Ke Direng Ka Tiro E E Kanakana Ya Sekolo ya Kwa Gae?
“Tiro e ntsi ya sekolo” e ile ya kaiwa fa e le sengwe sa dilo tse di bakelang basha letsapa
“Fa o sa rulaganya dilo tsa gago sentle, o latlhegelwa ke nako e ntsi o santse o akanya gore o ya go dira eng go tsweng foo”
‘GA RE na nako e e lekaneng!’ Go ne ga ngongorega jalo setlhopha sengwe sa baithuti ba sekolo se segolwane. Mathata a bakwa ke eng? Ke dilo tse sekolo di se tlhokang le tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae. Véronique yo mmotlana a re, “Ke simolola sekolo ka 8:00 a.m. ke bo ke ya go tswa ka 5:30. Fa ke ya go tsena kwa lapeng e setse e le 6:30. Go bokete. Batsadi ba tsaya gore botshelo jwa sekolo bo monate. Ga ba tlhaloganye gore sekolo se a lapisa le go wetsa dingalo, mme e bo e re re tsena kwa gae, re bo re dira tiro ya sekolo.” Sandrine yo o nang le dingwaga di le 17 o tlatsa jaana: “Ke dirisa diura tse di ka nnang pedi go ya go tse tharo bosigo bongwe le bongwe ke dira tiro ya sekolo, mo godimo ga mafelobeke.”
Véronique le Sandrine ba nna kwa Fora, koo baithuti ba nang le letsatsi le letelele go gaisa mo Yuropa yotlhe. Ka tsela e e tshwanang baithuti ba le bantsi mo dinageng tse dingwe tse dintsi ba ikutlwa ba wetse dingalo, ba kgobegile marapo, le go imelwa ke dilo tse ba tshwanetseng go di dira ka nako e ba nang le yone. “Tiro e ntsi ya sekolo” e ile ya kaiwa fa e le sengwe sa dilo tse gantsi di bakelang basha letsapa.
Ereka go le thata go bona ditiro mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, basha ba le bantsi ba bona fa go nna le thuto e e siameng e le kgang ya botlhokwa mo isagweng mo ditirong. Jaaka Violaine, yo e leng moithuti mo sekolong se segolwane, a bolela: “Seemo sa go ka bona tiro e e siameng se thatafetse mo e leng gore basha gompieno ba lemoga gore go na le selo se le sengwe fela se ba tshwanetseng go se dira—GO ITHUTA!”
A Nako Ga E A Lekana?
Lefa go le jalo, ba ba dirang sentle kwa sekolong ba itse gore go tlhoka nako e ntsi le nonofo. Mme fa o le mosha wa Mokeresete, go na le dilo tse dingwe gape tse di oketsegileng tse o tshwanetseng go di dira ka nako ya gago: go ya dipokanong tsa Bokeresete, go ithuta Bibela, go bolelela bangwe ka tumelo ya gago. (Yohane 17:3; Baroma 10:10; Bahebera 10:24, 25) Bibela gape ya re go na le nako ya go “tshega” le ya go ijesa monate. (Moreri 3:1, 4; 11:9) Fela jaaka mosha mongwe le mongwe o tshwanetse le wena wa bo o batla go nna le nako e e rileng ya go itlosa bodutu le go itapolosa. Mme lefa go le jalo, tiro ya sekolo e ka nna ya bo e lebega e go tlogelela nako e nnye ya go dira dilo tse o tlhokang go di dira—re sa bue sepe ka dilo tse o eletsang go dira.
Lefa go le jalo, gantsi ga se gore bothata ke go tlhoka nako go le nosi fela. Tshekatsheko nngwe e e dirilweng bosheng e bontshitse gore mabaka a le mabedi a ao a dirang gore baithuti ba dikolo tse dikgolwane ba nne le mathata a go ithuta ke “go sa dirise nako ya bone sentle” le “go sa rulaganye dilo sentle.” Jaaka mosha mongwe yo o bidiwang Olivier a ile a lemoga, go sa rulaganye dilo tsa gago sentle ga go ame maduo a gago fela. A re: “Fa o sa rulaganya dilo tsa gago sentle, o senya nako e ntsi o akanya gore ke eng se o yang go se dira mo nakong e e latelang.” Mme jaanong o ka dira jang gore o rulaganye dilo tsa gago sentle?
Go Baya Tiro Ya Sekolo mo Maemong a Yone
Sa ntlha o tshwanetse wa baya tiro ya gago ya sekolo mo maemong a yone. Bibela e re bolelela gore “re ele tlhoko dilo tse di botlhokwa.” (Bafilipi 1:10, NW) Mme fa o akanya ka seo, tota ke eng se se botlhokwa thata mo botshelong jwa gago? A ga e a tshwanela go nna maikarabelo a gago a semoya? Ka ebile jaana, Jesu a ile a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè.” (Mathaio 6:33) Seno se raya go baya kwa pele dipokano tsa Bokeresete, thapelo, go ithuta, le tiro ya go rerela ba bangwe.
A seno se raya gore tiro ya sekolo ga e botlhokwa? Nnyaa le eseng. Mme jaaka Mokeresete, mokgele wa gago wa go ithuta ga e a tshwanela go ipaakanyetsa tiro nngwe ya boitshidiso. Go na le moo, e tshwanetse ya nna go ithutela ditiro tse di tla go thusang mo tirong ya gago ya go nna modihedi wa Modimo. Fa kafa letlhakoreng le lengwe, o ipaakanyetsa go bereka gore o tle o itlhokomele, gongwe le go tlhokomela lelapa nako nngwe. (1 Bathesalonia 4:11, 12; 1 Timotheo 5:8) Go itse seno go tshwanetse ga go dira gore o leke ka natla go dira bojotlhe jwa gago kwa sekolong. Fa kafa letlhakoreng le lengwe o tshwanetse go dira maiteko a a rileng go ipoloka o nonofile semoyeng.
“Go shwèla lobaka molèmō” go dira maikarabelo a semoya, ditiro tsa mo lapeng, boitlosobodutu, le tiro ya sekolo, e ka nna kgwetlho eleruri, le fa go le jalo go ka dirwa.—Baefesia 5:15, 16.
Mosola wa go Sala Morago Mokgwa o o Rileng wa go Dira Dilo
Tsela e nngwe ya go sola nako molemo ke ka go nna matsetseleko ka tsela e o ithutang ka yone. Kgaolo 18 ya buka ya Dipotso tse Basha ba di Botsang—Dikarabo tse di Nang le Tharabololo e fa dikgakololo di le mmalwa tse di nang le mosola.a Ka sekai, a o kile wa leka go dira lenaane kana wa tlhoma mokgwa wa go dira tiro ya gago ya sekolo?—Bapisa Bafilipi 3:16.
Harry Maddox o kwadile jaana mo bukeng ya gagwe e go tweng How to Study, “Kwa ntle ga pelaelo mathata a magolo mo go ithuteng, ke go palelwa ke go nna fa fatshe le go simolola go ithuta ka tlhoafalo ka metlha.” Go tweng ka wena? A o seegela fa thoko go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae go fitlhelela maikutlo a gago a re o e dire—kana fa go lebega maemo a go letla? Moreri 11:4 e tlhagisa jaana: “Èna eo o tlhokometseñ phehō ga a ketla a yala; le eo o gopolañ maru ga a ketla a rōba.”
Harry Maddox o tswelela ka go bolela gore: “Go motlhofo fela thata go senya nako e ntsi. Fa o sa ipeele nako o ka nna wa fitlhela o diriseditse nako e o ka bong o ne o e ithuta ka yone go lebelela [thelebishene], go bala makasine, . . . ka na go dira sengwe sa dilo tse dintsi tse baithuti ba ba sa kgoneng ba ka kgatlhegelang thata go di dira go na le go dira tiro ya bone. Fa o na le lenaane mme o ikaeletse go le latela, le nna jaaka molao o o sa tshwanelang go tlolwa, mme kwa morago go le latela go nna motlhofo, mme o bo o simolola go le tsaya fela jaaka karolo ya tlholego ya botshelo jwa gago.”
Fa o dira tiro ya gago ya sekolo ka thulaganyo le ka mokgwa o o tshwanetseng, go ka nna ga direga gore o nne le nako e ntsi. Go rulaganya dilo sentle ga gago gape go tla thusa go kgoreletsa go thulana gope magareng a go fetsa tiro ya gago ya sekolo le go dira maikarabelo a gago a Bokeresete, jaaka go ya dipokanong tsa phuthego.
Rulaganya Nako ya Gago!
Go tweng ka dilo tse dingwe tse o batlang le tse o tlhokang go di dira, jaaka ditiro tsa mo ntlong? Mo ntlheng eno le gone, go rulaganya dilo ke gone konokono. Leka go dirisa dikakantsho tse di latelang:
Nna le lenaane la dilo tse o tshwanetseng go dira. Mogakalodi mongwe wa tiriso ya nako ebong Stephanie Winston o gakolola gore motho a tsamaye ka bukana ya go kwalela ya mo kgetsaneng ka nako tsotlhe. E dirise go kwala “mogopolo mongwe le mongwe, kabelo, mogala, tiro, kana mokgaphi—o monnye kana o motona, e e botlhokwa kana e e seng botlhokwa—fa e tlhaga.” Fa o leba kwa tshimologong, lenaane la gago le ka nna la lebega le le thata go ka le sala morago, mme ka go dirisa dikakantsho tse di latelang, o ka kgona go le fokotsa gore le tle mo selekanyong se se ka kgonegang go ka dirwa.
Baya dilo go ya ka botlhokwa jwa tsone. Seno se ka go thusa go lebagana thata le dilo tse tota o tlhokang go di dira. Kafa letlhakoreng le lengwe o ka ntsha dilo tse di ka nnang tsa nama di eme pele kana tse tota o senang nako ya go di dira.
Dira lenaane. Ee, latela lenaane la gago go dira ditiro—le kwale fa fatshe. Khalentara e nnye, kana diary, di ka nna tsa go thusa thata mo ntlheng eno. Go na le go go khina, lenaane le le rulagantsweng sentle le tla go thusa go laola nako ya gago botoka thata.
O seka wa ikaketsa. Ka go nna o lekeletsa, bona gore ke nako efe e e siametseng go dirang eng. Ka sekai, o ka nna wa fitlhela go le botoka go baya nako ya go dira tiro ya gago ya sekolo mo mesong ka mo o ka kgonang ka teng, fa mogopolo wa gago o santse o thantse sentle.
Legale, ela tlhoko gore, ga go reye gore o rulaganye motsotso mongwe le mongwe wa botshelo jwa gago. Dira gore go kgonege gore lenaane la gago le fetolwe, o bulele phatlha maemo a a sa solofelwang le a tshoganetso. Dira diphetogo fa go tlhokega, mme o leke go ngaparela lenaane la gago ka mo o ka kgonang ka teng. Tlhokomela: Gantsi go siame thata go beela nako e fetang selekanyo se o tla se tlhokang go dira tiro nngwe. O ka nna wa baakanya fa o ka fetsa go santse go setse nako.
Ipeele Mekgele. Seno se thusa gore o seka wa ema go fitlhelela motsotso wa bofelo pele ga o dira sengwe. Fa e le gore o na le tiro ya sekolo, leka go ipeela letlha la go e fetsa le le kwa pele thata ga letlha le e tshwanetseng go isiwa ka lone.
Ithute go ngaparela lenaane la gago. O ka raelesega go ya kwa gaabo tsala ya gago fa gone o tshwanetse gore o ka bo o ithutela ditlhatlhobo tsa makgaolakgang. Mme fa o ka jala ka boutsana mo go ithuteng ga gago, o ka nna ya re kwa morago wa roba maduo a a maswe. (Bapisa 2 Bakorintha 9:6.) Mo godimo ga moo, gantsi o itumelela nako ya fa o sa dire sepe fa e le gore o feditse tiro ya gago. Molaomotheo o o thusang ke o, Dilo tsa botlhokwa pele, monate kwa morago.
Go baakanya le go rulaganya dilo tsa gago go tla tlhoka nako, bopelotelele, le go ipaya mo taolong mo go golo, mme lefa go le jalo, Bakeresete ba bolelelwa gore ba nne boikgapo mo dilong tsotlhe. (1 Bakorintha 9:25) Go ithuta go ngaparela lenaane ke selo se se molemo sa go dirisa molaomotheo ono. Go ka felela ka gore o itumelele dilo tse o di kgonneng, o laole botshelo jwa gago, le go nna le nako e ntsi ya go dira dilo tse o di batlang le tse o tlhokang go di dira.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Nna le lenaane la go ithuta mme o le ngaparele