Kgaolo 17
A Ke Tshwanetse go Tlogela Sekolo?
JACK o na le dingwaga tse di fetang 25 a ntse a le motlhokomedi wa bana bao ba sa tseneng sekolo sentle. Ka jalo mosha yo o tshabang sekolo o tshwaragana le bothata fa a batla legotlho leo Jack a iseng a ko a le utlwe. “Bana ba mpoleletse dilo di se kana ka sepe,” a rialo, “tse di tshwanang le ‘ke ne ke akanya gore ke tlile go lwala gompieno’ . . . ‘Rremogolo yo o nnang kwa Alaska o tlhokafetse.’” Ke legotlho lefe leo Jack a “sekeng a le lebala” le ka motlha? Ke la basimane ba le bararo bao ba neng ba bolela gore “ba ne ba timelelwa ke kwa sekolo se leng teng ka gonne go ne go le mouwane thata.”
Diipato tseno tse di sa utlwaleng mo ebileng di tlhabisa ditlhong di bontsha kafa bana ba le bantsi ba sa rateng sekolo ka teng, gantsi ba simolola ka go latlhelela fela (“Waii, re tla reng, sone se siame”) go ya go go bontsha boganana ka tlhamalalo (“Sekolo se a nkga! ga ke se rate”). Ka sekai, Gary o ne a tle a tsoge mo mosong e re go ise go ye kae a ba a ikutlwa a sulafalelwa fela thata. O ne a re, “E ne e a tle e re ke atamela fa sekolong ke fufulelwe fela thata ke bo ke tsenwe ke letshogo . . . Mme seo ke neng ke tshwanetse go se dira fela e ne e le go boela kwa lapeng.” Ka mo go tshwanang basha ba le bantsi ba tshaba sekolo fela thata—selo seo dingaka di se bitsang poifo e kgolo ya sekolo. Gantsi ngwana o nna nayo fa go na le bothubaki kwa sekolong, balekane ba gagwe ba le setlhogo mo go ene, kana a gatelelwa go nna le maduo a a kwa godimo mo ditlhatlhobong. Basha ba go nna jalo ba ka nna (ka go kgorolwa go sekae ke batsadi ba bone) ba ya sekolong, mme ba nna le tlalelo gangwe le gape le eleng go tshwenyega mo mmeleng.
Ga go gakgamatse go bo basha ba palo e kgolo ba ikgethela go sa yeng sekolong gotlhelele! Mo United States fela, letsatsi le letsatsi go a bo go seo baithuti ba dikolo tse dipotlana le tse dikgolwane ba le dimilione tse pedi le sephatlo mo sekolong! Setlhogo sengwe mo go The New York Times se ne sa oketsa ka gore baithuti ba le bantsi (bao ba ka nnang bongwe borarong) ba na le “tlwaelo ya go sa ye sekolong ka metlha” mo dikolong tse dikgolwane tsa New York City “mo eleng gore go batla go nna thata go ba ruta.”
Basha ba bangwe ba tsaya dikgato tse di bileng di le masisi fela thata. “Ke ne ke sulafalelwa ke sekolo fela thata, ebile melao ya sone e gagamaditswe fela thata,” ga bolela jalo lekawana lengwe le le bidiwang Walter. O ne a tlogela go ya sekolong fa a ne a le mo sekolong se segolwane (sekontari). Mosetsana mongwe yo o bidiwang Antonia le ene o ne a dira fela jalo. O ne a na le bothata ka tiro ya gagwe ya sekolo. “Ke ne ke ka kgona go dira tiro jang fa ke ne ke sa tlhaloganye se ke neng ke se bala?” a botsa jalo. “Ke ne ke ntse koo fela mme ke nnela seso go ya pele, jalo ka se tlogela.”
Ke boammaaruri gore go na le mathata a a masisi mo ditsamaisong tsa sekolo go dikologa lefatshe. A mme seo ke lebaka la gore motho a se tlhole a kgatlhegela sekolo gotlhelele a bo a se tlogele? Go se tlogela go ka nna le diphelelo dife mo botshelong jwa gago mo lobakeng lo lo tlang? A go na le mabaka a a utlwalang a go tsena sekolo go fitlhela o se fetsa?
Mosola wa Thutego
Michael o ne a boela kwa sekolong go ya go tsaya dipoloma e e lekanang le thutego ya sekolo se segolo. Fa a ne a bodiwa gore ke ka ntlhayang fa a ne a dira jalo, o ne a re, “Ke ne ka lemoga fa ke tlhoka thutego.” Mme tota “thutego ke eng?” A ke go kgona go bua dintlha tse di kgatlhang ka tlhogo ka go tlhomagana ga tsone? Seno ga se supe thutego fela jaaka o sa kake wa aga ntlo ka go tlhatlaganya ditena fela.
Thutego e tshwanetse go go baakanyetsa go nna mogodi yo o atlegileng. Allen Austill, yo o nnileng mogokgo wa sekolo ka dingwaga tse 18, o bua ka “thutego eo e go rutang kafa o ka akanyang ka gone, o ka rarabololang mathata ka gone, se se utlwalang le se se sa utlwaleng, kgono ya botlhokwa ya go akanya sentle, go itse se mabaka a leng sone le go itse go amana ga dikarolo tsa sengwe le bojotlhe jwa sone. Go dira dikatlholo tseo le dipharologanyo, go ithuta kafa o ka ithutang ka gone.”
Mme sekolo se tsena jang? Dingwaga tse di makgolokgolo tse di fetileng Kgosi Solomone o ne a kwala diane “go naea eo o sa tlhalehañ matseba, le motho oa lekau kicō le [nonofo ya go akanya, NW].” (Diane 1:1-4) Ee, basha ga ba na maitemogelo. Lefa go ntse jalo, sekolo se ka ba thusa go godisa le go tlhagolela nonofo ya go akanya. Seno ga se kgono fela ya go bua dintlha ka tlhogo mme gape ke ya go di sekaseka le ya go ntsha megopolo e e nang le mosola mo go tsone. Lemororo batho ba le bantsi ba ile ba nyatsa tsela eo dikolo dingwe di rutang ka yone, tota sekolo se pateletsa motho go dirisa mogopolo wa gagwe. Ke boammaaruri gore go rarabolola dipalo kana go tshwara matlha mangwe a ditiragalo ka tlhogo go ka nna ga lebega e se selo seo o se tlhokang ka nako eo. Mme fela jaaka Barbara Mayer a ne a kwala mo go The High School Survival Guide: “Ga se batho botlhe ba ba tla gakologelwang dintlha tsotlhe le sengwe le sengwe sa kitso eo barutabana ba ratang go e tlhatlhobela bana, mme dikgono tse di tshwanang le go ithuta kafa motho a ka ithutang ka gone, le kafa o ka rulaganyang dilo ka gone, ga di kitla di lebalesega.”
Baporofesa ba le bararo ba unibesithi bao ba ithutileng diphelelo tsa lobaka lo loleele tsa thutego ka go tshwana ba ile ba dira tshwetso ya gore “batho ba ba rutegileng thata ba na le kitso e e atologileng le e kgolo eseng fela ya dintlha tse di badilweng mme gape le kafa dintlha tseo di amanang ka gone le lefatshe le ba tshelang mo go lone, le gore go ka nna ga diragala gore ba batle kitso mme ba dumalane le metswedi ya tshedimosetso. . . . Go lemogilwe fa dipharologano tseno di sa nyelele lefa motho a ka tswa a tsofetse kana a na le dingwaga di le dintsi a sa bolo go tlogela sekolo.”—The Enduring Effects of Education.
Se ebileng se le botlhokwa go feta tsotlhe, thutego e ka go tlhomelela sentle go dira maikarabelo a gago a Bokeresete. Fa e le gore o ile wa bapala mekgwa e e molemo ya go ithuta ebile o na le bokgoni jwa botswerere jwa go bala, o ka tlhofofalelwa ke go ithuta Lefoko la Modimo. (Pesalema 1:2) Fa o ithutile go itlhalosa kwa sekolong, o ka tlhofofalelwa ke go ruta ba bangwe boammaaruri jwa Bibela. Kitso ya ditiragalo, boitseanape, thuta-lefatshe, le dipalo ka go tshwana e na le mosola ebile e tla go thusa go inaakanya le batho ba mefuta e e farologaneng, ba ba nang le dikgatlhego tse di farologaneng, le ditumelo.
Sekolo le Tiro
Gape go tsena sekolo go ama ditebelelo tsa go bona tiro mo nakong e e tlang fela thata. Jang?
Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a bua jaana ka motho yo o setswerere mo tirong: “Èna o tla èma ha pele ga dikgosi; ga a ketla a èma ha pele ga batho ba ba sa itsegeñ.” (Diane 22:29) Seno se boammaaruri le eleng gompieno. “Fa go sena sepe se motho a leng setswerere mo go sone, o ka salela kwa morago mo dilong di le dintsi mo botshelong,” ga bolela jalo Ernest Green wa U.S. Department of Labor.
Ka mo go utlwalang, he, batho bao ba tlogelang sekolo ba tlile go ketefalelwa ke go bona ditiro mo nakong e e tlang. Walter (yo o tsopotsweng pelenyana) o ile a ithuta seo ka tsela e e bokete. “Ke batlile tiro ka makgetlo a le mantsi mme ke ne ke sa kgone go e bona ka gonne ke ne ke sena dipoloma.” Gape o ne a ipolela jaana: “Ka dinako tse dingwe batho ba dirisa mafoko ao ke sa a tlhaloganyeng, mme ke ikutlwa ke le seeleele.”
Go tlhoka tiro ga batho ba dingwaga tse 16 go ya go 24 bao ba tlogetseng sekolo ba le mo sekolong se segolo “go batlile go feta ga balekane ba bone bao ba ileng ba swetsa sekolo go menagane gabedi mme ebile go batlile go feta ga batlhoka-tiro ka kakaretso gararo.” (The New York Times) “Bao ba sa tswelediseng thuto ya bone ba itshenyetsa ditshono tse di rileng,” go oketsa jalo mokwadi F. Philip Rice mo bukeng ya gagwe ya The Adolescent. Motho yo o tlogetseng sekolo o ka nna a bo a se kile a nna le bokgoni jwa dikgono tsa motheo tseo motho a di tlhokang go dira ditiro tse di motlhofo fela.
Paul Copperman o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Literacy Hoax: “Patlisiso ya bosheng e supa gore gore motho a dire tiro ya moapei o tlhoka bokgoni jwa go bala jwa maemo a bosupa, gore a dire tiro ya mmaakanyi wa dikoloi o tlhoka thutego ya maemo a borobabobedi, gape o tlhoka thutego ya maemo a borobabongwe kana a bolesome go dira tiro ya motlhokomela-dilwana.” O tswelela jaana: “Ke bona gore ke selo se se utlwalang fela go konela ka gore gore motho a dire tiro ya borutabana, booki, motlhokomela-dibuka tsa madi, kana moenjeniere o tlhoka bokgoni jwa go bala jwa maemo a a kwa godimo a a kgonegang.”
Ka phepafalo, he, baithuti bao ba dirang ka bonatla mo go ithuteng dikgono tsa motheo, tse di tshwanang le go bala sentle, ba na le ditshono tsa go bona ditiro tse di botoka. Mme mosola o mongwe wa botshelo jotlhe oo motho a ka o bapalang ka go tsena sekolo ke ofe?
Go go Dira Motho yo o Botoka
Mosola oo wa botshelo jotlhe ke wa go itse dinonofo tsa gago le makoa. Michelle, yo bosheng jaana a neng a bona tiro ya dikhomputara, o lemogile jaana: “Kwa sekolong ke ne ke ile ka ithuta kafa ke ka berekang ka teng tlase ga kgatelelo, kafa ke ka tsenelelang tlhatlhobo ka gone le kafa ke ka itlhalosang ka gone.”
‘Go tsena sekolo go nthutile kafa ke ka lebang go retelelwa ga me ka gone,’ ga bolela jalo mosha yo mongwe. O ne a na le tlwaelo ya go tsaya gore ba bangwe, eseng ene, ke bone ba dirang gore a retelelwe. Ba bangwe ba solegetswe molemo ke thulaganyo e e gagametseng ya go tsena sekolo ka metlha. Ba le bantsi ba nyatsa sekolo ka baka la seno, ba bolela gore seno se kgoreletsa megopolo ya basha. Lefa go le jalo Solomone o ne a kgothaletsa basha “go itse botlhale le thutō [kotlhao, NW].” (Diane 1:2) Dikolo tseo bana ba tsone ba otlhaiwang eleruri di alogisitse bana bao ba katisitsweng, mme lefa go le jalo ba ikakanyetsa.
Ka jalo ke selo se se utlwalang gore o dirise dingwaga tsa gago tsa go tsena sekolo ka botlalo. O ka dira seo jang? A re simolole ka tiro ya gago ya sekolo ka namana.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 17
◻ Ke ka ntlhayang fa basha ba le bantsi jaana ba na le pono e e sa siamang ka sekolo? O ikutlwa jang ka kgang eno?
◻ Go tsena sekolo go ka thusa motho go tlhagolela nonofo ya go akanya jang?
◻ Go tlogela sekolo go ka ama jang kgono ya gago ya go bona tiro mo isagweng, mme ka ntlhayang?
◻ Motho o ka bona melemo efe ka go tsena sekolo go fitlhela a se fetsa?
[Mafoko a a mo go tsebe 135]
“Ke ne ke ntse koo fela mme ke nnela seso go ya pele, jalo ka se tlogela”
[Mafoko a a mo go tsebe 138]
“Patlisiso ya bosheng e supa gore gore motho a dire tiro ya moapei o tlhoka bokgoni jwa go bala jwa maemo a bosupa, gore a dire tiro ya mmaakanyi wa dikoloi o tlhoka thutego ya maemo a borobabobedi, gape o tlhoka thutego ya maemo a borobabongwe kana a bolesome go dira tiro ya motlhokomela-dilwana”
[Ditshwantsho mo go tsebe 136]
Katiso eo motho o e ithutang kwa sekolong e ka go solegela molemo mo botshelong jwa gago jotlhe
[Setshwantsho mo go tsebe 137]
Batho ba ba senang bokgoni jwa dikgono tsa motheo tseo di rutwang kwa sekolong ba tlile go bona tiro ka bothata