Dikgakololo tsa Kopano ya Kgaolo
Re akantse ka dikopano tse dikgolo ka December, tsweetswee gakologelwang seno:
Le mororo seemo se tokafetse mo dingwageng tse di fetileng, re santse re bona bakaulengwe ba bantsi, ba ba senang dikabelo dipe tsa kopano ba itsamaela fela ka nako ya thulaganyo. Ka jalo, re rata go kgothaletsa botlhe gore ba nne fa fatshe ka nako ya thulaganyo ba reetse ka kelotlhoko tshedimosetso e e neelwang.
Gore re tle re solegelwe molemo ka botlalo mo thulaganyong go botlhokwa gore re nne teng fa go opelwa pina e e simololang le thapelo le go nna go fitlha ka nako ya pina e e konelang le thapelo letsatsi lengwe le lengwe. Batho bangwe ba na le mokgwa o o maswe wa go tsamaya pele ga pina ya bofelo le thapelo, gore ba tle ba tile dikoloi tse dintsi.
Re tlhomamisa gore botlhe ba ba leng teng ba tla batla go latela dikgakololo tse di kgethegileng tseno.