A o Ka Oketsa Kafa o Bakang Jehofa ka Teng ka April?
1 Mopesalema Dafide o ne a eletsa go baka Jehofa ka tsela e e kgotsofatsang tota go tswa pelong, ke gone ka moo a neng a re: “Ke tla ntshetsa Yehofa malebogō a magolo ka molomo oa me; E, ke tla mmaka ha gare ga bontsi yoa batho.” (Pes. 109:30) April ke nako e e molemo thata ya go ‘baka ka tsela e kgolo’ ka go oketsa seabe sa rona mo bodiheding jwa tshimo. (Pes. 71:14) A o rulaganya gore o nne mongwe wa bontsi jwa ba ba dirang seno ka go nna mmulatsela yo o thusang?
2 Rulaganya Jaanong: Diane 21:5 e re gakolola jaana: “[Dithulaganyo, NW] tsa batlhōahadi di ganèlèla kwa letlotloñ hèla.” Seno se batla gore o se bolelele Jehofa ka thapelo, o mmaya kwa pele mo dithulaganyong tsa gago. (Diane 3:5, 6) Morago ga foo, leba thulaganyo ya gago ya jaanong mme o bone gore o ka e fetola kae gore o kgone go dira palogare ya diura di le pedi ka letsatsi mo bodiheding. Fa o “shwèla . . . molemō” nako e o neng o e dirisetsa ditiro tse dingwe seno se tla dira gore o kgone go dirisa nako e e oketsegileng mo tirong ya go rera.—Baef. 5:16.
3 Buisana le Ba Bangwe O Bo O Dirisane Mmogo le Bone: Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka batho bangwe ba ba neng ba mo “nonotsha” gore a kgone go swetsa bodihedi jwa gagwe. (Bakol. 4:11, NW) Tlotla ka dithulaganyo tsa gago le ba bangwe ba ba batlang go dira ka April. Kemonokeng ya bone le botsalano jwa bone di ka dira gore lotlhe lo solegelwe molemo semoyeng. Molebedi wa tirelo a ka go thusa fa o na le dipotso dingwe ka dithulaganyo tsa tirelo kana ka tshimo e o ka e dirang. A re ka leka gape gore re fitlhelele tlhora e ntšha ya babulatsela ba ba thusang ka April?
4 Go dirisana mmogo le go emana nokeng mo lelapeng go ka thusa maloko a lelapa gore a nne babulatsela ba ba thusang. Ditiro tsa mo lapeng di ka tshwanela gore di thusanngwe ka lobakanyana. Thulaganyo ya ditiro tseno e ka nna ya tlhoka go fetolwa. Pokano ya lelapa e ka thusa gore go tlotliwe ka dilo tse di tlhokegang tseno gore se se ikaeletsweng se kgone go dirwa. Puisano le tirisanommogo ke tsone di ka thusang thata gore seno se atlege.
5 Nna O Akantse ka Dilo Tse Di Siameng: O se ka wa swetsa ka bonako gore ga o kake wa nna mmulatsela yo o thusang fela ka ntlha ya maemo mangwe a a kgoreletsang. Basha ba ba tsenang sekolo, batho ba ba setseng ba tlogetse tiro, bommamalapa ba ba nang le bana, ditlhogo tsa malapa tse di dirang letsatsi lotlhe, ba ile ba kgona go intsha setlhabelo—e bile ka boitumelo—ba kgonne go nna babulatsela ba ba thusang ka April. Ba dumelana le mopesalema gore “pako ke bontlè yo bo chwanetseñ ba ba thōkgameñ,” mme ga ba bone go dira maiteko a a oketsegileng a go dira diura di le 60 mo bodiheding e le sengwe se se batlang go le gontsi thata mo go bone. (Pes. 33:1) Fa o sa kgone go ikwadisa, ke eng fa le wena o sa dire gore o itumele ka go oketsa tiro ya gago jaaka mmoledi wa phuthego?
6 Ba bantsi ba ile ba dirisa bobulatsela jo bo thusang ka April jaaka leborogo la go fetela kwa bobulatseleng jwa ka metlha. Fa ba sena go oketsa tirelo ya bone, ba ne ba fitlhela go le motlhofo tota go nna babulatsela ba ka metlha. Baithuti ba Bibela ba ba tshwanelang go ya ka se se kwadilweng mo go tsebe 98 le 99 ya buka ya Bodihedi jwa Rona le ba ba eletsang go nna le seabe mo bodiheding jwa phatlalatsa ba tshwanetse go thusiwa gore e nne baboledi ba ba sa kolobediwang. Fa rotlhe re nna le seabe ka metlha mo bodiheding ka April, re thusa ba basha gore ba dire le rona, re bo re bega tirelo ya rona ka bonako fa April e fela, ga go na gore re ka se ka ra nna le tlhora e ntšha ya baboledi ka April.
7 Ee, setlha seno se siame sentle gore re ka oketsa tiro ya rona mo pusong ya Modimo ka April. Bontsi jwa baboledi ba basha bo tla bo bo le mo malatsing a boikhutso. April 9 e tla bo e le Letsatsi la Dimakasine le le kgethegileng le bontsi jwa rona bo ka dirang letsatsi lotlhe re tsamaisa dimakasine, ka ntlo le ntlo le ka go neela bosupi mo mmileng. Re batla go dira bojotlhe go baka Jehofa, Modimo wa rona. Go nna mmulatsela yo o thusang ka April ke tsela e e molemo thata ya go supa gore re anaanela ditiro tse dintsi tse a di re direlang ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang.