LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/94 ts. 12
  • Ba Thuse Gore ba Utlwe “Gape ka ga Moo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Thuse Gore ba Utlwe “Gape ka ga Moo”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boela Kwa Bathong ba ba Neng ba Kgatlhega
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Kitso e e Tswang Kwa Modimong e Araba Dipotso Tse Dintsi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Baebele—Tsela ya go Bona Kgomotso le Tsholofelo mo Lefatsheng le le Tletseng Matshwenyego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Baebele—buka E Modimo A E Dirisang Go Kaela Batho Botlhe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 11/94 ts. 12

Ba Thuse Gore ba Utlwe “Gape ka ga Moo”

1 “Re tlaa ba re go utlwa gape ka ga moo.” (Dit. 17:32) Ke ka tsela eo batho bangwe ba neng ba arabela ka teng fa Paulo a ne a neetse puo e e itsegeng thata kwa Mars’ Hill. Go ntse fela jalo le gompieno, batho ba bangwe ba rata go utlwa mo go oketsegileng ka molaetsa wa Bogosi o re neng ra bua ka one le bone mo leetong la rona la ntlha.

2 Re ruta batho thata fa re boela kwa go bone go ya go tlhagolela kgatlhego. Go baakanyetsa sentle go tla re thusa gore re nne le matswela a a molemo. Buka ya Kaelo ya Sekolo mo tsebeng ya 51 e akantsha jaana: “Sa ntlha dira gore o tlhaloganye mabaka ao a tshegetsang tshedimosetso ya gago. Leka go akanyetsa gore ke ka ntlha yang fa selo se se rileng se ntse jalo. Tlhomamisa gore a o ka kgona go bua megopolo eo ka mafoko a gago. Tlhaloganya tshegetso ya Dikwalo sentle. Ipaakanyetse go dirisa dikwalo tseno ka mo go nang le matswela.”

3 Fa e le gore o ile wa tsamaisa buka ya “Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?,” o ka nna wa bolela jaana:

◼ “Fa re ne re tlotla mo nakong e e fetileng, re ile ra bua ka mabaka a go bo re ka ikanya Baebele. Buka e ke neng ka e go tlogelela e botsa potso e e reng, ‘Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Bala Bibela?’ [Bala ketapele e e mo tsebeng ya 5, mme o mo letle go araba potso e e kwa bofelong.] Baebele e re bolelela gore Modimo o tla tloga o rarabolola mathata a a raraaneng a batho, e bile e re kaela tsela e re tshwanetseng go tsamaya mo go yone gore re tle re itumelele masego a nako e e itumedisang eo. [Bala Pesalema 119:105.] Buka eno e diretswe go thusa motho ka namana le lelapa go ithuta Baebele. Nka rata go go bontsha gore o ka e dirisa jang.”

4 O ka nna wa bolela jaana mo bathong ba o ba tlogeletseng pampitshana ya “Lebaka La Go Bo O Ka Ikanya Bibela”:

◼ “Rotlhe re rata go itse gore go tla diragalang mo isagweng. Fa o lebile maemo a a renang mo lefatsheng gompieno, o akanya gore go tla diragalang? [Letela karabo.] Lefa batho bone ba ka kgona go fopholetsa fela gore go tla diragalang, Modimo one o itse sentle gore go tla diragalang. [Bala Isaia 46:10.] O ka nna wa gakgamadiwa ke go utlwa gore Baebele e bolela gore re tla tloga re itumelela lefatshe le lesha la paradaise. [Bala serapa sa boraro mo tsebeng ya 4.] Mma ke go bolelele mo go oketsegileng ka tsholofelo e ntle eno.”

5 Fa e le gore o boela kwa mothong yo o simolotseng thuto ya Baebele le ene, gongwe o ka leka go bolela jaana:

◼ “Malatsi a se makae a a fetileng ke ne ka go bontsha gore re ithuta jang Baebele ka go dirisa buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Re ile ra tlotla ka dirapa di sekae mo kgaolong ya 13, tse di bontshang ka moo Baebele e ka fetolang botshelo jwa motho ka teng. Jaaka ke ile ka solofetsa, a re tswelele pele ka motlotlo wa rona. A o ka rata go tla le kopi ya gago ya buka eno le Baebele ya gago?” Tswelela ka motlotlo go tloga fa o o feleditseng teng, o tlotla ka dirapa 4-6 mo kgaolong ya 13. Dira dithulaganyo tsa go boa gape go tla go tsweletsa motlotlo pele.

6 Ga go na sepe se se tlhwatlhwakgolo go feta go bolelela batho ba bangwe ka kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo. Kitso e e ntseng jalo e ruta batho go boifa Jehofa mme e kgothaletsa batho go tsamaya mo tseleng ya gagwe, e leng selo se se lereng masego a a nnetseng ruri.—Dia. 2:20, 21.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela