LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/94 ts. 11
  • Masego A o Ka a Bonang fa o Dira le ba Bangwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Masego A o Ka a Bonang fa o Dira le ba Bangwe
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Babulatsela ba Thusa ba Bangwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • A o Ka Thusa mo Tirong ya go Dira Barutwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Mekgwa ya go Rera Dikgang Tse di Molemo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Itumelele Tiro ya go Dira Barutwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 11/94 ts. 11

Masego A o Ka a Bonang fa o Dira le ba Bangwe

1 A o akanya gore go na le molemo o o ka o bonang fa o dira le ba bangwe mo bodiheding? Jesu o ne a akanya jalo. Le mororo thobo e ne e le kgolo mme barobi ba ne ba tlhaela, o ne a roma barutwa ba le 70 go ya tshimong “ka bobedi le bobedi.” A bo botlhe ba ile ba solegelwa molemo jang ne ka go rera mo “metseng yotlhe, le gongwe le gongwe kwa le ene o tlogang a ya teng”!—Luke 10:1, 17; Math. 9:37.

2 Go dira le batho ba bangwe go tlhotlheletsa motho. Bangwe ba rona re ditlhong mme go thata go atamela batho ba re sa ba itseng. Fa go na le mongwe yo o tsamayang le rona re tlhatswega pelo go bua Lefoko la Modimo ka bopelokgale. Fa go na le mongwe yo o tsamayang le rona, go nna motlhofo gore re dire tiro ka tsela e re katisitsweng go e dira ka yone. (Dia. 27:17) Monna yo o botlhale o ne a bolela jaana: “Batho go nna babedi go molemo bogolo go a le mongwe fela.”—Mor. 4:9.

3 Go molemo go dira le baboledi le babulatsela ba ba farologaneng. Batho ba ba neng ba dira mmogo le moaposetoloi Paulo e ne e le Barenabase, Silase, Timotheo, le Johane Mareko, mme ba ne ba nna le masego a mantsi fa ba ne ba rera mmogo. Go ka nna fela jalo le gompieno. A o kile wa dira le mongwe yo o nang le nako e telele a le mo boammaaruring? Gongwe fa o sena go ela tlhoko botswerere jo a nang le jone fa a neela bosupi o ile wa bona ditsela dingwe tse di molemo tse di ileng tsa go thusa gore o tokafatse. A o kile wa tsamaya le baboledi ba ba sa tswang go kopanela? He, o ka tswa o ile wa kgona go ba bontsha dilo tse o di ithutileng mme ka tsela eo o ka tswa o ile wa ba thusa gore ba dire botoka le go feta mo bodiheding le gore ba bo itumelele thata.

4 A o na le thuto ya Baebele e o e tshwarang gone jaanong? Fa e le gore go ntse jalo, ke eng o sa laletse mongwe wa bagolwane kana molebedi wa potologo gore a tsamaye le wena? Go ka solegela diithuti tsa rona tsa Baebele molemo fa ba ka tlwaelana le balebedi. Fa e le gore o a etsaetsega go tshwara thuto mogolwane a le teng, gongwe a ka dumela go e tshwara mme wena o bo o ela tlhoko. Morago ga moo, ikutlwe o gololesegile go mo kopa dikakantsho tsa ka moo o ka thusang seithuti ka teng gore se dire botswelelopele ka bonako.

5 Nna motho yo o kgothatsang fa o dira le ba bangwe. Nna le mogopolo o o siameng fa o bua ka tshimo. Le ka motlha o se ka wa seba batho ba bangwe kana wa ngongorega ka dithulaganyo tsa phuthego. Tlhoma mogopolo wa gago mo bodiheding le mo masegong a a tswang kwa go Jehofa. Fa o dira jalo, wena mmogo le batho ba o tsamayang le bone lo tla boela gae lo lapologile semoyeng.

6 Maemo a gago a ka tswa a dira gore go nne bokete gore o dire ka metlha le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe. Lefa go ntse jalo, fa go kgonega, ke eng fa o sa rulaganye gore go nne le nako e o tla dirang le mmoledi yo mongwe? Lo tla segofala ka bobedi jwa lona!—Bar. 1:11, 12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela