LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 124
  • Nka Tokafatsa Jang Bokgoni Jwa me Jwa go Tlotla?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Tokafatsa Jang Bokgoni Jwa me Jwa go Tlotla?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng o tshwanetse go bua le motho lo lebane mo matlhong?
  • O ka simolola jang motlotlo?
  • Tsela ya go Tokafatsa Bokgoni Jwa go Tlotla
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Simolola Motlotlo Gore o Neele Bosupi O se Mo Bodireding
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Bontsha Gore o Amega ka Batho
    Rata Batho—Dira Barutwa
  • Nka Fenya Jang go Nna Ditlhong?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 124
Mosha a bua le ditsala tsa gagwe kwa sekolong ka break.

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Tokafatsa Jang Bokgoni Jwa me Jwa go Tlotla?

Se se mo setlhogong seno

  • Goreng o tshwanetse go bua le motho lo lebane mo matlhong?

  • O ka simolola jang motlotlo?

  • Se balekane ba gago ba se buang

Goreng o tshwanetse go bua le motho lo lebane mo matlhong?

Batho bangwe ba re go buisana ba lebane mo matlhong go thata e bile go tsenya seterese go na le go romela melaetsa.

“Go thata go buisana lo lebane difatlhego ka gonne go farologana le go romela molaetsa, ga o kgone go baakanya se o se buang kgotsa go se sutlha.”​—Anna.

“Fa o kwalela mongwe molaetsa, o akanya sentle ka se o tla se kwalang mme fa o bua le ene lo lebane difatlhego, ga o ka ke wa fetola se a setseng a se utlwile. Fa ke bua le mongwe re lebane difatlhego ke nna ke tshwenyegile ka gore ke se ka ka bua sepe se se phoso!”​—Jean.

Boammaaruri ke gore o tlile go tlhoka go ithuta go bua le batho lo lebane difatlhego. Ka sekai, o tlile go tlhoka go dira jalo fa o dira ditsala tse disha, fa o batla tiro kgotsa fa o batla go simolola go ikentsha le mongwe, fa o setse o siametse go dira jalo.

Ga o tlhoke go tshaba go bua le motho lo lebane mo matlhong. O ka ithuta go dira jalo tota le fa o le ditlhong.

Setshwantsho sa lobone.

Kakantsho: O se ka wa tshwenngwa ke gore o tla dira diphoso. Go tokafatsa bokgoni jono go tshwana le go ithuta go kgweetsa baesekele. O ka wa makgetlho a le mmalwa mme gone fa o ntse o ikatisa, o tla itse go e kgweetsa mme kwa bofelong o tla e itumelela.

“Ka dinako dingwe rotlhe re a tle re bue sengwe se se phoso se se re tlhabisang ditlhong. O se ka wa solofela gore o tla bua dilo tse di siameng ka metlha.”​—Neal.

O ka simolola jang motlotlo?

  • Botsa dipotso. Akanya ka sengwe se se ka kgatlhang batho mme o bo o simolola motlotlo ka sone. Ka sekai:

    “O ne o etetse kae ka malatsi a boikhutso?”

    “Websaete eno e a kgatlha. A o kile wa e bona?”

    “A o utlwile ka . . . ?”

    Gongwe lo ka tlotla ka sengwe se bobedi jwa lona lo se kgatlhegelang kgotsa se lo itumelelang go se dira. Ka sekai, gongwe lo tsena sekolo mmogo kgotsa lo badiri mmogo. Gongwe o ka botsa dipotso ka dilo tseno.

    Basha babedi ba a tlotla fa ba ntse ba ja. Setshwantsho sa se ba buang ka sone mme go tlhaga bolo mo go sone.

    “Akanya ka dipotso tse di kgatlhang le tse o ka ratang go utlwa dikarabo tsa tsone.”​—Maritza.

    Setshwantsho sa lobone.

    Kakantsho: Dipotso tse di tshwanang le tse re tlotlileng ka tsone di ka go thusa go simolola motlotlo. Fa go kgonega, botsa dipotso tse di tla dirang gore motho a itlhalose go na le gore a arabe ka ee kgotsa nnyaa fela. Ka sekai, go botoka gore o botse motho go re, “O itumeletse karolo efe ya movie?” go na le go mmotsa go re, “A o itumeletse movie?”

    Nna kelotlhoko: O se ka wa botsa dipotso tse dintsi tse di tla dirang gore batho ba ikutlwe ba sa phuthologa le tse di ka ba tlhabisang ditlhong. Dipotso di tshwana le, “Ke eng se o se tshabang thata?” kgotsa “Goreng o nna o apara diaparo tsa mmala o o blue?” di ka dira gore motho a ikutlwe a sa phuthologa. Potso ya bobedi e ka utlwala e kete o ba tshwayatshwaya diphoso.

    Sengwe gape se se ka go thusang ke go bolelela motho maikutlo a gago ka kgang e lo tlotlang ka yone pele ene a ka go bolelela maikutlo a gagwe. Fa o dira jalo, o tla itumelela motlotlo go na le gore lo nne le potsolotso.

    Mosha mongwe a apere uniform ya mapodisi a kwala mo pampiring. Go na le mosha yo mongwe yo o nang le ene mme o tshogile.

    A dipotso tse o di botsang di fetola motlotlo wa lona potsolotso?

    Molaomotheo wa Baebele: “Kgakololo mo pelong ya monna e ntse jaaka metsi a a boteng, motho yo o tlhaloganyo o tle a e ge fela.”​—Diane 20:5, Baebele e e Boitshepo.

  • Nna moreetsi yo molemo. Fa o batla go atlega mo go nneng le motlotlo o o molemo, go na le go bua thata nna moreetsi yo o molemo.

    “Fa ke tlotla le mongwe ke leka go ithuta sengwe se sesha ka ene. Morago ke leka go gopola se motho yoo a mpoleletseng sone, e le gore ke tle ke kgone go akanya ka dipotso tse ke tla mmotsang tsone fa re tlotla mo nakong e e tlang.”​—Tamara.

    Setshwantsho sa lobone.

    Kakantsho: Fa o felelwa ke motlotlo se tshwenyege. Leba tikologo e o leng mo go yone. A o ko sekolong? ko tirong? kgotsa kwa tiragalong nngwe fela? Lo ka tlotla ka sengwe se se amanang le lefelo le lo leng mo go lone kgotsa ka tiragalo e e diregang. Ka sekai o ka botsa modirimmogo ka wena go re, “Go go tsaya lobaka lo lo kae go fitlha mo tirong?”

    Nna kelotlhoko: O se ka wa tshwenyega ka se o tla se buang. Fa o reetsa ka kelotlhoko, o tla kgona go tsweletsa motlotlo ka kgang e motho yoo a buang ka yone.

    Molaomotheo wa Baebele: “Nna bonako go utlwa, bonya go bua.”​—Jakobe 1:19.

  • Bontsha batho gore o a ba kgatlhegela. O tla itumelela motlotlo fela thata fa o kgathalela motho yo o buang le ene.

    Basha ba babedi ba ntse kwa ntle, ba a tlotla mme ba lebane mo matlhong. Mongwe wa bone o reeditse ka kelotlhoko fa yo mongwe a ntse a bua.

    “Fa motho yo o buang le ene a bona gore o a mo kgathalela, motlotlo wa lona o tla nna monate tota le fa ka dinako dingwe lo ka felelwa ke se lo ka buang ka sone.”​—Marie.

    Setshwantsho sa lobone.

    Kakantsho: Akgola motho go tswa foo o bo o mmotsa potso. Ka sekai, “Jase ya gago e ntle jang! O e rekile kae?”

    Nna kelotlhoko: O se ka wa botsa ka dilo tse di sa go ameng. O se ka wa re, “Jase ya gago e ntle jang! O e rekile bokae?” ka gonne seo se ka kgopisa motho yo o buang le ene.

    Molaomotheo wa Baebele: “Tswelelang lo amega ka batho ba bangwe, mme lo se ka lwa tshwenyega ka dilo tse di amang lona fela.”​—Bafilipi 2:4.

O ka konela motlotlo jang? Mosha mongwe yo o bidiwang Jordan a re, “leka go konela motlotlo ka tsela e e siameng. O ka nna wa re ‘ke itumeletse go tlotla le wena.’ Kgotsa ‘o itumelele letsatsi la gago’ seo se tla dira gore go nne motlhofo go tlotla le ene mo nakong e e tlang.”

Se balekane ba gago ba se buang

  • Bethel.

    “Go ithuta go bua le ba bangwe go tshwana le go ithuta go bua puo e nngwe. Go ka nna thata fa o simolola mme fa o ntse o ikatisa o tla kgona.”​—Bethel.

  • Isaac.

    “Fa motho yo mongwe a bua le wena, reetsa ka kelotlhoko. Mo lebe mo matlhong. Tshikinya tlhogo ka tsela e e bontshang gore o dumalana le ene. Smaela. Batho ba itumela fa ba lemoga gore o ba reeditse.”​—Isaac.

  • Kate.

    “Ke ne ke nna ke tshogile fa ke bua le batho. Seo se a tle se ntiragalele ka dinako dingwe. Le fa go ntse jalo, ke thusiwa ke go akanya thata ka motho yo ke buang le ene go na le go akanya ka maikutlo a me.”​—Kate.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela