Dikitsiso
◼ Dibuka tse di tla dirisiwang ka November: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R3,50. December: Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R10,50. January: Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? ka moneelo wa R3,50. February: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R10,50. Dibuka tse dipotlana ke R5,30.
◼ KGAKOLOLO: Tsweetswee tlhomamisa gore o bona betšhe ya gago ya Kopano ya Kgaolo ya “Poifo ya Bomodimo” nako e santse e le teng. Mmoledi mongwe le mongwe o tshwanetse gore a e tsenye ka nako ya kopano gore e mo tlhaole jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Dibetšhe di tla bo di seyo kwa dikopanong.
◼ Monongwaga go tla bo go sena thulaganyo ya Segerika mo kopanong ya kgaolo ya Gauteng. Bakaulengwe ba ba buang Segerika ba ka nna ba ya kwa thulaganyong ya Seesemane.
◼ CD-ROM Watchtower Library—1993 Edition e setse e le teng. Tlhwatlhwa ya phuthego, batho botlhe, le babulatsela ke R45,00.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse Di Leng Gone:
Seesemane: Watch Tower Publications Index 1991-1993 (phuthego le batho botlhe: R4,60; babulatsela: R2,80).
◼ Tse Di Leng Gone Gape mo Afrika Borwa:
Seesemane: Dibolumo tsa Watchtower tsa 1960 le 1961. Sezulu: Buka ya Kaelo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo.