Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Ithuta ka Natla kwa Sekolong?
‘Le gone, bontsi jwa dilo tseo re di ithutang kwa sekolong ke tse di felelang mo mogopolong fela. Ga go na sepe sa tsone seo tota se nang le mosola ope wa go ka thusa motho fa a se dirisa.’ ‘Ga ke rate tiro ya sekolo eo e dirwang kwa gae. Ke rata thata dilo tse dingwe go e feta, tse di tshwanang le metshameko le go intsha le ditsala tsa me.’
‘Ke a itse gore ke tlile go tsenela bodihedi jwa nako e e tletseng, ka gone ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go dira ka natla kwa sekolong?’
GANTSI basha ba ntsha dikakgelo tse di tshwanang le tseno ka nako ya fa ba bua ka sekolo le tiro ya sekolo eo ba e dirang kwa gae. Gongwe le wena o na le maikutlo a a tshwanang le ano a bone.
Ke boammaaruri gore fa go ka twe basha ba itlhopele fa gare ga go ithuta le boitlosobodutu, ga go na pelaelo epe gore ba le bantsi ba bone ba ne ba tla tlhopa boitlosobodutu. Bangwe ba bone ba ka nna ba bo ba eletsa gore ekete ba ka bo ba ne ba sa tshwanelwa gotlhelele ke go ithuta. Go ithuta ga se selo seo ba se lebang ka tsela e e masisi; ga ba kgone go akanya kafa go ithuta go leng botlhokwa ka gone mo matshelong a bone. Kafa letlhakoreng le lengwe, gongwe wena o motho yo o batlang go atlega kwa sekolong mme lefa go ntse jalo o sa kgatlhegele tiro ya gago ya sekolo go le kalo. ‘Tota nna ga ke motho yo ke ratang go ithuta,’ o ka nna wa bolela jalo.
E ka tswa o ikutlwa ka tsela efe fela, o kgatlhegela dilo dife, kana o na le dilo dife tseo o kgonang go di dira sentle ka botswerere, o ka kgona go atlega kwa sekolong. Mme lefa go ntse jalo o tshwanetse wa tlhotlhelediwa ke sengwe gore o atlege. Ebile fa o sekaseka melemo eo o ka nnang wa nna le yone fa o ithuta ka natla seo se ka nna sa go tlhotlheletsa le go feta.
Go Katisa Boboko
Bontsi jwa dilo tseo o di ithutang kwa sekolong di ka nna tsa se ka tsa lebega di le mosola mo botshelong jwa gago gone jaanong. Fa e le gore ga o rulaganyetse mokgele wa botshelo jotlhe wa go nna rrasaense, ga go na pelaelo epe gore ga o kitla o dirisa molawana wa dipalo o o go kaelang wa physics go le kalo mo isagweng oo morutabana wa gago a ka nnang a tswa a o go rutile. Mo godimo ga moo, ga go kitla go direga gore jaaka motho yo o godileng o nne o tlhoke gore letsatsi le letsatsi o dirise madiri ka tshwanelo kana gore o balelele dienkele tsa khutlotharo e e nang le matlhakore a mabedi a a lekanang. ‘Ka gone, ke ka ntlha yang fa motho a tshwanetse go ithuta dilo tsotlhe tseo?’ o ka nna wa botsa jalo.
Selo se se teng ke gore, sekolo se go naya tshono ya go bapala kitsokakaretso e e molemo mo dilong tse dintsi tse di rutwang kwa sekolong tse di farologaneng, tse di ntseng jaaka hisitori, dikwalo, saense, thutafatshe, le dipalo. Kitso eno e e atlabetseng e tla oketsa tsela eo o tlhaloganyang lefatshe leno le le go dikologileng ka yone ebile e tla thaya motheo oo tshedimosetso e e kgethegileng e e oketsegileng e tla okelediwang mo go one. “Kicō e boheho mo go èna eo o nañ le tlhaloganyō,” go bolela jalo Diane 14:6.
Mo bukeng ya gagwe e e nang le setlhogo se se reng Savoir étudier (Go Itse Kafa O Ka Ithutang Ka Gone), Robert Bosquet o tswelela pele go tlhalosa gore nonofo ya mogopolo ya go ithuta “e tshwanetse ya tswelela pele go nna e lemogiwa le go dirisiwa.” O oketsa jaana: “Mang le mang o a itse gore mampodi wa metshameko o tla fitlhelela maduo a gagwe ao a gaisang otlhe fela morago ga gore a ikatise ka lobaka lo loleele eleng ikatiso eo mo go yone a lemogang kafa a ka dirisang ka botlalo ditsela tsa gagwe tseo ka tsone a kgonang go dira dilo ka botswerere. . . . Go ntse fela jalo le ka go itse kafa o ka ithutang ka gone: go dirisa nonofo ya gago ya mogopolo ka botlalo, go bona maduo ao a a gaisang otlhe, o dirisa nako le boiteko tse dinnyane fela.”
Ka gone tiro ya sekolo eo e dirwang kwa gae e ka nna ya bidiwa gore ke tiro ya go katisa boboko. “Boboko ke . . . selo se se raraaneng ka mo go boitshegang fela thata,” go bolela jalo buka e e nang le setlhogo se se reng How to Study, “ebile bo kgona go bereka sentle fa bo raraane ebile bo le mafaratlhatlha le go feta.” Ditiro tsa sekolo tseo o di fiwang gore o di dire di ka go thusa gore o tokafatse dinonofo tsa gago tsa go tlhoma mogopolo mo sengweng, go ntsha mabaka, go tshwarelela dilo ka tlhogo, go rarabolola bothata, le go dira ditshwetso tse di botlhale.
Go Gola mo Maikutlong le mo Semoyeng
Gape dingwaga tsa fa o santse o tsena sekolo ke nako ya go gola mo maikutlong le mo semoyeng. O tlhagolela mekgwa le maikutlo ao a tla bontshang fela thata gore o tlile go nna motho wa mofuta ofe ka nako ya fa o tla bo o le mogolo. A o tla bo o le motho yo o senatla mo tirong, yo o tlhaga, yo o ikgalemelang, le yo o nang le bokgoni mo tirong eo o e batlang—eleng mongwe yoo mothapi o tla batlang go mo thapa? Go ithuta gone jaanong jaana gore o nne le mekgwa e mentle ya go bereka le ya go ithuta go tla nna le melemo ya botshelo jotlhe mo go wena. (Bapisa Diane 22:6.) Gareng ga tse dingwe, go ka nna ga nna le diphelelo tse di seng kana ka sepe malebana le itsholelo ya gago ya mo isagweng le tiro eo o ka nnang wa e bona mo isagweng. Mo dikgwebong di le dintsi, go dirisiwa rekoto e e supang gore motho o rutegile go le go kana kang e dirisiwa jaaka selo se se bontshang gore ke tiro efe eo mokopatiro a ka nnang a kgona go e dira mo isagweng.
Gape mekgwa ya gago ya go ithuta e ama go gola ga gago mo semoyeng. Jesu o ne a ruta gore motho o tshwanetse go obamela Modimo ka “tlhaloganyō eotlhe” ya gagwe. (Mareko 12:30) Seno se kaya gore batlhanka ba Modimo ebong bannye le bagolo, ba tla tshwanelwa ke gore ba dirise ditlhaloganyo tsa bone ka tlhagafalo gore ba anye kitso eo Jehofa a e ba nayang le go tlhaloganya kafa ba ka e dirisang ka gone mo matshelong a bone.—Yohane 17:3; 1 Timotheo 4:7.
“Ke bona seno mo basheng ba bangwe bao ba lekanang le nna,” go akgela jalo Sylvie ebong morweetsana mongwe wa kwa Fora. “Mekgwa ya go ithuta eo ba neng ba na le yone kwa sekolong e ne ya tswelela pele mo mekgweng ya bone ya go ithuta ka namana mo dilong tsa semoya. Batho bao ba se kileng ba itlwaetsa go rata go ithuta kwa sekolong ba ne ba sena le eleng kgatlhego e e kalo mo go ithuteng Bibela ka namana.” Diane 10:4 e bolela jaana: “Motho eo o dihañ ka seatla se se bolea o tla a humanège: me seatla sa eo o tlhōahetseñ sea humisa.” Selo seno se itshupile se le boammaaruri mo go Sylvie ka tsela ya semoya. Mekgwa ya gagwe e mentle ya go ithuta e ne ya dira gore go nne motlhofo mo go ene gore a tlhaloganye Bibela ka tsela e e boteng. Selo seno se ne sa mo thusa gore a nne a iketleeleditse mokgele wa gagwe wa botshelo jotlhe wa go dira jaaka moefangele wa nako e e tletseng.—Bapisa Pesalema 1:2, 3.
Ithute Kafa go Ka Ithutwang ka Gone
Mme lefa go ntse jalo go tweng fa e le gore ga o motho yo o ratang go ithuta? Lemoga gore gantsi pharologano e kgolo e e leng gone fa gare ga morutwana yo o dirang sentle mo dithutong tsa gagwe le yo o sa direng sentle mo go tsone ke go dira ka natla—e seng go nna botlhale. “Ke ne ke sena botlhale jo bontsi joo ke tshotsweng ka jone jaaka fa basha bangwe bone ba ne ba na najo,” Sylvie o bolela jalo. “Gore ke atlege kwa sekolong, tota ke ne ke tshwanelwa ke gore ke tsenye marapo dinameng gore ke bone maduo a a kgotsofatsang.” Lemororo dithuto tsa sekolo e ne e se kgetsi e potlana mo go ene, Sylvie o ne a iteka ka tlhoafalo; o ne a ithuta eseng fela kafa go ithutwang ka gone mme gape le kafa a neng a ka ipelela go ithuta goo ka gone. “Ereka ke ile ka tlwaela go dira jalo,” o bolela jalo, “go ithuta serutwa sengwe kana go dira patlisiso malebana le sone e ne e se tiro e e boima go le kalo. Ke ne ka ithuta go dira seno ka tsela fela ya tlholego.”
Harry Maddox o bolela jaana mo bukeng ya gagwe e e bidiwang How to Study: “Botlhale bo le josi fela ga bo a lekana. Barutwana ba le bantsi ba ba botlhale go feta ba a retelelwa . . . ka gonne ga ba dire tiro ka botlalo, kana ka gonne ga ba ise ba ko ba tsamaye ba ithute kafa go ithutwang ka gone ka tsela e e ka ba solegelang molemo.” O oketsa jaana: “Go botlhokwa go ithuta mekgwa ya go ithuta e e solegelang molemo o sa e ithutele fela gore o tle o e dirise mo go ithuteng ga gago ga gone jaanong, mme e le ka ntlha ya gore mekgwa ya gago ya go bereka e tla go solegela molemo botshelo jotlhe jwa gago.”
Gantsi batho ba ipelela go dira dilo tseo ba kgonang go di dira sentle—mme ba rata go tila go dira dilo tseo ba sa kgoneng go di dira sentle. Gongwe he, ga o rate tiro ya sekolo ka go bo o sa tlhagolela ka mo go lekaneng ditsela tsa gago tsa go ithuta ka botswerere gore o dire tiro ya gago go nna e e itumedisang. Fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa o sa tlhome mogopolo wa gago mo go ithuteng ka fa go ithutwang ka gone? Go neelwa tshedimosetso e e mosola mo go kgaolo 18 ya buka e e bidiwang Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo.a
Leba Ka Kwa Ga Dingwaga Tsa Fa O Santse O Tsena Sekolo
Barutwana ba le bantsi ba tlhokomologa go ithuta fela ka go bo ba eletsa ekete ba ka bo ba dira sengwe se sele—se se ntseng jaaka go ijesa menate. Mme lefa go ntse jalo Diane 21:17 e tlhagisa jaana: “Eo o ratañ letlhapèlō o tla nna mohumanegi.” Go itlosa bodutu le go nna kwa ga mothakga di na le nako ya tsone. (Moreri 3:1, 4) Lefa go ntse jalo, ka nako ya fa o santse o tsena sekolo, go ithuta e tshwanetse ya nna sengwe sa dilo tseo di tlang pele mo go wena. Maduo ao o a bonang a tla ikaega segolo thata ka gore o iketleeleditse go iteka go le go kana kang. “Mo tihoñ [nngwe le nngwe e e boima] go na le thushō,” go bolela jalo Diane 14:23.
Seno ga se bolele gore go raya gore o tla rata serutwa sengwe le sengwe kana tiro nngwe le nngwe ya sekolo eo o e newang gore o e dire. Mme lefa go ntse jalo o ka leka go leba thuto ya gago jaaka selo seo ka moso se tla tsogang se go solegela molemo—o e leba jaaka go bapala kitso le go bapala ditsela tse di botswerere tseo di tla go thusang gore o tshele botshelo jo bo nang le mosola le jo bo nang le matswela. Ke boammaaruri gore dilo tseo di batlegang tsa thuto le maemo a itsholelo di farologana fela thata go ya ka dinaga ka go farologana ga tsone. Le eleng lefa go ntse jalo, basha ba le bantsi ba fetsa mo sekolong ba sa ithuta le eleng ditsela tse di botswerere tsa go ithuta tseo di leng botlhokwa go di gaisa tsotlhe; ba iphitlhela ba sa ipaakanyetsa kana ba sa tshwanelegele mefuta e le mentsi ya tiro. Mme e le ka ntlha yang go ntse jalo? Ka gonne ga ba a ka ba dira ka natla ka nako ya fa ba ne ba santse ba tsena sekolo.
Wena o se ka wa wela mo seraing seno! Leba ka kwa ga dingwaga tsa fa o santse o tsena sekolo o bo o rulaganye dilo gore o tle o kgone go itlamela morago ga fa o sena go fetsa sekolo. Ga go na pelaelo epe gore e ka nna ya re ka moso o bo o na le boikarabelo jwa gore o tlamele lelapa. (1 Timotheo 5:8; bapisa Diane 24:27.) Jaaka fa go ntse ka basha ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa, le wena o ka nna wa tswa o rulaganyetsa mokgele wa botshelo jotlhe wa go dira jaaka moefangele wa nako e e tletseng. O santse o tla tshwanelwa ke gore o itlamele mme gongwe le eleng go tlamela lelapa. Ka gone akanya ka isagwe. Go santse go na le nako e ntsi pele o fetsa sekolo, leka go batlisisa gore ke mefuta efe ya tiro eo e seng ya letsatsi lotlhe eo e leng gone mo lefelong leo o nnang mo go lone. Fa o dira ka natla mo tirong ya gago ya sekolo se se ka go thusa gore o nne le dikgono tse di tlhokegang gore o bone ditiro tse di ntseng jalo.
E ka tswa dithulaganyo tsa gago tsa mo isagweng e le dife, go a utlwala gore o ithute ka natla kwa sekolong. Nnyaa, ga go bolele gore o ka nna wa ba gaisa botlhe mo tlelaseng. Mme lefa go ntse jalo o ka kgona go itlwaetsa go rata go ithuta. Se se botoka mo godimo ga moo, o ka kgona go bapala kitso, dikgono, le mekgwa eo e tla go solegelang molemo botshelo jotlhe jwa gago.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E E Gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Dikgono tsa go ithuta tseo o di tlhagolelang ka nako ya fa o santse o tsena sekolo di tla go solegela molemo botshelo jotlhe jwa gago