LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 4/8 ts. 18-20
  • A Nka Tswa ke Dira Botoka Kwa Sekolong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Nka Tswa ke Dira Botoka Kwa Sekolong?
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo Bangwe ba Tshwara Maduo a a Kwa Tlase
  • Tlhotlheletsega
  • Mekgwa e e Siameng ya go Ithuta
  • Nna le Boikutlo jo bo Siameng
  • Go Gatela Pele le Mororo Go na Le Mathata
  • Nka Dirang go Tokafatsa Maduo A me A Sekolo?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Ithuta ka Natla kwa Sekolong?
    Tsogang!—1992
  • A Ke Tshwanetse go Tlogela Sekolo?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Dilo Tse di ka Dirisiwang go Bona Thuto e e Siameng
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 4/8 ts. 18-20

Basha ba Botsa Jwana. . .

A Nka Tswa ke Dira Botoka Kwa Sekolong?

“Batsadi ba me ba tsaya maduo e le selo sa botlhokwa. ‘O tshwere bokae mo tekong ya gago ya mathematiki? O tshwere bokae mo Seesemaneng?’ Ke sone se ke sa se batleng seo!”—Sam wa dingwaga di le 13.

SAM ga se ene fela a nang le bothata jono. Ke gone ka moo bakwadi ba buka ya “Could Do Better” ba kwadileng jaana: “Ga re ise re kopane le motsadi yo o akanyang gore ngwana wa gagwe o dira kafa a kgonang ka teng kwa sekolong.” Le fa go ntse jalo bontsi jwa basha, jaaka Sam, ba ikutlwa gore batsadi ba bone ba ba gatelela thata gore ba tokafatse tiro ya bone ya sekolo—gongwe le e leng gore ba gaise ba bangwe. Ba ka nna ba bo ba lebane le kgatelelo e nngwe gape mo phaposing ya borutelo. Mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ngongorega jaana: “Barutisi ga ba na bopelotelele. Ba batla gore o gakologelwe dilo ka bonako mme fa o sa kgone, ba go dira gore o ikutlwe o le seeleele. Ka gone, ga nke ke ikopisa tlhogo.”

Basha ba ba retelelwang ke go diragatsa ditsholofetso tsa batsadi ba bone le barutisi gantsi ba bidiwa ba ba tshwarang maduo a a kwa tlase. E bile ka kakaretso baithuti botlhe ka dinako dingwe ba tshwara maduo a a kwa tlase kwa sekolong. Ka ntlha yang? Selo se se kgatlhang ke gore ga se ka metlha e leng ka ntlha ya botswa kana go sa kgone go ithuta.a

Lebaka La go Bo Bangwe ba Tshwara Maduo a a Kwa Tlase

Gone ke boammaaruri gore fa go tliwa mo tirong ya sekolo, go na le basha bangwe ba e keteng ba kgotsofadiwa ke go falola kwantle ga go dira maiteko ape. Herman wa dingwaga di le 15 o ipobotse jaana: “Fa nka kgona go dira go le gonnye fela gore ke falole, ke dira fela jalo.” Le fa go ntse jalo, fa dilo di lejwa sentle, ga se gore basha bano botlhe ga ba rate go ithuta. E ka tswa e le fela gore ba fitlhela serutwa sengwe se sa kgatlhe. Go na le bangwe ba ba sa boneng mosola wa se ba se ithutang. Reuben wa dingwaga di le 17 o tlhalosa jaana: “Go na le dirutwa tse dingwe tse ke tlhomamisegileng gore ga di kitla di nthusa ka sepe fa ke fetsa mo sekolong.” Fa o sa kgatlhegele selo kana go se na sepe se se go tlhotlheletsang go ka felela ka gore o tshware maduo a a kwa tlase.

Go na le mabaka a mangwe gape. Ka sekai, fa morutisi a ruta ka bonako thata, o ka nna wa kgobega marapo. Fa a le bonya thata, o ka lapa pelo. Go tlhotlhelediwa ke balekane le gone go ka ama tsela e o atlegang ka yone kwa sekolong. Buka ya Kids Who Underachieve e tlhalosa jaana: “Fa ngwana yo o botlhale, yo o ithutang a batla go amogelwa ke setlhopha sa basha ba ba sa batleng go ithuta, a ka nna a ikutlwa a patelesega go dira gore a tshware maduo a a kwa tlase.” Ka jalo, mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ne a ngongorega ka gore fa a ne a dira ka natla fa a sa ntse a simolola kwa sekolong, ba bangwe ba ne ba mo fufegela le go mo sotla. Ee, mosha a ka nna a lebana le boammaaruri jwa molaomotheo o o mo go Diane 14:17: “Motho yo o nang le bokgoni jwa go akanya, o tlhoilwe.”—NW.

Ka dinako dingwe, mabaka a a dirang gore motho a bone maduo a a kwa tlase ke a a raraaneng thata. Ka maswabi, basha bangwe ba gola ba itsaya ka tsela e e sa siamang. Seno se ka direga fa ngwana ka metlha a tewa maina a a sa siamang, a a jaaka sematla, seeleele kana setshwakga. Ka maswabi, mosha a ka tsaya gore o tsaletswe gore a tshwane le one maina a a a teilweng. Go ntse jaaka fa ngaka nngwe e re, “fa o boleletswe gore o seeleele e bile o go dumela, o tla dira dilo fela jalo.”

Gantsi dilo tse batsadi le barutisi ba di buang ka go sotla ba a bo ba di bua ka maikaelelo a a siameng. Le fa go ntse jalo, le teng moo, basha ba ka nna ba ikutlwa gore ba batlwa dilo di gana go fela. Fa e le gore go lebega go ntse jalo le ka wena, tlhomamisega gore batsadi ba gago le barutisi ga ba leke go go tlhakanya tlhogo. Gongwe ba batla fela gore o dire sotlhe se o ka se kgonang. Le fa go ntse jalo, go tlhobaediwa ke go batla go bona maduo a a kwa godimo go ka go dira gore o ineele. Mme gone, o se ke wa ineela: O ka kgona go dira botoka kwa sekolong.

Tlhotlheletsega

Kgato ya ntlha ke go tlhotlheletsega! Gore o dire jalo, o tlhoka go nna le maikaelelo ka se o se ithutang. Baebele ya re: “Motho yo o lemang o tshwanetse go lema ka tsholofelo le motho yo o phothang o tshwanetse go dira jalo ka tsholofelo ya gore o tla nna moji.” (1 Bakorinthe 9:10) Ga se ka metlha go leng motlhofo go bona botlhokwa jwa “go lema” mo dirutweng tse di rileng. Ka sekai, o ka nna wa re, ‘Ke batla go nna morulaganyi wa dikhomputara. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse ka ithuta hisitori?’

Ke boammaaruri gore ga se sengwe le sengwe mo dilong tse o di rutwang kwa sekolong tse di lebegang di amana le se o batlang go se ithutela—gongwe e seng jaanong. Le fa go ntse jalo, leka go lebela dilo kwa pele. Thuto e o tlileng go e bona mo dirutweng tse di farologaneng e tla nonotsha kitso ya gago ka lefatshe le le go dikologileng. Bontsi jwa basha gareng ga Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lemoga gore thuto e e akaretsang dilo tsotlhe e ba thusitse “go nna dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe,” e leng se se ba dirang gore ba nne le bokgoni jo bo tseneletseng jwa go abela batho ba mefuta yotlhe molaetsa wa Bogosi. (1 Bakorinthe 9:22) Le e leng le fa serutwa sengwe se lebega se se na mosola ope, o ka solegelwa molemo ka go se ithuta ka tlhoafalo. Fa nako e ntse e tsamaya, o tla oketsa ‘bokgoni jwa gago jwa go akanya,’ e leng selo se kgabagare se tla go solegelang molemo thata.—Diane 1:1-4.

Gape sekolo se ka go thusa go senola bokgoni jo bo iphitlhileng jo o nang le jone. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Timotheo jaana: “O kgotletse jaaka molelo mpho ya Modimo e e mo go wena.” (2 Timotheo 1:6) Go bonala fa Timotheo a ne a tlhometswe maemo mangwe a a kgethegileng a tirelo mo phuthegong ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, bokgoni jwa gagwe jo a bo neilweng ke Modimo—“mpho” ya gagwe—bo ne bo tlhoka go tlhagolelwa e se re gongwe jwa nna fela mme jwa senyega. Gone mme, dikgono tsa gago tsa kwa sekolong ga wa di newa ke Modimo ka tlhamalalo, jaaka mpho ya ga Timotheo. Le fa go ntse jalo, dilo tse o di kgonang—e ka tswa e le go taka, mmino, mathematiki, saense le dirutwa tse dingwe—ke tsa botlhokwa mo go wena mme sekolo se ka go thusa go lemoga dimpho tse di ntseng jalo le go di nonotsha.

Mekgwa e e Siameng ya go Ithuta

Le fa go ntse jalo, e le gore sekolo se go solegele molemo, o tla tlhoka thulaganyo e e molemo ya ka metlha ya go ithuta. (Bapisa Bafilipi 3:16.) Rulaganya gore o nne le nako e e lekaneng ya go ithuta tshedimosetso e e lekaneng, le fa go ntse jalo, dira gore o nne le nako ya go ikhutsa e le gore o ka lapologa. Fa e le gore go ithuta ga gago go akaretsa go bala, simolola ka go sekaseka tshedimosetso eo e le gore o ka tlhaloganya gore e bua ka eng. Sa bobedi, itirele dipotso tse di theilweng mo setlhogong sa kgaolo kana mo ditlhogong tse dikgolo. Mme o bale, o ntse o senka dikarabo tsa dipotso tse o di ipoditseng. Kwa bokhutlong, bona gore a o gakologelwa ka tlhogo se o se ithutileng.

Amanya se o se ithutileng le se o setseng o se itse. Ka sekai, khoso ya saense e ka nna tsela e ka yone o ka lemogang “dinonofo tse di sa bonaleng” tsa Modimo. (Baroma 1:20) Hisitori e ka go lemotsha boammaaruri jwa polelo eno: “Jehofa, ke a itse fa tsela ya motho e se mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Fa o ntse o ithuta ka natla, o tla fitlhela gore go ithuta go nna motlhofo—e bile go a itumedisa! Solomone o ne a re: “Kitso e bofefo mo go ene yo o nang le tlhaloganyo.”—Diane 14:6.

Nna le Boikutlo jo bo Siameng

Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe go tshwara maduo a a kwa tlase go amana le ditsala tse motho a di tlhophang. A ditsala tsa gago di go kgothaletsa go atlega kgotsa a bone ka bobone ba tshwara maduo a a kwa tlase? Seane sa Baebele se bolela jaana: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.” (Diane 13:20) Ka jalo tlhopha ditsala tsa gago ka botlhale. Tsalana le batho ba ba nang le boikutlo jo bo siameng ka sekolo. O se ka wa okaoka go bua le morutisi wa gago ka namana kaga mokgele wa gago wa go tokafatsa maduo a gago. Ga go pelaelo gore morutisi wa gago o tla tsenya marapo dinameng go go thusa gore o dire jalo.

Fa o na le maikutlo a a sa siamang kaga bokgoni jwa gago, akanya ka sekai sa ga moaposetoloi Paulo. Fa batho ba ne ba nyatsa bokgoni jwa gagwe jwa go bua, o ne a araba jaana: “Le e leng fa ke se setswerere mo puong, eleruri ga ke a nna jalo mo kitsong.” (2 Bakorinthe 10:10; 11:6) Ee, Paulo o ne a tlhoma mogopolo mo dilong tse a di kgonang go na le mo makoeng a gagwe. Ke dilo dife tse o nang le bokgoni mo go tsone? Fa o sa kgone go di lemoga, ke ka ntlha yang o sa bue le mogolo mongwe yo o tla go emang nokeng? Tsala e e ntseng jalo e ka go thusa go lemoga dikgono tse o nang le tsone le go di dirisa ka botlalo.

Go Gatela Pele le Mororo Go na Le Mathata

“Tlhoma mogopolo wa gago, dithata tsotlhe tsa gago mo dilong tseno, e le gore botlhe ba bone go gatela pele ga gago.” (1 Timotheo 4:15, Phillips) Paulo o ne a kgothaletsa Timotheo yo o neng a setse a atlega gore a gatele pele mo bodireding jwa gagwe, fela jaaka rre a bua le morwawe. Mo metlheng ya Baebele lediri la Segerika “gatela pele” fa le ranolwa jaaka le ntse le ne le bolela “go sega o ya kwa pele,” e leng se se gakololang motho ka motho yo o segang ditlhatshana gore a kgone go feta mo sekgweng. Ka dinako dingwe, go ya kwa sekolong go ka nna jalo. Le fa go ntse jalo, go ka nna motlhofo go tsaya tselana e e ntseng jalo ya sekolo fa o akanya ka matswela a a itumedisang a kgabagare o tla nnang le one.

Maiteko, go tlhotlheletsega le go ithuta di a tsamaisana. Fa re tshwantsha: Akanya ka motho yo o tshamekang seletswa sa mmino. Fa a se itumelela, o se tshameka thata. Fa a ntse a se tshameka, o nna a tokafala, e leng se se oketsang boitumelo jwa gagwe. Fa re nna re ithuta, go nna motlhofo thata gore re ithute dilo tse dingwe. Ka jalo o se ke wa kgobiwa marapo ke tiro ya sekolo. Dira maiteko a a tlhokegang, itsalanye le ba ba tla go thusang gore o atlege mme o gakologelwe le go dirisa mafoko ano a ga Asaria go Kgosi Asa wa bogologolo: “Mabogo a lona a se repe, gonne tiro ya lona e tlaa duelwa.”—2 Ditirafalo 15:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Basha ba ba nang le mathata a go ithuta ba ka nna ba lebana le dikgwetlho tse di kgethegileng. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona Tsogang!, July 8, 1996, ditsebe 28-30.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

O se ke wa okaoka go bua le morutisi wa gago kaga mokgele wa gago wa go tokafatsa maduo a gago

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Le e leng le fa serutwa sengwe se lebega se se na mosola ope, o ka solegelwa molemo ka go se ithuta ka tlhoafalo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela