LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 7
  • Ke Dire Eng Fa ke Sa Rate Sekolo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Dire Eng Fa ke Sa Rate Sekolo?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ke Tshwanetse go Tlogela Sekolo?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • A ke Tshwanetse go Tlogela Sekolo?
    Tsogang!—2010
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Ithuta ka Natla kwa Sekolong?
    Tsogang!—1992
  • A ke Tlogele Sekolo?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 7
Mosimane o kwa sekolong o kgobegileng marapo.

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Dire Eng Fa ke Sa Rate Sekolo?

Go a tlhaloganyesega gore goreng o sa rate sekolo.a Gongwe o na le barutabana ba ba bogale, o lebana le kgatelelo ya balekane, ditlhatlhobo di go tsenya seterese kgotsa o na le homework e ntsintsi. Mosha mongwe yo o bidiwang Rachelb a re:

“Nka itumelela go ya gongwe le gongwe fela go na le gore ke ye sekolong. Bogolo nka ya lewatleng, ka iketla le ditsala tsa me kgotsa ka thusa batsadi ba me ka go apaya le go phepafatsa!”

Fa e le gore o ikutlwa jaaka Rachel, sekolo se ka dira gore o ikutlwe e kete o legolegwa. A o ka kgona go leba sekolo ka tsela e e farologaneng?

A o ne o itse? Fa o leba sekolo ka tsela e e siameng ga se na go tlhola se go tsenya seterese. Go na le moo, se tla go thusa go nna le bokgoni jo bo farologaneng jo o ka bo dirisang fa o setse o godile.

Gore o kgone go leba sekolo ka tsela e e siameng, leka go tlhoma mogopolo mo dilong tseno:

Setshwantsho sa buka le pensele.

Dithuto tsa gago. Fa o ntse o ithuta o tla kgona go rarabolola mathata a o ka lebanang le one fa o setse o bereka kgotsa mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo go na le gore o ikaege ka ba bangwe go a rarabolola. Ipotse gore, ‘Le fa gone go na le dilo dingwe tse ke sa di rateng ka sekolo, se ntswela mosola jang?’

Molaomotheo wa Baebele: “Sireletsa botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya”​—Diane 3:21.

Go ithuta mo go oketsegileng bala setlhogo se se reng, “What if I’m Failing at School?”

Setshwantsho sa lenaane.

Mekgwa ya gago. Sekolo se ka go ruta go dirisa nako ya gago sentle le go itshwara sentle, gape se ka go ruta go nna motho yo o dirang ka natla. Mme dilo tseno di ka go thusa fa o setse o godile. Ipotse gore: ‘Sekolo se nthusa jang go nna motho yo o nang le maikarabelo le yo o dirang ka natla? Nka tokafatsa kae mo dikarolong tseno?’

Molaomotheo wa Baebele: “Tiro nngwe le nngwe ya bonatla e solegela molemo”​—Diane 14:23.

Go ithuta mo go oketsegileng bala setlhogo se se reng “Ke Eng Se se Ka Nthusang go Dirisa Nako ya me Sentle?”

Setshwantsho sa batho ba buisana.

Tsela e o dirisanang le ba bangwe ka yone. Go dirisana le bana ba o tsenang sekolo le bone go ka go thusa go nna kutlwelobotlhoko le go bontsha ba bangwe tlotlo. Mosha mongwe yo o bidiwang Joshua a re: “Go dirisana le ba bangwe go botlhokwa fela jaaka go ithuta hisitori kgotsa saense. Ke bokgoni jo o tla bo dirisang botshelo jotlhe.” Ipotse gore, ‘Ke ithutile eng kwa sekolong ka go dirisana sentle le ba bangwe le fa gone re sa godisiwa ka ditsela tse di tshwanang e bile re sa dumele mo dilong tse di tshwanang?’

Molaomotheo wa Baebele: “Lwelang go nna le kagiso le batho botlhe.”​—Bahebera 12:14.

Go ithuta mo go oketsegileng bala setlhogo se se reng, “How Can I Improve My Conversation Skills?”

Setshwantsho sa motho a tsamaya mo tseleng.

Bokamoso jwa gago. Sekolo se ka go thusa go lemoga bokgoni jwa gago le gore o ipeele mekgele go ya ka bokgoni jo o nang le jone. Mosha mongwe yo o bidiwang Brooke a re: “Gongwe o ka ithuta sengwe se se tla go thusang go bona tiro fa o fetsa sekolo.” Ipotse gore: ‘Ke tla kgona go itshedisa jang fa ke sena go fetsa sekolo? Nka itse jang gore ke ithutele eng gore ke kgone go bona tiro e ke e batlang?’

Molaomotheo wa Baebele: “Itse gore o ya kae.”​—Diane 4:26, Contemporary English Version.

a Bontsi jwa melaometheo e go tlotlilweng ka yone mo setlhogong seno e ka thusa bana ba ba tsenang sekolo ba le kwa gae kana ba ba homeschooled.

b Maina mangwe a fetotswe.

Se balekane ba gago ba se buang

  • Madison.

    “Fa re ntse re dira diporojeke ka ditlhopha ke ile ka tshwanelwa ke go bereka le batho ba ba farologaneng. Go dira jalo go ile ga nthuta go reetsa batho ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng le ba ba tshelang botshelo jo bo farologaneng le jwa me. Bontsi jwa bana ba ke neng ke tsena sekolo le bone ba ne ba dirisana le nna e bile ba ntlotla, e re ka ba ne ba itse gore le nna ke dirisana mmogo le bone sentle e bile ke sa ba tshwaye diphoso.”​—Madison.

  • Ryan.

    “Ke ile ka ithuta go leba bana ba ke tsenang le bone sekolo sentle. Bontsi jwa bone ba ne ba leka go dira se se siameng. Ka jalo, ke ne ke batla ditshono tsa go ba kgothatsa ke dirisa Baebele.”​—Ryan.

  • Brooke.

    “Sekolo se go thusa go nna le bokgoni jwa go dirisana le ba bangwe. E re ka o tlhola le bana ba o tsenang sekolo le bone, o ithuta go buisana le bone, go nna pelotelele le go aba. Ka nako ya go ikatisa, re tshameka metshameko ka ditlhopha mme seo se re ruta go dirisana le ba bangwe, e leng selo se o ka se kang wa se ithuta o le nosi.”​—Brooke.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela