LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lmd thuto 2
  • Itlotlele Fela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itlotlele Fela
  • Rata Batho—Dira Barutwa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Filipo a Ileng a se Dira
  • Re Ithuta Eng mo go Filipo?
  • Etsa Filipo
  • Filipo—Moefangele yo o Tlhoafetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Simolola Motlotlo Gore o Neele Bosupi O se Mo Bodireding
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Bontsha Gore o Amega ka Batho
    Rata Batho—Dira Barutwa
  • Go Bolela “Dikgang Tse di Molemo ka Jesu”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Rata Batho—Dira Barutwa
lmd thuto 2

FA O SIMOLOLA MOTLOTLO

Filipo o rerela monna wa Moethiopia. Monna yono o bala momeno a le mo kareng.

Dit. 8:30, 31

THUTO 2

Itlotlele Fela

Molaomotheo: “Lefoko le le builweng ka nako e e tshwanetseng, ruri le molemo.”​—Diane 15:23.

Se Filipo a Ileng a se Dira

Filipo o rerela monna wa Moethiopia. Monna yono o bala momeno a le mo kareng.

BIDIO: Filipo o Rerela Monna wa Moethiopia

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Ditiro 8:30, 31. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1. Filipo o ile a simolola motlotlo jang?

  2. Tsela e a simolotseng motlotlo ka yone e mo thusitse jang gore a kgone go rerela monna wa Moethiopia?

Re Ithuta Eng mo go Filipo?

2. Fa re itlotlela fela le motho re phuthologile, le ene o tla phuthologa a bo a reetsa molaetsa wa rona.

Etsa Filipo

3. Nna kelotlhoko. O kgona go bona motho mo matlhong gore a ka tswa a ikutlwa jang. A go lebega a batla go bua le wena? O ka nna wa simolola motlotlo ka go mmotsa go re: “A o ne o itse gore . . . ?” O se ka wa pateletsa go tlotla le motho fa a sa batle go bua le wena.

4. Nna pelotelele. O se ka wa itlhaganelela go rerela motho. Itlotlele le ene fela, mme fa tshono ya gore o mo rerele e tlhaga, dira jalo. Ka dinako dingwe lo ka kgaogana fela o sa kgona go mo rerela.

5. Fetofetoga le maemo. Motho a ka simolola go tlotla ka sengwe se o neng o sa se akanya. Ka jalo, tlotla le ene ka temana e e tsamaisanang le se a buang ka sone, tota le fa e se temana e o neng o e baakanyeditse.

BONA LE

Mor. 3:1, 7; 1 Bakor. 9:22; 2 Bakor. 2:17; Bakol. 4:6

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela