Dipokano Tsa Tirelo ka May
Beke E E Simololang ka May 2
Pina 20
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tshwanetseng tse di tswang go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Tlotla ka dithulaganyo dipe fela tse di dirilweng go oketsa tirelo ya rona mo tshimong.
15 mets: Go Agiwa Ga Diholo tsa Bogosi. Puisano ya bagolwane ba babedi. Sekaseka tshedimosetso kaga thulaganyo e motho a tshwanetseng go e latela fa a tlatsa diforomo tsa boithaopo fa e le gore o tshwanelega go ka bereka mo kagong ya Holo ya Bogosi. Gatelela (1) dikarolo tse pedi tsa batho ba ba tshwanelegang go ka romela foromo ya boithaopo le (2) gore baithaopi botlhe, mmogo le ba ba kileng ba ithaopa mo nakong e e fetileng, ba tshwanetse go tlatsa nngwe ya diforomo tse disha. Morago ga foo, sekaseka dintlha tsa konokono tsa tiro e e dirwang ke Dikomiti tsa Kago tsa Kgaolo jaaka di supilwe mo ditsebeng 322-8 go Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo.
10 mets: “A Ke Tshwanetse go E Tla Ke Fetoga?” Puisano ya bagolwane ba le babedi. Gatelela melemo ya go nna le seabe ka metlha mo tirelong ya tshimo.
15 mets: “Dirisa Dimakasine go Bolela Boammaaruri.” Tlotla le bareetsi. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa dimakasine tsa rona di farologane le gore ke ka ntlha yang fa di tshwanetse go re tlhotlheletsa go di tsamaisa nako nngwe le nngwe fela fa re bona sebaka. Rulaganya gore go dirwe dipontsho di le pedi tse dikhutshwane.
Pina 128 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka May 9
Pina 214
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Re tshwanetse gore re ntshe matlho dinameng gore re bone dipeeletso. Re ka di buelela mo bathong ba ba neng ba ntse ba tsaya dimakasine ka metlha mo nakong e e fetileng le go di bala. Ke eng o sa kwale maina a batho ba o ka ratang go ba akantsha gore ba dire peeletso? Tlhalosa ka moo diforomo tse tharo tse di sa kwalwang sepe tsa peeletso di ka tladiwang ka gone.
15 mets: “A O Dirisa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka Botlalo?” Puo e e tlhotlheletsang ka mogolwane yo o atlegang mo go neeleng bosupi ka dimakasine. Itsise bakaulengwe ka dithulaganyo tse bagolwane ba di dirileng go thusa mongwe le mongwe go neela bosupi ka dimakasine ka metlha. Bolela gore palogare ya dimakasine tse di tsamaisiwang ka kgwedi mo phuthegong ke bokae, le gore mmoledi mongwe le mongwe o tsamaisitse di le kae. Kgothaletsa botlhe gore ba itlhomele mekgele. (Go bona dikakantsho, bona Tora ya Tebelo, ya January 1, 1994, tsebe 25, serapa 21.) Fa re bala dimakasine ka metlha re tla di anaanela thata, mme ka ntlha ya seo re tla batla go di anamisa.
20 mets: “Thapisetsa Baithuti ba Bibela Bodihedi.” Dipotso le dikarabo. Mo dirapeng tsa 4 le 5, dira pontsho e khutshwane o bontsha ka moo moithuti a ka thusiwang ka teng go ipaakanyetsa go neela bosupi mo ntlong. Moithuti o simolola ka motlotlo o o motlhofo a dirisa Pesalema 37:11. Morutisi o mo tsena ganong, ka go bolela jaana: “Ke na le bodumedi jwa me.” Moithuti ga a tlhomamisege gore a reng. Ka bobedi jwa bone ba bula buka ya Go Fetolana, go ditsebe 18-19, ba sekaseka dikarabo tse di akantshitsweng ba bo ba tlhopha nngwe e moithuti a ikutlwang gore o gololesegile go ka e dirisa. Moithuti o simolola gape, o dira sentle, mme o ikutlwa a kgothatsegile ka ntlha ya seo.
Pina 139 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka May 16
Pina 173
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto ya meneelo epe fela e e lebogelwang morago ga go amogelwa. Sekaseka dimakasine tse di ka tsamaisiwang, mme o gatelele dintlha tse di ka buelelwang.
17 mets: “Boela Kwa O Boneng Kgatlhego Teng.” Dipotso le dikarabo. Dira pontsho ka puisano e le nngwe kana di le pedi mo go tse di akantshitsweng.
18 mets: “Go Solegelwa Molemo ka Botlalo mo Sekolong sa Bodihedi sa Puso ya Modimo.” Puo e mo go yone molebedi wa sekolo a tlotlang le bareetsi. Kgothaletsa botlhe gore ba amogele le go dira dikabelo tse ba di fiwang. Gatelela botlhokwa jwa gore batho ba bale mmalo wa Bibela wa beke le beke. Tlhalosa ka moo phuthego yotlhe e ka solegelwang molemo ka gone fa baithuti ba fiwa kgakololo.
Pina 53 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka May 23
Pina 192
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlhalosa dingwe tsa ditlhogo tse di tlhomologileng tse di mo dimakasineng tsa bosheng, o bo o rulaganyetse tsela e le nngwe kana di le pedi tsa go di buelela.
15 mets: “A O Fa Ba Bangwe Seriti Fa O Ba Gakolola?” Puo e e neelwang ke mogolwane e tserwe go Tora ya Tebelo ya February 1, 1994, ditsebe 25-9.
15 mets: Molebedi wa tirelo o bua ka go ipaakanyetsa letsholo la tshimo e e sa abiwang ka 1994. Sekaseka ka bokhutshwane lekwalo la Mokgatlho la April 1, 1994, mme o tlhalose thulaganyo e setlhopha sa bagolwane se akantshang gore e latelwe. Diphuthego tse di sa nneng le seabe mo letsholong la tshimo e e sa abiwang di ka nna tsa tlotla gore di tla dirang gore di tle di rere mo tshimong ya bone e e sa berekiweng ka metlha kana tshimo e e kgakalanyana, kana ka moo di ka thusang phuthego e e gaufi ka teng go fetsa tshimo ya bone.
Pina 19 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka May 30
Pina 204
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang tsa Puso ya Modimo.
15 mets: Tlhalosa ka buka e e tla tsamaisiwang ka June: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Dira gore bareetsi ba tlhokomele ditshwantsho tse di go tsebe 4, 137, 138 le 143. Dira gore mmoledi yo o nang le bokgoni a dire pontsho ka go tlhalosa ka bokhutshwane a dirisa sengwe sa ditshwantsho tseno, a dirisa Mathaio 24:7, 8. Tlhalosa gore dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa beke e e tlang di tla ema jang.
20 mets: Dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona kana puo e e tlhotlheletsang ka setlhogo se se reng “Bakeresete ba Pele le Lefatshe,” e e tla tsewang mo setlhogong sa ntlha mo tokololong ya Tora ya Tebelo ya July 1, 1993. Gatelela botlhokwa jwa gore re etse sekao sa Bakeresete ba pele gompieno.
Pina 12 le thapelo e e konelang.