Baebele—Tsela ya go Bona Kgomotso le Tsholofelo mo Lefatsheng le le Tletseng Matshwenyego
1 Lefatshe leno le gatelela fela thata e bile le dira gore batho ba tlhoke kgomotso le tsholofelo. Baebele ke yone fela tsela ya go bona kgomotso ya boammaaruri. E solofetsa batho lefatshe le lesha la tshiamo. (Bar. 15:4; 2 Pet. 3:13) Buka ya Insight, Bolumo 1, tsebe 311, e tlhalosa jaana: “Kwantle ga Baebele re ka bo re sa itse Jehofa, re ka bo re sa itse ka melemo e mentle e e leng teng ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete, mme re ka bo re sa tlhaloganye gore go tlhokega eng gore re bone botshelo jo bo sa khutleng mo pusong kana re le babusiwa ba Bogosi jwa Modimo jwa tshiamo.”
2 Ka November re tla bo re gatelela thata seabe se Lefoko la Modimo, Baebele le nang le sone mo go thuseng batho gore ba itshokele dikgatelelo tsa lefatshe leno. Re tla bo re tsamaisa buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Ke eng se re ka se buang se se ka thusang batho ba ba dipelo tse di siameng gore ba anaanele botlhokwa jwa Baebele?
3 Fa o sena go ikitsise, o ka nna wa bolela jaana:
◼“Kwantle ga pelaelo o ka ne o dumela gore go na le mathata a mantsi a a dirang gore re se ka ra nna le kagiso ya mogopolo. Re ka bona kae kgakololo e e nang le mosola e e ka re bontshang gore re ka itshokela jang mathata ano? [Letela karabo.] Ke fitlhetse Baebele e gomotsa ka gonne e re ruta gore re ka dira jang gore re itumele. [Bala Luke 11:28.] Boikaelelo jwa tiro ya rona ke go kgothatsa batho gore ba bale Baebele le gore ba solegelwe molemo ke taelo ya yone. Buka eno e e ka go thusang go ithuta Baebele ya, Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, e ka go thusa go dira seo. Ela tlhoko gore ya re mathata a mantsi a lefatshe a bakiwa ke eng. [Bala seela sa bobedi mo serapeng sa 9 mo tsebeng ya 187.] Fa e le gore o ka rata go bala buka eno, ke ka itumelela go go tlogelela kopi eno ka moneelo wa R3,50.”
4 Gongwe o ka rata go simolola motlotlo ka tsela e e motlhofo jaana:
◼ “Re rata go kgothaletsa batho gore ba tseele Lefoko la Modimo Baebele kwa godimo thata. Ke ka rata go go naya kopi ya pampitshana eno ya, Lebaka la Go Bo O Ka Ikanya Bibela. E tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa re ka ikanya Baebele gore e re fe tsholofelo e e tlhomameng ka lefatshe le le botoka. [Bala mo tsebeng ya 6, o bo o bala Pesalema 37:29 mmogo le serapa se se konelang.] Ipalele pampitshana eno, mme fa ke go etela gape mo nakong e e tlang, o mpolelele gore o akanya eng ka tsholofelo e re e fiwang ke Baebele.”
5 Baboledi ba bangwe ba ka nna ba batla go simolola motlotlo ka tsela eno e e tlhamaletseng gore ba simolole thuto ya Baebele:
◼ “Ke go etetse jaana go go itsise gore nka ithuta le wena Baebele mahala. Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo, mme kaelo ya yone e ka re thusa gore re baakanye dilo. Nka rata go go bontsha gore o ka ithuta Baebele jang ka buka eno e e ka go thusang go ithuta Baebele ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? [Bala tsebe ya 175, mme o tlotle ka dirapa 1-3 le mongantlo. O ikaegile ka kgatlhego e a e bontshang, bala lokwalo lo le longwe kana di le pedi mme o tlotle ka ntlha e e gatelelwang. Tlhalosa ka moo go bala ditemana tse di umakilweng go ka thusang mongantlo ka teng go itse mogopolo wa Modimo ka dikgang tse di rileng.] Nka rata go boa gape gore ke tle go tsweledisa motlotlo ono. Buka eno e ka nna ya gago ka moneelo wa R3,50 fela.”
6 Baebele e re naya kgomotso le tsholofelo mmogo le boammaaruri jo bo ka dirang gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. (Joh. 17:3, 17) Go bolelela batho ba bangwe ka kitso e e leng mo Baebeleng go itumedisa Jehofa yo, “o ratang gore batho botlhe ba ke ba bolokwe.”—1 Tim. 2:4.