LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lmd thuto 1
  • Bontsha Gore o Amega ka Batho

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bontsha Gore o Amega ka Batho
  • Rata Batho—Dira Barutwa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Jesu a Ileng a se Dira
  • Re Ithuta Eng mo go Jesu?
  • Etsa Jesu
  • Itlotlele Fela
    Rata Batho—Dira Barutwa
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Tlotla le Batho Gore o Feleletse o ba Rerela
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Tsela ya go Tokafatsa Bokgoni Jwa go Tlotla
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Simolola Motlotlo Gore o Neele Bosupi O se Mo Bodireding
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Rata Batho—Dira Barutwa
lmd thuto 1

FA O SIMOLOLA MOTLOTLO

Jesu o bua le mosadi wa Mosamarea kwa sedibeng.

Joh. 4:6-9

THUTO 1

Bontsha Gore o Amega ka Batho

Molaomotheo: “Motho yo o lorato . . . ga a dire se se tswelang ene mosola fela.”​—1 Bakor. 13:4, 5.

Se Jesu a Ileng a se Dira

Jesu o bua le mosadi wa Mosamarea kwa sedibeng.

BIDIO: Jesu le Mosadi wa Mosamarea

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Johane 4:6-9. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1. Ke eng se Jesu a ileng a se ela tlhoko ka mosadi wa Mosamarea pele a simolola go tlotla le ene?

  2. Jesu o ne a re: “Ntshiele metsi.” Goreng re ka re o simolotse motlotlo sentle?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. Fa o tlotla le motho ka dilo tse a di ratang, lo ka nna le motlotlo o o monate.

Etsa Jesu

3. Fetofetoga le maemo. O se ka wa pateletsa go tlotla le batho ka se o se baakanyeditseng. Tlotla le bone ka se ba akanyang ka sone. Ipotse go re:

  1. ‘Go buiwa thata ka eng mo dikgannyeng?’

  2. ‘Baagelani, batho ba ke berekang le bone kgotsa ba ke tsenang sekolo le bone ba rata go bua ka eng?’

4. Nna kelotlhoko. Ipotse go re:

  1. ‘Motho yono o dira eng? A ka tswa a akantse ka eng?’

  2. ‘Tsela e a apereng ka yone, e a lebegang ka yone kgotsa e a kgabisitseng ntlo ya gagwe ka yone, e ka tswa e bontsha gore o dumela eng kgotsa ke wa lotso lofe?’

  3. ‘A nka kgona go tlotla le ene gone jaanong?’

5. Reetsa.

  1. O se ka wa bua thata.

  2. Mo letle gore a tlhalose gore ene o akanya eng. Fa go kgonega, mmotse dipotso.

BONA LE

Math. 7:12; 1 Bakor. 9:20-23; Bafil. 2:4; Jak. 1:19

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela