolo a batho ba ga Jehofa ba ileng ba nna le one lefatshe ka bophara. Re ile ra itumedisiwa thata ke fa tiro e ne e letlelelwa semmuso kwa Malawi morago ga go gatelelwa dingwaga di le 26 ka tsela e e setlhogo. Re ne ra ritibadiwa maikutlo ke go bona puso ya Bokomonisi e e sa reng sepe ka Modimo e phutlhama kwa Yuropa Botlhaba mo go neng ga dira gore bakaulengwe ba rona ba le diketekete ba gololesege ka mmatota mo pusong ya jone e e gatelelang. Re ne ra tshwara pelo ka letsogo fa kgololesego ya rona ya kobamelo e ne e gwetlhiwa kwa Greece; re ne ra ipela thata fa re ne re fenya kgetsi eo ka phenyo e kgolo kwa kgotlatshekelokgolo ya kwa Yuropa. Re ile ra itumedisiwa ke go utlwa dipego kaga koketsego e e seng kana ka sepe kwa makaleng a Mokgatlho e e ileng ya dira gore go tlhagisiwe dibuka ka dipalo tse dintsintsi go thusa batho ba ba batlang boammaaruri. Re ne ra itumedisiwa thata ke go utlwa gore go ne ga kolobediwa batho ba ba fetang 7 400 kwa kopanong ya kwa Kiev, Ukraine. Ee, kgatelopele eno mo tirong ya Bogosi e ile ya re itumedisa thata!
2 Le mororo seno se re itumedisa thata jalo, re tshwanetse go ela tlhoko gore re se ka ra itumela go feta selekanyo. Dipego tse dintsi tse di itumedisang di ka nna tsa dira gore re akanye gore go ganediwa ga mafoko a a molemo go a ngotlega le gore batho ba ga Jehofa ba simolola go ratiwa lefatshe ka bophara. Kakanyo e e ntseng jalo e ka tsietsa. Le mororo re ile ra bona diphenyo tse dikgolo le go atlega ka selekanyo se se rileng go fokotsa dikgoreletsi tsa mafoko a a molemo mo dinageng dingwe, ga re a tshwanela go lebala gore tsela ya konokono e lefatshe le re lebang ka yone ga e fetoge. ‘Ga re ba lefatshe,’ ka re le balatedi ba ga Jesu. Ka gone, ga re na pelaelo ya gore re tla “ilwa ke merahe eotlhe.” (Yoh. 15:19; Math. 24:9) Fa fela tsamaiso eno e santse e le gone, molao ono wa gore “botlhe ba ba ratañ go tshela ka poihōmodimo mo go Keresete Yesu ba tla bōna pogishō,” ga o kitla o fetoga.—2 Tim. 3:12.
3 Ditiragalo di supa fa tlhagiso eno e le boammaaruri. E ne ya re fa Jesu, Mosimolodi wa Bokeresete, a ntse a neela bosupi jo bo molemo fa pele ga babusi ba bagolo le babusiwa ba bone, o ne a fetsa letsatsi a gobololwa e bile a lebanwe ke kotsi ya go bolawa. Le mororo baaposetoloi ba gagwe ba ile ba thusa batho ba le bantsi go nna barutwa, ba nna le seabe mo go kwalweng ga Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, le go dirisa mpho ya moya go dira dikgakgamatso tse di kgatlhang, le bone ba ne ba tlhoiwa le go tshwarwa makgwakgwa fela jalo. Go sa kgathalesege boitshwaro jwa bone jo bontle le go rata baagisani, bontsi jwa batho bo ne bo leba Bakeresete e le “lekōkō” le le tenang le le neng le ‘nyadiwa gongwe le gongwe.’ (Dit. 28:22) Lefa gompieno Jehofa a ile a dirisa phuthego ya Bokeresete ya lefatshe lotlhe ka tsela e e itumedisang go diragatsa maikaelelo a gagwe, e ntse e ganediwa le go buiwa bosula ke karolo nngwe le nngwe ya tsamaiso eno e e bosula ya dilo. Ga go na lebaka le le ka re dirang gore re akanye gore kganetso eno e tla kgaotsa.
4 Mo lekgolong lantlha la dingwaga, Satane o ne a bogisa barutwa ba ga Jesu ka ditsela tse di farologaneng. Baganetsi ba bone ba ba letlhoo ba ne ba bua maaka a matala ka bone ba ba senya leina. (Dit. 14:2) Ba ne ba a tle ba ba tshosetse thata ka maikaelelo a gore ba ba boifise. (Dit. 4:17, 18) Digopa tsa batho tse di shakgetseng di ne di leka go ba didimatsa. (Dit. 19:29-34) Ba ne ba tsenngwa mo dikgolegelong ba sa dira sepe. (Dit. 12:4, 5) Babogisi ba bone ka dinako tse dingwe ba ne ba dirisa tirisodikgoka ya mmatota. (Dit. 14:19) Ka dinako tse dingwe bangwe ba bone ba ne ba bolawa ka bomo ba ntse ba sena molato. (Dit. 7:54-60) Moaposetoloi Paulo o ne ka namana a itshokela mo e ka nnang mekgwa eno yotlhe ya go sotlwa. (2 Bakor. 11:23-27) Baganetsi ba ne ba le bonako go dirisa sebaka sengwe le sengwe go kgoreletsa mafoko a a molemo le go bogisa badiri bano ba ba ikanyegang.
5 Le gompieno Satane o dirisa maano a a ntseng jalo. Go ile ga nna ga buiwa maaka a matala ka rona re bidiwa gore re setlhotshwana kana lekoko le le latlhegileng. Kwa dinageng dingwe, balaodi ba ile ba kaya fa dibuka tsa rona e le tse di timetsang mme ba di kganela. Re ile ra sotliwa le go gwetlhiwa phatlalatsa ka ntlha ya tsela e re lebang boitshepo jwa madi ka yone. Ka bo1940, digopa tse di neng di shakgetse ka ntlha ya go bo re gana go dumedisa folaga di ne tsa tlhasela bakaulengwe ba rona, tsa ba gobatsa, tsa ba tsa senya le ditsabone. Diketekete di ile tsa latlhelwa mo kgolegelong ka ntlha ya kgang ya boitlhaodi. Mo dinageng tse di busiwang ke babusaesi, bakaulengwe ba rona ba ile ba patelediwa gore ke batsoulodi, mo go neng ga dira gore makgolokgolo a bone a itewe botlhoko le go bolawa mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa pogisetso. Maemo ga a ise a nne botoka, mo go bontshang sentle gore re ilwa ke merafe yotlhe re ntse re se molato.—Bona buka ya Baboledi, kgaolo 29.
6 Ke Eng Se Re Ka Se Solofelang Mo Isagweng? Le mororo e ka nna ya re nako nngwe dilo tsa tokafalela batho ba ga Jehofa mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, gone maemo ka kakaretso ga a fetoge. Diabolo o santse a shakgetse ka ntlha ya go bo a ile a piriganngwa ka 1914. O a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane. O tla galefa le go feta jaaka re ntse re atamela sepitla se segolo. O ikaeletse go tlhabantsha Kgosi e e tlhomilweng Keresete Jesu, mme o ititeile sehuba gore o tla lwa go fitlha kwa bokhutlong. Ene le badimona ba gagwe ba galefela fela batho ba ga Jehofa “ba ba ntseñ ba bolokile ditaolō tsa Modimo, ba dumetse chupō ea ga Yesu” ka boikanyegi mono lefatsheng.—Tshen. 12:12, 17.
7 Ka jalo, jaaka fa re letetse go bona gore go tla direga eng mo isagweng, re tshwanetse go leba dilo ka tshwanelo. Ga go na lebaka le le re dirang gore re akanye gore Diabolo o tla boa ka morago kana go ineela. Letlhoo le a le jetseng mo lefatsheng leno le ka nna la runya nako nngwe le nngwe, le gongwe le gongwe. Mo dinageng di le dintsi re ile ra nna le kgololesego ya go rera fela morago ga go kgaratlha lobaka lo loleele. Kgololesego eo e ka nna ya re tswa dinaleng nako nngwe le nngwe, ka e tshegeditswe fela ke babusi bangwe ba ba pelotlhomogi ba ba busang jaanong kana ke melao mengwe e e sa rategeng thata. Mathata a ka nna a runya nako nngwe le nngwe, a lere tlhakatlhakano le go re amoga ditshwanelo tsa rona ka tsela e e setlhogo.
8 Katlego le kgololesego e re nang le yone gone jaanong mo dinageng dingwe e ka nna ya fela ka tshoganetso, mme bakaulengwe ba rona ba bo ba gobololwa gape jaaka mo nakong e e fetileng. Le ka motlha re se ka ra itetla go nna le moya wa go sa tshwenyege ka sepe, re akanya gore baba ba rona ba kgwabofetse. Tsela e lefatshe leno le re ilang ka yone e ka nna ya se ka ya itemotsha, mme gone le re ila tota. Gongwe le gongwe Lefoko la Modimo le bontsha gore fa re ntse re atamela bokhutlo, tsela e lefatshe le re ganetsang ka yone e tla oketsega go na le gore e fokotsege. Ka jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko, re bontshe gore re “botlhale yaka dinōga, le buri yaka maphoi.” (Math. 10:16) Re tshwanetse go itse gore re tla lebana le “ntwa e thata” go fitlha kwa bokhutlong, mme re ka kgona go falola fa fela re itshoka.—Yude 3, NW; Math. 24:13.
9 Mo nageng e re nnang mo go yone, tiro e ka nna ya bo e gatela pele sentle go sena tsela epe e go lemotshegang gore baganetsi ba a e thibela. Seno se ka nna sa re dira gore re se ka ra akanya gore go ka nna le sengwe se se ka re tshwenyang. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko. Maemo a ka nna a fetoga ka bonako. Re ka nna ra iphitlhela fela re latofadiwa ke baganetsi ka dilo dingwe. Batenegi ga ba ke ba ipona tsapa go batla dilo tse ba ka re supang ka monwana ka tsone. Baruti ba ba galefisiwang ke tiro ya rona ba ka nna ba re latofatsa phatlalatsa. Dithulaganyo tsa go aga Holo ya Bogosi mo lefelong la rona di ka nna tsa dira gore kgang e tsoge kgatlhanong le rona mme seno sa tena baagisani botlhe ba rona. Go ka nna ga kwalwa sengwe se se ka dirang gore re lebege re le batho ba ba bosula. Batho bangwe ba ba itsegeng thata mo lefelong la rona ba ka nna ba bua bosula ka rona ka bomo, ba dira gore baagisani ba re tshware makgwakgwa fa re ba etela. Tota le bamalapa a rona ba re ba ratang ba ka nna ba re ngalela le go re bogisa. Ka gone, re tshwanetse go nna kelotlhoko, re itse gore lefatshe le re ila tota, mme letlhoo leo le ka runya nako nngwe le nngwe.
10 Seno Se Tshwanetse Go Re Ama Jang? Ke ka lebaka le le utlwalang go bo dilo tseno di ama tsela e re akanyang ka yone le e re lebang isagwe ka yone. Jang? A seno se tshwanetse go re tlhobaetsa, re boifa dilo tse di ka nnang tsa re tlhagela? A re tshwanetse go dira tiro ya rona ya go rera ka go itsemeletsa fela ka gonne e tena batho bangwe mo motseng wa rona? A go na le lebaka le le utlwalang le le ka re dirang gore re kgoberege maikutlo fa re pegwa ditatofatso tsa maaka? A go tshwarwa makgwakgwa go ka re amoga boitumelo jwa go direla Jehofa kwantle ga go tilwa? A ga re tlhomamisege ka ditlamorago tsa gone? Nnyaa, le eseng! Ka ntlha yang?
11 Ga re a tshwanela go lebala gore molaetsa o re o bolelang ga se wa rona ke wa ga Jehofa. (Yer. 1:9) Re patelesega go sekegela kgothatso eno tsebe: “Bitsañ leina ya gagwè, kakanyañ ditihōtihō tsa gagwè mo dichabeñ, . . . mo lehatshiñ yeotlhe.” (Isa. 12:4, 5) O na le lebaka le le mo dirang gore a tlogelele batho ba gagwe gore ba bogisiwe, e leng, ‘gore leina la gagwe le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.’ (Ekes. 9:16) Re dira tiro e re e neilweng ke Jehofa, mme ke ene yo o re nayang bopelokgale jwa go e dira re sa boife. (Dit. 4:29-31) Tiro eno ke tiro e e botlhokwatlhokwa, e e mosola le e e tshwanetseng go dirwa ka bonako mo malatsing ano a bofelo a tsamaiso eno e kgologolo ya dilo.
12 Go itse seno go re dira gore re nne pelokgale go itebaganya ka tlhamalalo le kganetso ya ga Satane le ya lefatshe la gagwe. (1 Pet. 5:8, 9) Go itse gore Jehofa o na le rona go re dira gore re nne “thata le pelokgale,” go tlosa selo sepe fela se se ka re boifisang fa re lebane le babogisi ba rona. (Dute. 31:6; Baheb. 13:6) Lefa ka metlha re tla leka gore fa kobamelo ya rona e gwetlhiwa re dire dilo ka kelotlhoko, ka go akanya, le ka botlhale, re tla dira gore fa baganetsi ba rona ba re tshosetsa, ba lemoge ka phepafalo gore re ititeile sehuba “go utlwa Modimo bogolo go batho.” (Dit. 5:29) Fa go ka tlhaga sebaka se se utlwalang sa gore re tlhalose sengwe go itshireletsa, re tla dira jalo. (1 Pet. 3:15) Lefa go ntse jalo, ga re ne re senya nako ya rona ka go ngangisana le baganetsi ba ba thamodithata ba ba batlang fela go re nyatsisa ka batho. Go na le go gakala kana go kgobega marapo fa ba re pega ditatofatso tsa maaka kana ba re pateletsa, re tla ‘ba lesa’ fela.—Math. 15:14.
13 Jehofa o itumelela go bona re itshoka go fitlha diteko di fela. (1 Pet. 2:19) Re ka mo duelela go re amogela jalo ka eng? A re tshwanetse go mo direla ka dipelo tse di botlhoko fela ka gonne re tlhoilwe e bile re ganediwa? Legoka! Jehofa o solofetsa gore fa re mo ikobela, o tla re duela ka “boitumèlō le kagishō.” (Bar. 15:13) Jesu o ne a nna a itumetse lefa a ne a bogisiwa botlhoko ka ntlha ya ‘boitumelo jo a neng a bo beetswe kwa pele.’ (Baheb. 12:2) Go ntse jalo le ka rona. Ka ntlha ya gore tuelo ya boitshoko jwa rona e kgolo thata, ‘re a itumela e bile re a ipela’ le mororo re lebane le diteko tse di botlhoko. (Math. 5:11, 12) Tota le ka nako ya mathata, boipelo jono, bo re dira gore re galaletse Jehofa le go mo tlotla, re ema molaetsa wa Bogosi nokeng.
14 A re na le pelaelo ya gore matswela a seno kwa bofelong e tla nna eng, mo go re dirang gore re tlhobaele kana re etsaetsege? Nnyaa, matswela a kgotlhang e e leng teng fa gare ga phuthego ya ga Jehofa le lefatshe la ga Satane a sale a boletswe bogologolo. (1 Yoh. 2:15-17) Go sa kgathalesege gore kganetso e kae kana e maatla go le kana kang, Jehofa o tla re thusa go fenya. (Isa. 54:17; Bar. 8:31, 37) Tota le fa re ka lebana le diteko tse dikgolo, ga go na sepe se se ka re kganelang go bona tuelo. Ga re a tshwanela go “tlhobaediwa ke sepè,” ka gonne Jehofa o arabela merapelo ya rona ka go re naya kagiso.—Bafil. 4:6, 7.
15 Ka jalo, re leboga Jehofa fa nako le nako re utlwalela dipego tsa gore bakaulengwe ba rona ba namotswe mo pogisong kana gore ba letleletswe go rera ka kgololesego kwa mafelong a pele ba neng ba kganelwa kwa go one. Re a itumela fa maemo a fetoga mme diketekete tsa batho ba ba pelodiphepa di bona sebaka sa go utlwa molaetsa wa Bogosi. Re itumela thata fa Jehofa a dira gore re fenye fa re ka lebagana le baganetsi ba ba letlhoo. Re a itse gore o tla segofatsa tiro ya rona le go e atlegisa ka tsela epe fela e e tlhokegang gore a godise ntlo ya gagwe ya kobamelo le go naya batho ba ba “elètsègañ” go tswa merafeng yotlhe sebaka sa go tsena mo go yone.—Hag. 2:7; Isa. 2:2-4.
16 Go ntse go le jalo, re a itse gore mmaba wa rona, Satane, o maatla thata, le gore o ile go nna a re ganetsa thata go fitlha kwa bokhutlong. A ka re tlhasela ka ditsela tse di tlhamaletseng le tse di raraetsang kana tse di bonokopela le tse di tsietsang. Dipogiso di ka nna tsa runya ka tshoganetso mo mafelong a pele re neng re le mo kagisong fela mo go one. Baganetsi ba ba boikepo ba ka nna setlhogo le go dira maiteko a magolo go re gatelela re ntse re sena molato. Morago ga nako, batho bano ba tla lemoga gore tota ba “tlhabana le Modimo,” mme o tla ba nyeletsa. (Dit. 5:38, 39; 2 Bathes. 1:6-9) Fa go sa ntse go le jalo, re ititeile sehuba gore re tla nna re tlhomame re direla Jehofa ka boikanyegi le go rera molaetsa wa Bogosi, go sa kgathalesege gore re tshwanelwa ke go itshokela eng. Re batho ba ba itumetseng go feta botlhe mo lefatsheng, re itse gore ‘fa re sena go amogelwa, re tla bona serwalo sa botshelo.’—Yak. 1:12.