LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/09 ts. 4-8
  • ‘Ke na Le mo Gontsi Thata go go Dira!’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Ke na Le mo Gontsi Thata go go Dira!’
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tiro ya Sekolo e e Dirwang Kwa Gae E e Sa Feleng
  • Ditiro Tsa Morago ga Sekolo di Dira Gore ba Nne ba Tshwaregile
  • Go Batla Khumo
  • Nka Fetsa Jang Tiro Ya me Ya Sekolo?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Nka Bona Jang Nako ya go Dira Tiro Ya me Ya Sekolo?
    Tsogang!—2004
  • Ke Direng Ka Tiro E E Kanakana Ya Sekolo ya Kwa Gae?
    Tsogang!—1993
  • Nka Fenya Jang go Gatelelwa Maikutlo Kwa Sekolong?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 4/09 ts. 4-8

‘Ke na Le mo Gontsi Thata go go Dira!’

BATHO ba ba tsholetsang ditshipi ba metshameko ya Diolimpiki ga ba leke go tlhoma direkoto tse disha letsatsi le letsatsi. Ba ikatisa ka metlha ka go tsholetsa ditshipi tse dinnye mme ka tsela eno ba nna le maatla a go tsholetsa tse dikgolo. Fa ka metlha ba ne ba ka tsholetsa ditshipi tse dikgolo, ba ne ba ka gobatsa mesifa le ditokololo tsa bone mme seo se ne se tla dira gore ba se ka ba tlhola ba kgona go tsholetsa ditshipi.

Ka tsela e e tshwanang, e re ka o le moithuti, gongwe o dira ka natla kwa sekolong. Mme fa o newa tiro e e thata kgotsa o ipaakanyetsa ditlhatlhobo, o a bo o iketleeleditse e bile o kgona go dira maiteko a magolo le go feta.a Mme go tweng fa e le gore ka dinako tsotlhe o dira tiro ya sekolo e ntsi le ditiro tse dingwe? O ka nna wa fitlhela go le thata go ja sentle kgotsa go robala mo go lekaneng. Fa o nnela go bereka thata jalo, o sa je sentle e bile o sa robale sentle o ka nna wa feleletsa o lwala. Gongwe ke kafa o ikutlwang ka teng gone jaanong.b

Tiro ya Sekolo e e Dirwang Kwa Gae E e Sa Feleng

Hiroko,c moithuti mongwe wa dingwaga di le 15 wa kwa Japane a re: “Fa ke ntse ke ya kwa mephatong e e kwa godingwana, tiro ya me ya sekolo e e dirwang kwa gae e a oketsega mme e nna thata le go feta. Go tsaya nako e telele go e fetsa. Go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse ke batlang go di dira mme ke tshwanetse go naya morutabana tiro ya me ya sekolo e e direlwang kwa gae ka letsatsi le le latelang. Ka dinako tse dingwe ke ikutlwa ke tsenwa ke tsebetsebe.” Svetlana, wa dingwaga di le 14 wa kwa Russia o kwala jaana malebana le tiro e a e newang ya sekolo e a tshwanetseng go e dira kwa gae: “Go fetsa tiro ya me ya sekolo e e dirwang kwa gae go nna thata le go feta. Ngwaga le ngwaga ke nna le dirutwa tse di oketsegileng tse ke tshwanetseng go di ithuta mme barutabana ba re naya tiro e e oketsegileng thata. Mme gape, morutabana mongwe le mongwe o tsaya serutwa sa gagwe se le botlhokwa thata go feta tse dingwe. Go thata go tlhoma mogopolo mo serutweng sengwe le sengwe ka botlalo le go fetsa tiro yotlhe.”

Ke ka ntlha yang fa barutabana ba naya baithuti tiro ya sekolo e e dirwang kwa gae e ntsi jaana? Gilberto wa dingwaga di le 18 wa kwa Brazil o kwala jaana: “Barutabana ba re ba batla go re thusa gore re siamele go bona tiro ka nako ya fa re batla tiro e e batliwang ke batho ba le bantsi.” Le fa seo e ka tswa e le lebaka, o ka tswa o ikutlwa o na le kgatelelo e kgolo ka ntlha ya tiro e ntsi ya sekolo e e dirwang kwa gae e o e newang. Gongwe o ka fokotsa go gatelelwa mo maikutlong ka go fetola tsela e o e lebang ka yone le ka go tsaya dikgato tse di ka go thusang gore o rulaganye dilo tsa gago.

Tsaya tiro e e oketsegileng ya sekolo e e dirwang kwa gae e le thapiso e o e tlhokang gore o tle o kgone go atlega fa o godile. Le fa gone go bonala e kete nako e o dirang tiro ya gago ya sekolo e e dirwang kwa gae ga e kitla e fela, dingwaga tsa gago tsa go tsena sekolo di tla fela ka bonako go feta kafa o akantseng ka teng. Fa o simolola go bereka gore o itshedise, o tla itumelela go bo o ile wa fetsa ditiro tseo tse di thata. O tla ‘bona molemo ka ntlha ya tiro ya gago ya bonatla’ e o e dirileng fa o ne o tsena sekolo.—Moreri 2:24.

O ka fokotsa go gatelelwa mo maikutlong ka go ikgalemela le go rulaganya dilo tsa gago. (Bona lebokoso la setlhogo se se reng “Ditsela Tse di Mosola Tsa go Fokotsa go Gatelelwa mo Maikutlong.”) Fa o itirela thulaganyo ya go dira tiro ya gago ya sekolo e e dirwang kwa gae ka nako le ka kelotlhoko, barutabana ba gago ba tla simolola go go tshepa mme ba tla batla go go thusa. Akanya o na le kamano e e ntseng jalo le mongwe wa barutabana ba gago. Fa go ka direga sengwe se o neng o sa se lebelela mme o bo o mmolelela e sa le gale gore ga o a kgona go fetsa tiro ya gago, a ga o akanye gore a ka nna a akanyetsa seemo seo sa gago? Mongwe wa batlhanka ba Modimo e bong Daniele o “ne a ikanyega mme go sa fitlhelwa go latlhelela gope kgotsa sengwe se se boikepo mo go ene gotlhelele.” Go dira dilo ka tlhoafalo ga ga Daniele go ile ga dira gore kgosi e mmake le go mo ikanya. (Daniele 6:4) Fa o ka etsa Daniele malebana le tsela e o dirang tiro ya gago ya sekolo ka yone, o ka nna wa akanyediwa fa go tlhokega.

A go reetsa ka kelotlhoko mo tlelaseng, go dira tiro ya gago ya sekolo e e dirwang kwa gae le go fetsa diporojeke tsa sekolo ka nako go raya gore o ka se tlhole o gatelelwa mo maikutlong ka ntlha ya dilo tsa sekolo? Nnyaa, mme go gatelelwa mo maikutlong go go salang go ka nna ga bo go bakiwa fela ke go bo o batla go dira sentle. Go na le gore o batle tsela e e motlhofo ya gore o se ka wa nna le tiro ya sekolo, o ka nna tota wa feleletsa o batla go ithuta le go solegelwa molemo ke dithuto tsa mo tlelaseng.

Go gatelelwa mo maikutlong ka ntlha ya seo go ka go solegela molemo e bile ke sengwe se o tshwanetseng go nna le sone. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa lebana le go gatelelwa mo maikutlong go go kotsi le go go sa tlhokegeng.

Ditiro Tsa Morago ga Sekolo di Dira Gore ba Nne ba Tshwaregile

Akanya ka motho yo ka metlha a kgweetsang koloi ya gagwe ka lobelo lo logolo mme fa a fitlha mo letshwaong la go ema a bo a tshwanelwa ke go gata mariki ka bonako go emisa. Go tswa foo o gata mafura gape a bo a tloga ka lobelo. Mokgweetsi yo o kgweetsang botlhaswa jalo o tla feleletsa a dirile koloi ya gagwe eng? Go ka direga gore a senye enjene le dikarolo tse dingwe tsa koloi. Mme pele ga seo, a ka nna a e senya mo kotsing e e masisi.

Ka tsela e e tshwanang, baithuti ba le bantsi ba dira gore mebele le megopolo ya bone e bereke ka tsela e e feteletseng pele le morago ga sekolo. Mo bukeng ya gagwe ya Doing School, Denise Clark Pope o ne a kwala se se latelang ka baithuti bangwe ba le mmalwa ba a kopaneng le bone: “Ba ne ba simolola phakela kwa sekolong, ura kgotsa di le pedi pele ga nako e bagolo ba le bantsi ba simololang tiro ya bone ka yone, mme gantsi ba fetsa bosigo thata, morago ga go ithapisetsa kgwele ya dinao, go ithapisetsa tantshe, dikokoano tsa lekgotla la baithuti, tiro ya boitshediso e e seng ya letsatsi lotlhe le nako ya go dira tiro ya sekolo e e dirwang kwa gae.”

Fa baithuti ba dira dilo tse dintsi jalo letsatsi le letsatsi, ba ka tswa ba ipakela mathata. Ka ntlha ya go gatelelwa thata mo maikutlong, ba ka nna ba nna le mathata a mala le go opiwa ke tlhogo. E re ka go lapa thata go go sa feleng go koafatsa thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse, ba ka nna ba lwala. Mme go ise go ye kae, lobelo lo ba dirang dilo ka lone lo a fokotsega mme ba ka nna ba kgaratlha tota go boa ba nna le maatla gape. A o ntse o diragalelwa ke sengwe se se tshwanang le seo?

Go siame go dira ka natla gore o fitlhelele mekgele e e siameng, mme le fa o ka tswa o na le maatla a a kana kang, go na le selekanyo se se rileng fela se o ka se dirang ka letsatsi. Baebele e re neela kgakololo eno e e utlwalang: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Ditlhaloso tse pedi tsa go nna “tekatekano” ke “go sa feteletse dilo” le “go kgona go dira ditshwetso tse di botlhale.” Motho yo o tekatekano o dira ditshwetso tse di seng kotsi mo go ene ka boene kgotsa mo bathong ba bangwe. O itshupa e le motho yo o godileng mo tlhaloganyong, e leng selo se se botlhokwa thata mo lefatsheng le le sa tlhomamang la gompieno. Ka gone, gore o nne o na le botsogo jo bo siameng, nna tekatekano—tlogela dilo dingwe tse di seng botlhokwa tse o di dirang.

Go Batla Khumo

Le fa go ntse jalo, mo basheng bangwe, go nna tekatekano go bonala e le sekgoreletsi go na le gore e nne sengwe se se ka ba thusang go fitlhelela mekgele ya bone. Baithuti ba ba ntseng jalo ba dumela gore selo se se botlhokwa se se ka dirang gore motho a atlege ke go nna le tiro e e duelang madi a mantsi le dikhumo tse motho a di bonang ka ntlha ya tiro eo. Pope o ne a fitlhela gore basha bangwe ba a neng a kopana le bone ba ne ba akanya jalo. O ne a bolela jaana: “Baithuti bano ba eletsa e kete ba ka kgona go robala diura tse di oketsegileng le go tokafatsa botsogo jwa bone, mme dilo tse dintsi tse ba di dirang, go akaretsa sekolo, lelapa le maikarabelo a tiro, di ne di sa ba letle go dira phetogo eno. Ka tsela e e tshwanang, ba ne ba eletsa e kete ba ka kgona go nna le nako e e oketsegileng le ditsala, ba dira dilo tse dingwe kgotsa ba ikhutse, mme bontsi jwa bone ba dumela gore ba ka se kgone go dira dilo tseno mme ba bo ba sa ntse ba kgona go nna le maduo a a kwa godimo. Ba ne ba lemoga gore ba tlhoka go tlhopha, mme mo go bone, go atlega mo isagweng go ne go le botlhokwa thata go feta boitumelo jwa bone jwa gone jaanong.”

Baithuti ba ba dirang ka natla jalo ba tla bo ba dira sentle fa ba ka akanyetsa se monna mongwe yo o botlhale a kileng a se bolela: “A motho o tla solegelwa molemo ka tsela nngwe fa a ka fenya lefatshe lotlhe mme a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe? Le e seng! Ga go na sepe se motho a ka se dirang gore a bone botshelo jwa gagwe.” (Mathaio 16:26, Today’s English Version) Ka mafoko ao Jesu Keresete o ne a re tlhagisa gore mekgele e re e gagamalelang mo lefatsheng leno ga e botlhokwa jalo gore re ikgobatse mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng.

Mo bukeng ya gagwe ya The Price of Privilege moithutatlhaloganyo e bong Madeline Levine o ne a kwala ka “boammaaruri jwa gore madi, thuto, maatla, maemo le dilo tse di bonalang ga di kitla di re sireletsa kgatlhanong le go sa itumele kgotsa mo malwetseng a a amanang le maikutlo.” Pope yo o umakilweng kwa pelenyana, o ne a bolela jaana: “Ke bona bana ba bantsi le batsadi ba leka go dira dilo ka tsela e e itekanetseng—ka gonne ka phoso ba dumela gore motho o tshwanetse a bo a itekanetse gore a tle a atlege.” Mme o oketsa jaana: “Re tshwanetse go kgaratlhela go nna le botsogo jo bo siameng—mo tlhaloganyong, mo mmeleng le mo semoyeng.”

Go na le dilo tse dingwe tse di botlhokwa thata go na le madi. Dilo tseno di akaretsa go nna le botsogo jo bo siameng mo maikutlong le mo mmeleng, go nna le segakolodi se se siameng le go nna le kamano le Mmopi wa rona. Tseno ke dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tse di tswang go Modimo. Fa di go latlhegela ka ntlha ya go batla botumo kgotsa dikhumo, go ka direga gore o se ka wa tlhola o nna le tsone gape. Re akantse ka seo, ela tlhoko se Jesu a neng a se ruta fano: “A bo ba itumela jang ne ba ba itseng gore ba tlhoka Modimo, ka gonne bogosi jwa Legodimo ke jwa bone!”—Mathaio 5:3, The New Testament in Modern English.

Basha ba le bantsi ba amogetse boammaaruri joo. Le fa ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang kwa sekolong, ba itse gore go atlega mo dithutong le go nna le dikhumo ga go dire gore motho a nne le boitumelo jo bo nnelang ruri. Ba lemoga gore go gagamalela mekgele e e ntseng jalo go dira gore ba gatelelwe mo maikutlong go sa tlhokege. Baithuti bao ba ile ba ithuta gore go kgotsofatsa “keletso ya bone ya go batla Modimo” ke motheo wa go nna le isagwe e e itumedisang tota. Bagatisi ba makasine ono kgotsa Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la lona ba tla itumelela go go bontsha kafa o ka itumelang ka teng fa o ntse o kgotsofatsa keletso ya gago ya go batla Modimo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Malebana le baithuti ba ba sa kgoneng go fitlhelela maduo a a kwa godimo kgotsa ba ba sa direng maiteko, bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . A Nka Tswa ke Dira Botoka Kwa Sekolong?” mo makasineng wa Tsogang! April 8, 1998, tsebe 18-20.

b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kgang eno, bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Direng Ka Tiro E E Kanakana Ya Sekolo ya Kwa Gae?” mo makasineng wa Tsogang! wa April 8, 1993, tsebe 13-15.

c Maina mangwe a fetotswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Le fa o ka tswa o na le maatla a le kana kang, o ka kgona go fitlhelela selekanyo se se rileng fela ka letsatsi

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Go nna le kitso ka Mmopi wa gago ke thuto e molemolemo e o ka nnang le yone

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]

DITSELA TSE DI MOSOLA TSA GO FOKOTSA GO GATELELWA MO MAIKUTLONG

❑ A o dirisa nako e ntsi o ntse o batlana le sengwe mo dipampiring le mo dibukeng tsa go kwalela dintlha, o leka go bona se o se batlang? Batho bangwe ba tlhoka go thusiwa go rulaganya dilo tsa bone botoka. O se ka wa tlhabiwa ke ditlhong go kopa ba bangwe dikakantsho.

❑ A o beela dilo nako e e tlang? Go bona gore o dira jang mo go seno, dira maiteko a go fetsa tiro ya gago ya sekolo pele ga nako. O tla gakgamala go bona kafa o ikutlwang o itumetse le go kgotsofala ka teng mme seo se ka nna sa go tlhotlheletsa gore o tlogele go tlhola o beela tiro ya gago ya sekolo nako e e tlang.

❑ A gantsi o iphitlhela o eta mogopolo fa o le mo tlelaseng? Leka go dira seno kgwedi yotlhe: Reetsa ka kelotlhoko fa go nna le dipuisano mo tlelaseng mme o bo o kwala dintlha tse di thusang tse o ka di dirisang moragonyana. O ka gakgamala go bona kafa tiro ya gago ya sekolo e nnang motlhofo ka teng. Go nna le matswela a a molemo jalo go ka fokotsa go gatelelwa mo maikutlong ga gago kwa sekolong.

❑ A o tlhophile dithuto tse di dirang gore o tswelele pele ka bonako mo sekolong mme e le tse di go tlhokang nako e e oketsegileng le maiteko a a oketsegileng? A go botlhokwa gore o tseye dithuto tseo? Bua le batsadi ba gago. Botsa mongwe yo o nang le boikutlo jo bo lekalekaneng ka thuto. O ka nna wa fitlhela gore dikhoso tse o sa patelesegeng go di dira ga di go thuse thata gore o gatele pele gore o aloge.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

LOBOTA LWA TSHIRELETSO LO LO IKAKANYEDIWANG

“Dilo tse di tlhwatlhwakgolo tsa mohumi ke motse wa gagwe o o nonofileng, mme di ntse jaaka lobota lo lo sireletsang mo mogopolong wa gagwe.” (Diane 18:11) Mo metlheng ya bogologolo, batho ba ne ba tshepile mabota a a kwa godimo gore a ba sireletse fa ba tlhaselwa. Mme akanya o nna mo motseng o o dikologilweng ke lobota lo o lo ikakanyetsang fela. Le fa o ka leka jang go itlhatswa pelo ka seno, lobota loo lo ka se ka lwa go sireletsa kgatlhanong le baba ba gago.

Jaaka batho ba ba nnang mo lefelong le le ntseng jalo le le sa sireletsegang, basha ba ba batlang dikhumo ba tla swaba. A o motsadi? O tla bo o dira sentle fa o ka thusa ngwana wa gago go tila serai sa go rata dikhumo le go nna mo motseng o o nang le lobota lo a lo ikakanyetsang fela.

Boammaaruri jo bo latelang jo bo theilweng mo Baebeleng bo ka go thusa go bontshana mabaka le morwao kgotsa morwadio:

◼ Gantsi dikhumo tse dintsi di tlisa mathata a a oketsegileng go feta a di a rarabololang. “Letlotlo la yo o humileng ga le mo letle go robala.”​—Moreri 5:12; 1 Timotheo 6:9, 10.

◼ Fa motho a rulaganya dilo tsa gagwe sentle, ga a tlhoke khumo gore a itumele. “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.”​—Diane 21:5; Luke 14:28.

◼ Go nna le lotseno lo lo lekaneng le le kgonang go thusa motho ka dilo tse a di tlhokang go ka dira gore motho a kgotsofale. “O se ka wa nnaya lehuma le fa e le dikhumo.”​—Diane 30:8.d

[Ntlha e e kwa tlase]

d Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le seru sa go rata dikhumo bona makasine wa Tsogang! ya April 8, 2003, tsebe 20-21.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Go leka go dira dilo tse dintsi thata ga go kitla go go solegela molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tsaya tiro ya sekolo e e dirwang kwa gae E SE bothata mme e le tsela ya go thapisediwa tiro

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela