Babulatsela ba Thusa ba Bangwe
1 Jesu o ne a re: “Thobo e kgolo, eleruri, mme badiri ba mmalwa. Jalo lopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” E re ka barobi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba le mmalwanyana fela mme ba ne ba tshwanelwa ke go bereka tshimo e kgolo, Jesu a ka bo a ile a ba kaela gore ba buisane le batho ba le bantsi ka mo ba ka kgonang ka gone ka dikgang tse di molemo ka go ba roma ka bongwe ka bongwe. Go na le moo, o ne a “ba roma ka bobedi le bobedi.” (Luke 10:1, 2) Ke eng fa a ne a ba roma ka bobedi le bobedi?
2 Barutwa bao ba ne ba le basha e bile ba se na maitemogelo. Ka go bereka mmogo ba ne ba tla ithuta mo go ba bangwe le go kgothatsana. Jaaka Solomone a e baya, “batho go nna babedi go molemo bogolo go a le mongwe fela.” (Mor. 4:9, 10) Tota le fa moya o o boitshepo o se na go tshololwa ka Pentekosete ya 33 C.E., Paulo, Barenabase le ba bangwe ba ne ba tsamaya le badumedikabone mo bodireding. (Dit. 15:35) A bo bangwe ba ne ba na le tshiamelo jang ne ya go thapisiwa ka namana ke banna ba ba ntseng jalo ba ba nang le bokgoni!
3 Thulaganyo e e Molemo ya go Thapisa: Fela jaaka setshwani sa yone sa lekgolo la ntlha la dingwaga, phuthego ya segompieno ya Bokeresete ke phuthego e e rerang. Gape e a re thapisa. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go nna le keletso e e tswang mo pelong ya go neela dikgang tse di molemo ka tsela e e nang le matswela. E le gore baboledi ba le bantsi ba tokafatse bokgoni jwa bone, ba neilwe thuso.
4 Kwa Sekolong sa Bodiredi Jwa Bogosi se se neng se tshwerwe bosheng jaana, Mokgatlho o ne wa itsise ka thulaganyo ya gore babulatsela ba thuse ba bangwe mo bodireding jwa tshimo. A seno se a tlhokega? Ee, se a tlhokega. Baboledi ba ba fetang milione ba setse ba kolobeditswe mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, mme bontsi jwa bone bo tlhoka go thapisiwa gore ba nne le matswela mo tirong ya go rera. Ke bomang ba ba ka dirisiwang go dira seno se se tlhokegang?
5 Babulatsela ba nako e e tletseng ba ka thusa. Phuthego ya ga Jehofa e ba neela kgakololo le thapiso e e lekaneng. Babulatsela ba rutwa dilo tse ba tlhokang go di dira kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela sa dibeke tse pedi. Gape ba bona melemo mo dipokanong tse ba di tshwarang le molebedi wa potologo le wa kgaolo, le kaelo e ba e neelwang ke bagolwane. Le mororo e se babulatsela botlhe ba ba nang le maitemogelo a a tshwanang le a ga Paulo le Barenabase, ba amogetse thapiso e e molemo, e ba itumelelang go e abela ba bangwe.
6 Ke Bomang ba ba Tla Solegelwang Molemo ke Seno? A thulaganyo eno e diretswe baboledi ba basha fela kana le ba ba sa tswang go kolobediwa fela? Nnyaa! Go na le bana le bagolo ba ba itsileng boammaaruri ka dingwagangwaga mme ba ka anaanela go thusiwa mo dikarolong dingwe tsa bodiredi. Ba bangwe ba dira tiro e ntle thata fa ba tsamaisa dibuka mme ba palelwa ke go dira maeto a go boela kana go simolola dithuto tsa Baebele. Ba bangwe ba ka nna ba simolola dithuto tsa Baebele motlhofo fela mme ba tlhokometse gore baithuti ba bone ga ba gatele pele. Ba ka tswa ba tshwerwe ke eng? Babulatsela ba ba nang le maitemogelo ba ka kopiwa gore ba thuse mo dikarolong tseno. Babulatsela bangwe ba itse go tsosa kgatlhego, go simolola dithuto tsa Baebele le go kaela baithuti ba basha kwa phuthegong. Boitemogelo jwa bone bo tla thusa mo thulaganyong eno e ntšha.
7 A o fitlhela gore thulaganyo ya gago ga e go dumelele go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa phuthego tsa tirelo ya tshimo jaaka o ne o batla? Ka dinako tse dingwe mmulatsela a ka nna a bereka le wena fa baboledi ba bangwe ba se teng.
8 Go Tlhokega Tirisanommogo e Ntle: Gabedi ka ngwaga, bagolwane ba tla rulaganyetsa baboledi ba ba ka eletsang go thusiwa gore ba nne le seabe mo thulaganyong ya Babulatsela ba Thusa ba Bangwe. Fa o dumela go thusiwa ka tsela eo, kopana le mmoledi wa mmulatsela yo o abetsweng gore a go thuse, lo dire thulaganyo e e molemo ya tirelo, mme lo e kgomarele. Bolokang nako e e beilweng. Fa lo ntse lo bereka mmogo, leba ditsela tse di nang le matswela tsa go neela dikgang tse di molemo. Sekaseka lebaka la go bo ditsela dingwe tsa go bua le batho di na le matswela. Akanyetsa ka kelotlhoko dikakantsho tse mmoledi wa mmulatsela a ka go neelang tsone gore o tokafatse puisano ya gago. Fa o ntse o dirisa dilo tse o di ithutileng, botswelelopele jwa gago mo bodireding bo tla bonala, bo tla bonwa ke wena mmogo le ba bangwe. (Bona 1 Timotheo 4:15.) Berekang mmogo gantsi ka mo go ka kgonegang, lo dira dikarolo tsotlhe tsa bodiredi, go akaretsa go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo mme o tlhomile mogopolo mo karolong e o bonang o tlhoka thuso thata mo go yone.
9 Molebedi wa tirelo o kgatlhegela botswelelopele jo o tla bo dirang. Ka metlha, o tla buisana le motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego go bona gore thulaganyo eno e go thusa go le kana kang. Molebedi wa potologo le ene o tla go thusa fa a etetse phuthego.
10 Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba thapisiwe ba bo ba ‘tlhomelelwe tiro nngwe le nngwe e e molemo.’ (2 Tim. 3:17) Tsaya thulaganyo eno ya Babulatsela ba Thusa ba Bangwe e le thulaganyo e e molemo e e baakanyeditsweng go thusa ba ba ratang go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go rera lefoko. Fa e le gore o na le tshiamelo ya go nna mo go yone, dira jalo ka go leboga, ka boikokobetso le ka boitumelo.