A o Ipaakanyeditse go Lebana le Boemo jwa Kalafi jo bo Gwetlhang Tumelo?
Boloka tshedimosetso eno fa o ka e bonang teng ka bonako fa o e tlhoka
1 Ga go na ope yo o akanyang gore a ka iphitlhela a le kwa kokelong gompieno kana ka moso. Lefa go ntse jalo, ‘rotlhe re diragalelwa ke motlha le bowelo.’ (Mor. 9:11) Le e leng fa o sa amogele kalafi jaaka tsela ya go tlhokomela botsogo jwa gago, o tla dirang go itshireletsa gore o se ka wa tshelwa madi a o sa a batleng fa o ka idibala morago ga kotsi mme wa isiwa kokelong ka bonako? Ee, kotsi kana fa botsogo jwa gago bo koafala ka bonako go ka dira gore o iphitlhele o lebane le boemo jo bo gwetlhang tumelo ya gago.
2 Fa o ka iphitlhela o le kwa kokelong ka ntlha ya lebaka lepe fela, o tla dirang go boloka bothokgami jwa gago fa mongwe koo a go bolelela gore o tla swa fa o sa tshelwe madi? A o tla itlhaganelela go dumela gore maiphako ao a bontsha gore tota o mo boemong jo bo ntseng jalo? A o tlhatswegile pelo tota gore ga o batle madi? A o ipaakanyeditse go lebana le kgwetlho eno ya tumelo ya gago le go ‘ithiba mo mading’?—Dit. 15:28, 29.
3 Gore o tle o kgone go atlega go gana madi a o sa a batleng a a tla go kgotlelang semoyeng, o tshwanetse wa bo o tlhatswegile pelo tota ka seo. O tshwanetse wa bo o tlhatswitswe pelo ke go tlhaloganya ka botlalo se Baebele e se bolelang ka madi. Fa go sa nna jalo, tsela e o ikutlwang ka yone ka nako eo, e tla dira gore o tshosiwe motlhofo ke mongwe yo o bolelang gore o itse botoka go go gaisa ka boemo joo. A o tla tsiediwa ke go akanya gore gongwe dingaka di itse botoka ka madi go feta kafa Modimo o itseng ka teng? Eleruri, mo maemong ano o tla batla go ‘itisa’ gore o dire “se se molemo” mo matlhong a ga Jehofa, go sa kgathalesege gore batho ba reng. (Dute. 12:23-25) A mme gone o tshwanetse wa lebana le kgwetlho eno o le nosi?—Mor. 4:9-12.
LEPHATA LA TIRELO YA TSHEDIMOSETSO KAGA DIKOKELO LE DIKOMITI TSA PUISANO LE DIKOKELO
4 Mokgatlho o tlhomile Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso kaga Dikokelo kwa Brooklyn go thusa batho ba ba tlhokang thuso fa ba lebane le bothata jwa go tshelwa madi. Lekala lengwe le lengwe le na le Lephatana la Tshedimosetso kaga Dikokelo. Mo Afrika Borwa le mo dinageng tse di bapileng le yone Mokgatlho o tlhomile Dikomiti tsa Puisano le Dikokelo di le 12 mo ditoropong tse dikgolo. Dikomiti tseno di na le bagolwane ba ba fetang 50 ba ba katisitsweng go dira tiro eno.
5 Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso kaga Dikokelo le kgona go dira patlisiso mo makwalopakeng a tsa kalafi mo lefatsheng lotlhe go bona tshedimosetso e e leng teng ka mekgwa e mentsi ya go ara le go alafa kwantle ga madi. Morago ga moo, e neela Dikomiti tsa Puisano le Dikokelo, mafelo a dikokelo, le dingaka dingwe tshedimosetso eno e e malebana le kgatelopele mo go tsa kalafi. (Ka dinako tse dingwe Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso kaga Dikokelo le ile la anamisa ditlhogo tse di nang le tshedimosetso ya kalafi e e bontshang se se ka dirwang kwantle ga madi e bile ba atlega go fokotsa kgogakgogano e e nnang teng kwa kokelong.) E dira gore dikomiti tseno di itse ditshwetso tsa kgotlatshekelo tse re neng ra di fenya tse di tla thusang baatlhodi go tlhaloganya dikgetsi tsa rona botoka. Mme gape e boloka direkoto tsa dingaka tse di dirisanang mmogo le rona gore dikomiti di tle di nne le difaele tse di nang le tshedimosetso ya bosheng fa go tlhaga mathata a go tshelwa madi.
6 Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso kaga Dikokelo gape le okamela tiro le go katisiwa ga Dikomiti tsa Puisano le Dikokelo. Kwa ditoropong tse di leng kwa go tsone, Dikomiti tsa Puisano le Dikokelo di nna le dipuisano tse mo go tsone ba abelanang tshedimosetso le badiri ba kokelo gore ba tokafatse kamano ya bone fa gare ga tsone le bone. Mme gape ba kopa badiri bano gore ba batle dingaka tse di oketsegileng tse di ka re alafang kwantle ga madi. Bakaulengwe bano ba iketleeditse go go thusa, mme lefa go ntse jalo go na le dikgato tse di botlhokwa tse o tshwanetseng go di tsaya pele tse di tla dirang gore ba kgone go dira tiro ya bone ka tsela e e molemolemo.
DIKGATO TSE DI BOTLHOKWA TSE DI TSEWANG PELE—A O SETSE O DI TSERE?
7 Sa ntlha, o tshwanetse go tlhomamisa gore botlhe mo lelapeng ba tladitse dikarata tsa bone tsa medical directive ka botlalo—di na le letlha, di saenilwe, di na le basupi. Bakaulengwe bangwe ba ba ileng ba fitlha kwa kokelong ba sa kwala dikarata tsa bone letlha e bile di sena basupi ba ile ba bolelelwa gore ga di kake tsa tsewa gore di kafa molaong. Mme a dikarata tsa identity tsa bana ba rona botlhe ba ba sa kolobediwang di tladitswe? Fa go sa nna jalo, fa ngwana wa gago a ka amega mo maemong a tshoganetso, badiredi ba kokelo ba tla itse jang boemo jwa gago malebana le madi mme ba tla itse jang gore ba bitse mang?
8 Morago ga foo, tlhomamisa gore botlhe ba nna ba tshotse dikarata tsa bone KA DINAKO TSOTLHE. Botsa bana ba gago gore a ba di tsere pele ba ya sekolong letsatsi lengwe le lengwe, ee, le e leng pele ga ba ya kwa lebaleng la metshameko kana kwa lefelong la boitshidilo. Rotlhe re tshwanetse go tlhomamisa gore re tshotse dikarata tseno mo go rona kwa tirong, fa re le mo boikhutsong, kana kwa kopanong ya Bokeresete. Le ka motlha re se ka ra tsamaya re sa di tshola!
9 A o ke o akanye gore go tla diragalang ka wena fa o ka fitlha kwa karolong ya tshoganetso ya kokelo o le mo boemong jo bo sa jeseng diwelang o idibetse kana o sa kgone go ipuelela. Fa o sa tshola karata ya gago, mme go sena mongwe wa losika kana mogolwane mongwe kwa kokelong yo o ka go buelelang, go bo go dirwa tshwetso ya gore o ‘tlhoka madi’ o ka nna wa tshelwa madi. Ka maswabi, seno se ile sa diragalela bangwe. Mme fa re tshotse karata eno, e a re buelela, e tlhalosa se re se batlang.
10 Ke ka lebaka leo karata ya kalafi e le botoka go gaisa leseka la kalafi le le rwalwang mo letsogong kana mo thamong. Lone ga le tlhalose mabaka a rona a a thailweng mo Baebeleng a go bo re tsaya boemo jo bo ntseng jalo e bile ga le a saeniwa go tshegetsa se se kwadilweng foo. Tshwetso e e dirilweng ke kgotlatshekelo nngwe ya kwa Canada e ne ya bolela jaana ka karata ya kgaitsadi mongwe: “[Molwetsi yono] o tlhophile tsela e e leng yone e le yosi fela e e ka kgonang go itsise dingaka le batho ba bangwe ba ba tlhokomelang botsogo, gore fa go ka diragala gore a idibale kana ka tsela nngwe a sa kgone go tlhalosa gore ga a batle go tshelwa madi.” Ka jalo le ka motlha o se ka wa tsamaya o sa e tshola!
11 E re ka di-medical directive tsa rona di diretswe segolobogolo go re thusa mo maemong a tshoganetso, he fa o itlhophela go ariwa go tla nna botlhale gore o ikwalele tshedimosetso e e tlhalosang ka botlalo (e e thailweng mo medical directive ya rona) gore o tle o kgone go akaretsa dintlha tse di tlhalosang sentle, tse di tshwanang le mofuta wa karo e o e batlang, le maina a dingaka le kokelo. O na le tshwanelo ya go dira seno mme ka tsela eno o tlhomamisa gore o bona kalafi e o e batlang. Le e leng fa wena le ngaka ya gago lo ka tswa lo sa lebelela gore go ka tlhaga mathata ape a a masisi, tlhalosa gore go dirisiwe foromo eno fa go ka direga sengwe se se sa lebelelwang.—Dia. 22:3.
12 Kgato e e latelang ya botlhokwa ke go bua le badiredi ba tsa kalafi ba ba tla go tlhokomelang fa o itlhophela kalafi kana mo maemong a tshoganetso. Ke bomang ba tota o tshwanetseng go bua le bone?
BUA LE BADIREDI BA TSA KALAFI
13 SETLHOPHA SA TSA KALAFI: Eno ke nako ya gore o se ka wa boifa batho. (Dia. 29:25) Fa go bonala o sa tlhomamise dilo sentle, mongwe a ka nna a swetsa gore ga o a tlhoafala. Fa go tlhokega gore o ariwe, fa o itlhophela kana mo boemong jwa tshoganetso, wena kana mongwe yo o gaufi thata wa lelapa o tshwanetse go botsa tlhogo ya setlhopha se se arang dipotso o ititeile sehuba. Potso nngwe e e botlhokwa ke gore, A setlhopha se tla dira jaaka molwetsi a batla mme lefa maemo e ka nna afe ba alafe kwantle ga madi? Fa o sa tlhomamisediwa seno ga o kitla o sirelediwa ka botlalo.
14 Mmolelele ka phepafalo le ka tsela e e nang le seriti gore o tlhatswegile pelo gore o batlang. Mo tlhalosetse sentle gore o batla gore bolwetsi jwa gago bo alafiwe ka mokgwa mongwe o go sa dirisiweng madi mo go one. Bua o wetse dibete le ka bopelokgale ka advance medical directive ya gago le ka foromo e e gololang kokelo go nna le molato. Fa ngaka e e arang e sa batle go dira se o se batlang, o tla boloka nako fa o ka kopa mookamedi wa kokelo gore a go batlele ngaka e nngwe. Eo ke nngwe ya ditiro tsa gagwe.
15 NGAKA E E IDIBATSANG: Mo bathong botlhe ba ba mo setlhopheng sa tsa kalafi ba o tshwanetseng go bua le bone pele ga o ariwa, O TSHWANETSE GORE O BUE LE NGAKA ENO. E re ka a na le boikarabelo jwa gore a go boloke o tshela fa ngaka e e arang e ntse e go ara, ngaka e e idibatsang ke yone e e dirang tshwetso mo dikgannyeng tse di jaaka go tshela madi. Ka jalo ga o a sireletsega ka botlalo fa o buile fela le ngaka e e arang. Ka jalo, o tshwanetse gore o bue e bile o tlhatswe ngaka e e idibatsang pelo ka boemo jwa gago, o tlhomamisa gore a boemo jwa gago bo tla tlotliwa kana nnyaa.—Bapisa Luke 18:3-5.
16 Go bonala ngaka e e idibatsang e tlwaetse go etela molwetsi ka nakwana e khutshwane bosigo thata mo bosigong jwa pele a ariwa—go setse go le thari thata fa e le gore ga a dumalane le boemo jwa gago jwa go gana madi. Fa o itlhophela go ariwa gatelela gore ngaka e e arang e tlhophe ngaka e e idibatsang e e tla dirisanang mmogo le wena go sa le gale gore o tle o bue le yone. Fa o dira jalo go tla bo go na le nako ya go batla e sele fa e le gore ya ntlha e gana go dira se o se batlang. O se ka wa dira gore ope a leke go dira gore o se ka wa dirisa tshwanelo eno ya gago ya go batla ngaka e e idibatsang e e tla go kgotsofatsang fa o ariwa.
17 O tshwanetse wa tlhalosetsa batho bano botlhe gore boemo jwa gago ga bo fetoge: GA O BATLE MADI. Kopa gore o alafiwe ka mekgwa e mengwe e go sa dirisiweng madi. Ba bolelele ka mekgwa epe e e itsegeng e go sa dirisiweng madi e e ka dirisiwang mo boemong jwa gago. Fa e le gore setlhopha sa tsa kalafi se akanya gore dilo tseo di ka se thuse mo boemong jwa gago, ba kope gore ba dire dipatlisiso ka dilo tse dingwe tse ba ka di dirisang mo dibukeng tsa kalafi. Ba tlhomamisetse gore fa ba rata o ka kgona go ba batlela tshedimosetso eo o dira jalo ka go kopa bagolwane ba gago gore ba ikgolaganye le Komiti ya Puisano le Dikokelo e e gaufi.
DIRISA DITSHWANELO TSA GAGO
18 Tlhatlhoba ka kelotlhoko foromo e e gololang kokelo gore e se ka ya bonwa molato le foromo e balwetsi ba e fiwang gore ba e tlatse fa ba amogelwa. Ka dinako tse dingwe fa ba sena fela go bolela gore ba tla dira se o se batlang, go na le serapa se se latelang se se bolelang gore motho yo o saenileng o dumela gore kokelo e ka nna ya dirisa kalafi “e e bolokang botshelo” fa ba nna le mathata. Seo se ka tswa se akaretsa madi. O na le tshwanelo ya go fetola mafoko a a ntseng jalo o akaretsa madi kana o thala mola mo godimo ga one. Baoki ba ka nna ba leka go go bolelela gore ga o a tshwanela go dira jalo, mme lefa go ntse jalo o ka kgona! Ba tlhalosetse gore foromo e e ntseng jalo ke tumalano e o e dirang le bone mme o ka se ka wa saena tumalano e o sa dumalaneng le yone. Fa mongwe a batla go go patelela go saena o sa batle, kopa go bua le mookamedi wa tsa kalafi le moemedi wa balwetsi wa kokelo eo kana mongwe wa bobedi jono.
19 A o ka kgona go dira dilo tse di ntseng jalo? Ee, o ka kgona. Ka jalo itse ditshwanelo tsa gago jaaka molwetsi. Ga o tlogele ditshwanelo tseno tsa gago kwa kgorong ya kokelo fa o tsena mo go yone. Ga go tlhokege gore o di latlhe gore o alafiwe. O se ka wa letla ope a go bolelela sengwe se se farologaneng le seo.
20 Tshwanelo nngwe e o nang le yone ke e go tweng ke tshwanelo ya go dumela fa o sena go fiwa tshedimosetso ka botlalo, se se rayang gore o ka se ka wa alafiwa ka tsela epe kwantle ga tetla ya gago. E bile o ka kgona go gana go alafiwa gotlhelele fa o batla. O ka alafiwa fela fa o sena go tlhalosediwa sentle gore setlhopha sa kalafi se batla go dira eng le gore dikotsi tsa gone ke eng. Morago ga foo, ba tshwanetse gore ba go bolelele gore ke mekgwa efe e mengwe e e ka dirisiwang. Morago ga foo, fa o sena go tlhalosediwa ka botlalo, o ka tlhopha kalafi e o e batlang.
21 Go tlhomamisa ka selo se o se dumelang, o TSHWANETSE go botsa dipotso tse di tshwanelang ka sengwe le sengwe se o sa se tlhaloganyeng, segolobogolo fa badiredi ba kokelo ba dirisa mafoko a o sa a itseng kana mafoko a tsa kalafi. Ka sekai, fa ngaka e bolela gore e tla rata go dirisa “plasma” o ka nna wa swetsa fela gore o raya “plasma volume expander,” mme e se yone. Pele o dumela, botsa gore: “A o bua ka sengwe se se dirilweng ka madi?” Malebana le mekgwa e a e dirisang botsa jaana: “A kalafi eo e akaretsa dilo tse di dirilweng ka madi?” Fa a tlhalosa motšhini mongwe o a ratang go o dirisa, mmotse jaana: “A madi a me a tla bolokiwa ka nako nngwe fa go dirisiwa motšhini ono?”
22 Mme ke eng se o tshwanetseng go se dira fa e le gore o setse o dirile dilo tseno tsotlhe mme ba santse ba sa batle go dira jaaka o kopa kana go na le ba ba leng kgatlhanong le boemo jwa gago? O se ka wa etsaetsega go kopa thuso. Batho ba bangwe ba ile ba diega thata go kopa thuso mme ba tsenya matshelo a bone mo kotsing.
THUSO E E BOTLHOKWA KA NAKO YA FA O E TLHOKA
23 Ela tlhoko mokgwa o o latelang wa go bona thuso e o e tlhokang: (1) Ka bonako fela fa wena kana moratiwa wa gago a tshwanetse gore a itlhophele go ariwa kana e le mo maemong a tshoganetso mme go na le kgogakgogano ka go bo kokelo e batla go dirisa madi; kana (2) fa bolwetsi jwa gago kana jwa mongwe yo o mo ratang bo nna maswe thata; kana (3) fa e le ngwana (kana mogolo), ngaka, mooki, kana mookamedi wa tsa kalafi wa kokelo a bolela gore o ile go batla taelo ya kgotlatshekelo, ka yone nako eo:
24 IKGOLAGANYE LE BAGOLWANE BA PHUTHEGO YA LONA fa e le gore ga o ise o ba bolelele. (Eleruri, go botlhale gore re itsise bagolwane ba rona nako nngwe le nngwe fa re ya kwa kokelong ka ntlha ya boemo jwa rona ka madi.) Morago ga foo, fa e le gore go a tlhokega, BAGOLWANE BA TLA IKGOLAGANYA LE KOMITI YA PUISANO LE DIKOKELO E E GAUFI. Fa o batla, bangwe ba ba ba leng mo Komiting ya Puisano le Dikokelo ba ka nna ba tla kwa kokelong ka nako eno go tla go go thusa.—Isa. 32:1, 2.
25 Bagolwane bano ba Komiti ya Puisano le Dikokelo ba itse gore ke dingaka dife tse di dirisanang mmogo mo lefelong la lona mme ba ka kgona go go golaganya le bone mme ba simolola go batla dingaka tse dingwe kana dikokelo tse dingwe tse di ka thusang. Fa go sena bape ba ba leng gaufi, bagolwane ba tla botsa komiti e nngwe e e gaufi. Mme fa seno se sa atlege, ba ka ikgolaganya le Lephatana la Tshedimosetso Kaga Dikokelo kwa Bethele. Gape ba ka nna ba rulaganya gore o bonwe ke ngaka e nngwe e e dumalanang le wena e e ka tlhalosetsang setlhopha sa kalafi se se go tlhokometseng gore go ka dirwang gore go se ka ga dirisiwa madi. Bakaulengwe ba ba leng mo Komiting ya Puisano le Dikokelo ba katisitswe go thusa mo maemong a a ntseng jalo.
26 Batho ba ba leng mo Komiting ya Puisano ya Dikokelo gape ba ka rata go thusa wena kana mongwe wa losika go bua le ngaka kana mookamedi wa tsa kalafi, mme lefa go ntse jalo o tshwanetse go kopa thuso eo. Gone mme, bakaulengwe bano ba ka se ka ba go direla ditshwetso, mme gantsi ba ka kgona go go thusa go leba dilo kafa Mokgatlho o di lebang ka teng le go itsise dilo tse o letliwang ke tsa kalafi le ke molao go di tlhopha.
27 Fa e le gore setlhopha seno sa kalafi se santse se sa batle go dirisana mmogo le wena, bua le mookamedi wa tsa kalafi wa kokelo ka gore a tlise badiredi bangwe ba ba tla dirang se o se batlang. Fa mookamedi a etsaetsega go dira jalo e bile e le FELA fa e le gore tota o na le ngaka e nngwe e e tla go arang felo gongwe mme o ka kgona go fudusediwa koo, he o ka nna wa kwalela mookamedi lekwalo le le nang le letlha le bile le saenilwe le na le maina a dingaka tse di ganang go dirisana mmogo mme o tlhalose gore ga o tlhole o batla gore ba go alafe.
28 A o kgona go dira seo? Ee, o na le tshwanelo ya go dira jalo. Mme fa kgang eno e isiwa go moatlhodi, lekwalo la gago le ka go thusa gore a bone se o se batlang. Mme gape seo se ka nna sa thusa dingaka tse dingwe tse di arang gore di gololesege go go thusa. Mme se se botlhokwa le go feta, se ka go thusa gore o alafiwe pele boemo jwa gago bo nna maswe thata. O se ka wa diega thata!
29 Le mororo re ka se ka ra bolelela ope gore a nne le inshorense ya kalafi, re tshwanetse gore re lo itsise gore gantsi go nna thata gore ngaka e e dirisanang mmogo e alafe batho ba ba senang madi a a lekaneng go duelela kalafi kana ba ba senang yone gotlhelele.
DIPOTSO TSE DI RARAANENG TSE RE TSHWANETSENG GO ITISA MO GO TSONE
30 O tshwanetse go itse gore dipotso tse dingaka le batho ba bangwe ba di botsang ga ba di botse ka maikaelelo a mantle. Potso e dingaka (le baatlhodi bangwe) ba ratang go e botsa ke e e reng:
• “A bogolo o ka swa (wa dira gore ngwana wa gago a swe) go na le gore o dumele ‘go tshelwa madi a a bolokang botshelo’?”
31 Fa o re ee, e tla bo e le karabo e e siameng go ya ka bodumedi. Mme lefa go ntse jalo gantsi karabo e e ntseng jalo ga e tlhaloganngwe sentle mme e bile e ka nna ya dira gore kgotlatshekelo e dire ditshwetso tse di sa itumediseng. O tshwanetse go gakologelwa gore ga o mo bodiheding. Go na le moo, o bua ka kalafi e e tlhokegang. Ka jalo o tshwanetse gore o tsamaisane le bareetsi ba gago, e ka tswa e le ba tsa kalafi kana ba molao.—Pes. 39:1; Bakol. 4:5, 6.
32 Fa e le ngaka, moatlhodi, kana mookamedi wa tsa kalafi, fa o re “ee” go ka nna ga bo go raya gore o batla go nna moswelatumelo kana o batla go ntsha ngwana wa gago setlhabelo ka ntlha ya tumelo ya gago. Gantsi ga go thuse sepe go ba bolelela gore o na le tumelo e e nonofileng mo tsogong ya baswi mo boemong jono. Ba tla go leba jaaka modumedi yo o feteletsang dilo yo a sa kgoneng go dira ditshwetso tse di utlwalang lefa botshelo bo le mo kotsing. Mo kgannyeng ya bana, ba ka nna ba go leba jaaka motsadi yo o sa tlhokomeleng bana yo o ganang kalafi e go tweng ke e e “bolokang botshelo.”
33 Mme lefa go ntse jalo GA SE gore o gana go alafiwa. Ke fela gore ga o dumalane le ngaka ka MOFUTA WA KALAFI. Boemo jono gantsi bo tla dira gore ba go lebe ba bo ba lebe kgang ka tsela e e farologaneng gotlhelele. Mo godimo ga moo, ba ka go tsietsa ka go dira e kete madi ke one FELA kalafi e e ka “bolokang botshelo.” (Bona Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?, ditsebe 7-22.) Ka jalo o tshwanetse go tlhalosa ntlha eo sentle thata. O ka dira seo jang? O ka nna wa araba jaana:
• “Ga ke batle go (ga ke batle ngwanake a) swa. Fa ke ne ke batla gore ke (ngwanake a) swe, nka bo ke ile ka nna kwa gae. Mme ke tlile kwano gore ke alafiwe gore ke (ngwanake a) tshele. Se ke se batlang ke mokgwa mongwe wa kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone e e tla alafang bolwetsi jwa me (jwa ngwanake). Go na le dilo tse dingwe tse di ka dirisiwang.”
34 Dipotso tse dingwe tse dingaka kana baatlhodi ba ratang go di botsa ke tse di reng:
• “Go tla diragalang ka wena fa o ka patelediwa go tshelwa madi ka taelo ya kgotlatshekelo? A o tla nna le molato?”
• “A fa o dumela kana fa o patelediwa go tshela madi go tla dira gore o kobiwe mo bodumeding jwa gago kana go tla dira gore o se ka wa bona botshelo jo bo sa khutleng? Phuthego ya gago e tla go leba jang?”
35 Kgaitsadi mongwe o ne a araba moatlhodi ka gore mo boemong jo bo ntseng jalo ga a kitla a bonwa molato ka tshwetso e moatlhodi a e dirileng. Lefa seno se ka tswa se le boammaaruri kafa letlhakoreng le lengwe, moatlhodi o ne a tsaya gore e re ka kgaitsadi yoo a se kitla a bonwa molato, ka jalo ene o tla rwala boikarabelo joo. O ne a laela gore a tshelwe madi.
36 O tshwanetse go tlhaloganya gore lebaka la go bo bangwe ba botsa dipotso tse di ntseng jalo, gantsi ba bo ba batla tsela e ba ka tilang lebaka la go bo o gana go tshelwa madi. O se ka wa ba fa tsela ya go dira jalo o sa ikaelela! Ka jalo re ka tila jang go sa utlwane gono? O ka nna wa araba jaana:
• “Fa nka patelelwa go tshelwa madi ka tsela epe, go tla bo go tshwana fela le fa ke betelelwa. Ke tla boga botshelo jwa me jotlhe mo maikutlong le mo semoyeng ka ntlha ya ditlamorago tsa go tlhaselwa ka tsela eo. Ke tla gana ka maatla a me otlhe gore mmele wa me o se ka wa gobololwa ka tsela eo ke sa batle. Ke tla dira gotlhe mo nka go kgonang go lwa le batlhasedi ba me fela jaaka nka dira fa ke betelelwa.”
37 Motho o tshwanetse go dira gore ba tlhaloganye sentle gore go tshelwa madi o patelelwa re go ila jaaka go gobololwa ga mebele ya rona. Ga se kgannyana e e sa reng sepe. Ka jalo itsetsepele. Ba tlhalosetse sentle gore o batla go alafiwa ka mokgwa o mongwe o go sa dirisiweng madi mo go one.
KE ENG SE O TLA SE DIRANG GO NNA O IPAAKANTSE?
38 Re sekasekile dilo dingwe tse o tshwanetseng go di dira gore o itshireletse wena mmogo le lelapa la gago gore lo se ka lwa tshelwa madi lo sa batle. (Re solofela gore moragonyana re tla lo fa tshedimosetso e e tla lo thusang fa go tsoga mathata a a tshosetsang gore masea le bana ba tshelwe madi.) Gape re bone se Mokgatlho o re se diretseng ka lorato go re thusa fa re tlhoka thuso. Re tshwanetse go dira eng ka tshedimosetso eno go tlhomamisa gore re tla bo re siametse go lebana le boemo bope jo bo gwetlhang tumelo?
Sa ntlha: Buisana le lelapa gore lo boeletse dintlha tseno mme lo rulaganye gore lo tla bua eng le gore lo tla dira eng segolobogolo mo boemong jwa tshoganyetso.
Morago ga foo: Dirang gore lo nne le dikarata tsotlhe tse di tlhokegang.
Go tsweng foo: Rapelang Jehofa thata ka kgang eno gore a lo tshegetse mo tshwetsong ya lona ya go ‘ithiba mo mading.’ Fa re utlwa molao ono o o malebana le madi re ka tlhomamisa gore o tla re naya botshelo jo bo sa khutleng.—Dit. 15:29; Dia. 27:11, 12.
[Box on page 5]
Fa bolwetsi jwa gago bo nna maswe thata mo go nnang le matshosetsi a gore o ka nna wa tshelwa madi, sekaseka lebokose leno go bona gore o tshwanetse go dira eng:
1. Ikgolaganye le bagolwane ba phuthego ya lona gore ba go thuse. 2. Dira gore bagolwane ba bitse Komiti ya Puisano le Dikokelo fa go tlhokega. 3. Komiti ya Puisano le Dikokelo e ka go thusa ka go bua le dingaka le ba bangwe.
4. Komiti ya Puisano le Dikokelo e ka go thusa gore o ikgolaganye le dingaka tse dingwe tse di ka buang le dingaka tse di go arang ka mekgwa e mengwe e e ka dirisiwang.
5. Gape Komiti eno ya Puisano le Dikokelo e ka go thusa gore o fudusediwe kwa kokelong e e tla go reetsang koo o ka bonang kalafi e o e tlhokang teng.