LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/01 ts. 7
  • Go Boela Sekolong Gape

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Boela Sekolong Gape
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Bana ba Gago Ba Ipaakanyeditse go Boela kwa Sekolong?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Basha—Solang Go Tsena Ga Lona Sekolo Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • A Ngwana wa Gago o Tshwanetse go ya Kwa Sekolong se se Nang le Marobalo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Sana ba Sekolo ba Basupi ba Akgotswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 12/01 ts. 7

Go Boela Sekolong Gape

1 Mo kgweding ya January, basha ba rona ba simolola go tshwarega ka ngwaga o mosha wa sekolo. Go na le dilo tse di itumedisang tse ba ka di lebelelang, mme gape go na le dilo di le mmalwa tse di ka bakang mathata. Basha ba le bantsi ba tlile go simolola go rutiwa ke barutabana ba sele, go simolola dikhoso tse disha le go nna gaufi le baithuti ba ba sa ba tlwaelang. Basha ba rona ba batla go dirisana mmogo le batsamaisi ba sekolo le go dirisana sentle le baithuti mmogo le bone, le fa go ntse jalo, ba tshwanetse go gakologelwa gore ba tshwanetse go itisa mo go sengwe le sengwe se se ka senyang bomoya jwa bone.—1 Bakor. 15:33.

2 Selo se segolo se bana le basha ba Basupi ba tshwanetseng go se ela tlhoko ke go tila tlhotlheletso e e kgotlelang ya lefatshe, e e anamang mo ditheong tsa thuto mo dinageng di le dintsi gompieno. Bakeresete ba bannye le ba bagolo ba tshwanetse go nna pelokgale go gana mekgwa ya lefatshe le tsela e le akanyang ka yone e ga jaana e rotloediwang malebana le boitshwaro, mme ba tshwanetse go ‘itebelela’ ka go sekaseka Lefoko la Modimo le go kaelwa ke lone. (Pes. 119:9) Batsadi ba ba amegang ka bana ba bone ba tshwanetse go itse gore dithuto tsa sekolo di akaretsang gore ba kgone go naya bana ba bone kaelo e e tshwanetseng. Fa se se rutiwang kwa sekolong kana golo gongwe se sa dumalane le boitshepo le boitsheko jo bo tshwanetseng go bontshiwa ke batlhanka ba ga Jehofa, se tshwanetse go tilwa.—1 Pet. 1:15, 16.

3 Gape go tlwaelegile thata gore ba lebane le dikgang tse di malebana le meletlo ya bosetšhaba, mekete ya malatsi a boikhutso, metshameko, thuto ya bodumedi kana dikokoano tsa go itlosa bodutu. Boroutšhara jwa Sekolo le Basupi ba ga Jehofa bo thusa basha ba Bakeresete thata mo dikgannyeng tseno. Fa o se na khopi ya boroutšhara jono, o ka e bona mo go Watchtower Library CD-ROM. Mo godimo ga moo, go ka dirisiwa le boroutšhara jwa Thuto le buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang le Go Fetolana. Maemo a a ka nnang thata a ka nna a fenngwa kana a fokodiwa fa batsadi ba ba nang le bana ba bannye ba tsaya matsapa a go tlotla le barutabana ka khopi ya boroutšhara jwa Thuto. Ba ka tlhalosa gore seno se tla thusa morutabana go tlhaloganya dilo tse re di dumelang le melaometheo ya rona ka tsela e e botoka. Go naya morutabana tshedimosetso eno go ka thusa thata mo go direng gore go nne le moya wa tirisanommogo.

4 Gape go ka nna molemo thata gore baithuti ba Bakeresete ba tsamaye ba tsentse dikhopi tsa bone tsa boroutšhara jwa Sekolo, buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang, le boroutšhara jwa Thuto mo dibukeng tsa bone tsa sekolo. Gantsi go tlhaga ditshono tsa go naya baithuti ba bangwe ba ba botsang dipotso bosupi fa go tlotliwa ka dilo tse re di dumelang. Gape, ka dinako tsotlhe basha ba Basupi ba tshwanetse go tsamaya ba tshwere dikarata tsa bone tsa Advance Medical Directive/Release kana tsa Identity Card tse di leng mo nakong, tse di bontshang sentle gore basupi ke bomang, e bile di saenilwe sentle. Ga go pelaelo gore ba ba dirisang kgakololo eno ba tla tshwana le motho ‘yo o botlhale yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.’—Dia. 22:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela