A Ngwana wa Gago o Tshwanetse go ya Kwa Sekolong se se Nang le Marobalo?
AKANYA fela o nna mo motseng o monnye mo nageng e e sa tlhabologang. O na le bana ba le mmalwa ba ba mo sekolong se sebotlana, mme fa ba nna dingwaga di le 12, ba tla ya kwa sekolong se segolwane. Mo lefelong la lona, dikolo tse dikgolwane di tletse thata, ga di na didirisiwa tse di tlhokegang, mme ga di na barutabana ba ba lekaneng. Ka nako tse dingwe diteraeke di dira gore dikolo di tswalwe ka dibeke le dikgwedi di le mmalwa ka nako e le nngwe fela.
Mongwe o go naya boroutšhara jo bo kgatlhang jo bo tlhalosang ka sekolo se se nang le marabalo mo toropokgolong. O bona ditshwantsho tsa baithuti ba ba apereng sentle, ba ithuta mo ditlelaseng tse di nang le sengwe le sengwe, dilaboratori le dilaeborari. Baithuti ba dirisa dikhomputara mme ba ikhutsa mo matlong a a phepa a mantle a borobalo. O bala gore boikaelelo jo bongwe jwa sekolo seno ke go thusa baithuti gore “ba bone nngwe ya dithuto tse di kwa godimo thata go di gaisa tsotlhe tsa tse ba ka di kgonang.” O bala gape jaana: “Baithuti botlhe ba tshwanetse gore ba ikobele melao ya boitshwaro e e tshwanang le e gantsi e lebeletsweng mo lelapeng le go gatelelwang maitseo, botho, go tlotla batsadi le batho ba ba godileng, go dirisana mmogo, go nna pelotelele, bopelonomi, go ikanyega le bothokgami.”
Lekawana lengwe le le nyenyang le nopolwa le bolela jaana: “Batsadi ba me ba ile ba nnaya tshiamelo e e tlhomologileng ya go tsena sekolo se se molemo go di gaisa tsotlhe.” Mosetsana mongwe a re: “Sekolo se a tlhotlheletsa e bile se go fa maatla. Mono go ithuta go itlela fela.” A o ka romela morwao kana morwadio kwa sekolong se se ntseng jalo se se nang le marobalo?
Thutego le Bomoya
Batsadi botlhe ba ba kelotlhoko ba batla gore bana ba bone ba simolole botshelo sentle mme go dira seo, thuto e e lekalekaneng e botlhokwa. Gantsi thuto ya lefatshe e bulela motho ditshono tsa go bona tiro mo isagweng e bile e thusa basha gore ba tle ba nne bagodi ba ba kgonang go itlhokomela mmogo le malapa a bone a isagwe.
O ka nna wa botsa ka gore, ‘Fa e le gore sekolo se se nang le marobalo se naya thutego e e siameng le dikaelo dingwe tsa boitsholo, ke eng ke sa tlhophe sone?’ Go araba potso eo, batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go akanyetsa kgang e e botlhokwa eno ka thapelo—bomoya jwa bana ba bone. Jesu Keresete o ne a botsa jaana: “Gonne go ka thusa motho eng, fa a fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe?” (Mareko 8:36) Ee ruri, ga go na molemo ope mo go seno. Ka jalo, pele ga batsadi ba Bakeresete ba romela bana ba bone kwa sekolong se se nang le marobalo, ba tshwanetse go akanyetsa gore seno se tla ama tebelelo ya bana ba bone ya go bona botshelo jo bo sa khutleng jang.
Tlhotlheletso ya Baithuti ba Bangwe
Dikolo dingwe tse di nang le marobalo di ka nna tsa bo di na le thuto e e kwa godimo e e kgotsofatsang. Mme go tweng ka boitsholo jwa ba ba tsenang sekolo seo kana gongwe tota le tsa bangwe ba ba tsamaisang dikolo tse di ntseng jalo? Malebana le batho ba ba tla bong ba tletse mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tlaa tla dipaka tse di tlhokofatsang. Gonne batho ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo; e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse; le bone bao o kgaogane nabo.”—2 Timotheo 3:1-5.
Go senyega gono ga boitsholo le ga bomoya go aname mo lefatsheng lotlhe, ke kgwetlho mo Basuping ba ga Jehofa ba ba tshelang ka melaometheo ya Baebele. Baithuti ba ba tlang gae letsatsi le letsatsi ba bona gore tota go nna le kamano e e lekanyeditsweng fela le bana ba lefatshe ba ba tsenang le bone sekolo go ka nna le tlhotlheletso e e maatla e e sa siamang mo bomoyeng jwa bone. Go lwantshana le tlhotlheletso e e ntseng jalo go ka nna boima thata mo baneng ba Basupi, tota le fa ba tshegediwa, ba gakololwa e bile ba kgothadiwa letsatsi le letsatsi ke batsadi ba bone.
Go tweng he, ka boemo jwa bana ba ba romelwang kgakala le magae a bone go ya kwa dikolong tse di nang le marobalo? Ba kgakala, ga ba bone kemo nokeng ya semoya ya batsadi ba bone ba ba lorato. E re ka ba nna diura di le 24 le baithutikabone ka letsatsi, kgatelelo ya go fetoga go tshwana le bone e nna le tlhotlheletso e kgolo mo megopolong le mo dipelong tsa bone tse disha go na le jaaka go ka direga ka baithuti ba ba dulang kwa gae. Moithuti mongwe o ne a bolela jaana: “Moithuti yo o nnang mo sekolong se se nang le marobalo o nna a ntse a le mo kotsing ya boitsholo go tloga mo mosong go fitlha bosigo.”
Paulo o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa tsietsega: Go ikopanya le ba ba bosula, go tle go bodise mekgwa e mentle.” (1 Bakorinthe 15:33) Batsadi ba Bakeresete ga ba tshwanela go tsietsega ka go akanya gore bana ba bone ba ka se ka ba koafala mo semoyeng fa ka metlha ba ikopantse le batho ba ba sa direleng Modimo. Fa nako e ntse e ya, maikutlo a bana ba ba boifang Modimo a ka swa malebana le mekgwa e mentle ya Bokeresete mme ba ka felelwa ke kanaanelo yotlhe ya dilo tsa semoya. Ka dinako tse dingwe batsadi ga ba lemoge seno go fitlha bana ba bone ba tswa mo sekolong se se nang le marobalo. Gantsi ka nako eo go a bo go setse go le thari thata go baakanya dilo.
Boitemogelo jwa ga Clement ke sekai se se tshwanelang. O bolela jaana: “Pele ga ke ya kwa sekolong se se nang le marobalo, ke ne ke rata boammaaruri mme ke ne ke ya tirelong ya tshimo le bakaulengwe. Ke ne ke rata segolobogolo go nna le seabe mo thutong ya rona ya lelapa ya Baebele le mo Thutong ya Buka ya Phuthego. Lefa go ntse jalo, fa ke ne ke ya kwa sekolong sa bonno le dijo ke na le dingwaga di le 14, ke ne ka tlogela boammaaruri gotlhelele. Mo dingwageng tsotlhe tse tlhano tse ke neng ke le kwa sekolong sa bonno le dijo ka tsone, le ka motlha ga ke ise ke ye dipokanong. Ka ntlha ya go nna le ditsala tse di bosula, ke ne ka inaakanya le diokobatsi, go goga le go nwa bobe.”
Tlhotlheletso ya Barutabana
Mo sekolong sengwe le sengwe go ka nna le barutabana ba ba bosula ba ba dirisang boemo jwa bone jwa go nna le taolo ka tsela e e sa tshwanelang. Ba bangwe ba setlhogo le go nna makgwakgwa, fa ba bangwe bone ba sotla baithuti ka tlhakanelodikobo. Kwa dikolong tse di nang le marobalo gantsi ditiro tsa barutabana ba ba ntseng jalo ga di begiwe.
Lefa go ntse jalo, bontsi jwa barutabana ba leka ka natla go thapisa bana gore e nne maloko a a nang le mosola mo setšhabeng, gore ba tshwanele lefatshe le le ba dikologileng le go inyalanya le lone. Mme go na le bothata jo bongwe mo go seno mo baneng ba Basupi. Mekgwa ya lefatshe ga e dumalane ka metlha le melaometheo ya Bokeresete. Le mororo barutabana ba kgothaletsa baithuti go tshwanela lefatshe, Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe e ka se nne “ba lefatshe.”—Johane 17:16.
Go tweng fa mathata a tlhaga fa bana ba latela melaometheo ya Baebele? Fa bana ba tsena sekolo mo lefelong le ba nnang mo go lone mme ba nna kwa gae, ba ka tlotla ka dikgang tseo le batsadi ba bone. Mme batsadi bone ba ka kaela bana ba bone mme gongwe ba bua le morutabana. Ka ntlha ya seo, gantsi mathata le go tlhoka kutlwisisano di rarabololwa ka bonako.
Kwa dikolong tse di nang le marobalo ke kgang e e farologaneng. Baithuti ba ba ntseng jalo ba laolwa ke barutabana ba bone ka metlha. Fa e le gore bana ba emela melaometheo ya Bokeresete, ba tshwanetse go dira jalo ba sa tshegediwe ke batsadi ba bone letsatsi le letsatsi. Ka dinako tse dingwe, bana ba kgona go nna ba ikanyega mo Modimong kafa tlase ga maemo a a ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, gantsi ga ba kgone. Gantsi ngwana o tla ikoba go dira se morutabana a se batlang.
Kgololesego e e Lekanyeditsweng
Go farologana le kwa diyunibesithing, koo gantsi baithuti ba nang le kgololesego ya go tsamaya le go boa ka tsela e ba batlang ka yone, dikolo tse di nang le marobalo di lekanyetsa kgololesego ya bana. Bontsi jwa dikolo tseno ga di letle baithuti go tswa mo mabaleng a sekolo fa e se fela ka Sontaga, mme tse dingwe ga di letle tota le seo. Moithuti mongwe yo o nnang kwa sekolong sa marobalo wa dingwaga di le 11 yo o bidiwang Eru o bolela jaana: “Batsamaisi ba sekolo le ka motlha ga ba ke ba re letla go ya kwa dipokanong, ke sa bue ka go ya tirelong ya tshimo. Mo teng ga sekolo, go na le ditirelo tsa Bakatoliki le Bamoselema fela. Moithuti mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhopha fa gare ga tseno kana a lebane le kganetso e e botlhoko go tswa mo barutabaneng mmogo le mo baithuting. Baithuti gape ba patelediwa go opela pina ya setšhaba le difela tsa kereke.”
Fa batsadi ba kwadisa bana ba bone mo dikolong tse di ntseng jalo, ba dira gore bana ba bone ba akanye eng? Ba ka nna ba akanya gore thuto ya lefatshe e botlhokwa go gaisa go kopana mmogo mo kobamelong le go nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa—tota le gore go botlhokwa go gaisa go boloka bothokgami mo Modimong.—Mathaio 24:14; 28:19, 20; 2 Bakorinthe 6:14-18; Bahebere 10:24, 25.
Mo dikolong dingwe tse di nang le marobalo, baithuti ba Basupi ba kgona go ithuta Baebele mmogo, mme gantsi tota le seno se boima. Mosha mongwe yo o bidiwang Blessing, wa dingwaga di le 16, o bolela jaana malebana le sekolo se se nang le marobalo se a se tsenang: “Letsatsi lengwe le lengwe ba ba ipitsang Bakeresete ba kokoana go rapela. Rona Basupi re leka go ba kopa gore re nne le thuto ya rona, mme baithuti ba ba tlileng pele ba re bolelela gore mokgatlho wa rona ga o itsiwe. Mme ba bo ba leka go re pateletsa go rapela le bone. Fa re gana, ba re otlhaya. Go ikuela mo barutabaneng go senya dilo le go feta. Ba re raya mefuta yotlhe ya maina mme ba bo ba bolelela baithuti ba ba tlileng pele ga rona gore ba re otlhaye.”
Go Tsaya Boemo jo bo Farologaneng
Fa baithuti ba ba nnang kwa sekolong ba itsiwe sentle gore ke Basupi ba ga Jehofa, seno se ka ba solegela molemo. Batsamaisi ba sekolo ba ka ba letla gore ba se ka ba nna le seabe mo ditirong tsa bodumedi jwa maaka tse di patelediwang tse di thulanang le tumelo ya Basupi. Baithutikabone ba ka tlogela go leka go ba tsenya mo ditirong le mo metlotlong e e sa tshwanelang. Ba ka bona ditshono tsa go neela baithutikabone le barutabana bosupi. Mo godimo ga moo, ga se gantsi go belaelwang ba ba tshelang ka melaometheo ya Bokeresete gore ba dirile bosula bongwe jo bo maswemaswe mme ka dinako tse dingwe seo se dira gore ba tlotliwe ke barutabana le baithutikabone.
Lefa go ntse jalo, dilo ga di tsamaye jalo ka metlha. Gantsi go tsaya boemo jo bo farologaneng go dira gore mosha a bogisiwe le go sotliwa ke baithuti mmogo le barutabana. Yinka, mosimane mongwe wa dingwaga di le 15 yo o tsenang sekolo se se nang le marobalo, o bolela jaana: “Kwa sekolong, fa go itsiwe gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o nna motlhaselwa. E re ka ba itse boemo jwa rona jwa semoya le jwa boitsholo, ba re beela diru go re tshwara.”
Boikarabelo Jwa Batsadi
Ga go na morutabana, sekolo kana kholetšhe epe e e ka lekang ka tshwanelo go dira tiro ya go fetola bana go nna batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa. Ga se tiro ya bone e bile ga se boikarabelo jwa bone. Lefoko la Modimo le supa gore batsadi ka bobone ba tshwanetse go tlhokomela bana ka dilo tse ba di tlhokang mo semoyeng. Paulo o ne a kwala jaana: “Lona borrabana, lo se ka lwa rumola bana ba lona go ba gakatsa; mme lo ba godisetse mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.” (Baefeso 6:4) Batsadi ba ka dirisa jang kgakololo eno e e tswang kwa Modimong fa bana ba bone ba le kwa sekolong se se nang le marobalo koo go eta go lekanyeditsweng gangwe kana gabedi ka kgwedi?
Maemo a farologana thata, mme batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go leka ka natla gore ba dire tumalanong le mafoko a a tlhotlheleditsweng ano: “Fa mongwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.”—1 Timotheo 5:8.
A go Na le Ditsela Tse Dingwe?
Batsadi ba ka dirang fa go bonala ba na le ditlhopho tse pedi fela—sekolo se se nang le marobalo kana sekolo sa mo gae se se se nang didirisiwa tse di tlhokegang? Bangwe ba ba ileng ba iphitlhela ba le mo seemong seno ba ile ba rulaganya dithuto tse di kwa thoko go oketsa thutego ya bana ba bone mo sekolong se se mo gae. Batsadi ba bangwe ba ile ba beela nako kwa thoko gore ba rute bana ba bone ka bobone.
Ka dinako tse dingwe batsadi ba tila mathata ka go rulaganya pele ga nako ya fa bana ba bone ba setse ba godile sentle go ka tsena sekolo se segolwane. Fa o na le bana ba babotlana kana o ikaelela go nna le lelapa, o ka nna wa sekaseka go bona gore a go na le sekolo se se tshwanelang se segolwane mo lefelong la lona. Fa se seyo, go ka nna ga kgonega gore lo fudugele gaufi le sengwe se se leng teng.
Jaaka fa batsadi ba itse sentle, go tlhokega botswerere, bopelotelele, le nako e ntsi go dira gore ngwana a rate Jehofa. Fa e le gore go boima fa ngwana a nna mo gae, a bo go le boima le go feta jang ne fa ngwana a dula kgakala! E re ka seno se ama go bona botshelo jo bo sa khutleng ga ngwana, batsadi ba tshwanetse go dira tshwetso ka masisi le ka thapelo gore a go na le molemo mongwe go tsenya bana ba bone mo kotsing ya go ba isa kwa sekolong se se nang le marobalo. A bo go tla bo go se botlhale jang ne go tsenya bomoya jwa ngwana mo kotsing e le fela go bona melemo ya thutego ya sekolo se se nang le marobalo! Go tshwana le go sianela mo ntlong e e shang go falotsa selonyana se se sa reng sepe fela—o bo o fisiwa ke dikgabo tsa molelo.
Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Motho yo o bonokopela o bona bosula mme a iphitlhe, mme ba ba sa tlhalefang ba fete fela, mme ba utlwe botlhoko ka gone.” (Diane 22:3) Go botoka go tila boemo jo bo maswe go na le go bo baakanya moragonyana. Go tla nna botlhale go akanya ka seo fa o ka ipotsa gore, ‘A ngwanake o tshwanetse go ya kwa sekolong se se nang le marobalo?’
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Basupi ba Basha ba Tlhalosa ka Sekolo se se Nang le Marobalo
“Kwa dikolong tse di nang le marobalo, bana ba Basupi ga ba bone botsalano jwa semoya. Ke lefelo le le tlhokang botsalano thata ka kgatelelo e kgolo ya go dira se se sa siamang.”—Rotimi, yo o neng a nna kwa sekolong fa a le fa gare ga dingwaga tsa 11 le 14.
“Go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete go ne go le boima thata. Ke ne ke kgona go ya ka Sontaga fela, mme gore ke dire jalo, ke ne ke tshwanetse gore ke tswe ka go kukuna fa baithuti ba bangwe ba ntse ba eme mo meleng go nna teng mo kerekeng. Ke ne ke sa itumela le ka motlha, ka gonne ke ne ke tlwaetse go ya kwa dipokanong tsotlhe tsa phuthego fa ke santse ke le kwa gae, e bile ke ne ke ya bodireding jwa tshimo ka boMatlhatso le ka boSontaga. Go tsena sekolo e ne e se selo se se agang. Ke ne ke latlhegelwa ke dilo tse dintsi.”—Esther, yo o neng a tlhola a itewa ke barutabana ka go bo a ne a sa batle go nna le seabe mo ditirelong tsa kereke tsa sekolo.
“Go ne go se motlhofo go neela baithutikawena bosupi kwa sekolong se se nang le marobalo. Ga go motlhofo go tsaya boemo jo bo farologaneng. Ke ne ke batla go latela setlhopha. Gongwe ke ne ke ka kgona go nna pelokgale go feta fa ke ne ke ile ka kgona go ya kwa dipokanong le go nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Mme ke ne ke kgona go dira seo fela fa ke le mo malatsing a boikhutso, ao a neng a nna gararo fela ka ngwaga. Fa o na le lebone le le se nang lookwane, lesedi le a ngotlega. Go ne go ntse fela jalo kwa sekolong.”—Lara, yo o neng a nna kwa sekolong go tloga fa a le dingwaga di le 11 go ya go di le 16.
“E re ka jaana ke sa tlhole ke le kwa sekolong se se nang le marobalo, ke itumela go bo ke kgona go nna teng kwa dipokanong tsotlhe, go nna le seabe mo tirelong ya tshimo le go itumelela temana ya letsatsi le lelapa lotlhe. Le mororo go nna kwa sekolong go ne go na le molemo mongwe, ga go na sepe se se botlhokwa go gaisa kamano ya me le Jehofa.”—Naomi, yo o neng a kgona rraagwe gore a mo ntshe mo sekolong se se nang le marobalo.