Elang Lefoko la Polelelopele Tlhoko
1 “Re na le lefoko la polelelopele le rurifaditswe bogolo.” (2 Pet. 1:19) Ke ka ntlha yang fa Petere a ne a bolela jalo? Dipolelelopele tse di buang ka Bogosi tse di leng mo Dikwalong tsa Sehebera le tse di tswang mo go Jesu Keresete ka boene di tlhomamisitswe, kana di “rurifaditswe bogolo,” ke se Petere le barutwa ba bangwe ba babedi ba neng ba se bona le go se utlwa ka nako ya go fetolwa ponalo dingwaga dingwe tse 32 pele ga foo. Ponatshegelo e e gakgamatsang eno e ne ya ba tlhatswa dipelo gore eleruri Jesu Keresete o tsaya Bogosi a le mo kgalalelong e kgolo e bile Rraagwe a mo tshegetsa ka botlalo. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ‘ba dira sentle go tlhokomela lefoko la polelelopele jaaka lebone le le phatsimang,’ ka gonne dipelo tsa bone di ne di tla fifala fa ba ne ba sa dire jalo. Go tlhokomela lesedi la lefoko la polelelopele go ne go tla ba thusa gore ba itse gore bosa bo sa leng le gore “naledi ya moso” e bong Keresete e tla tlhaga leng e le mo kgalalelong ya Bogosi.—2 Pet. 1:16-19; Math. 17:1-9.
2 Re ne re seyo fa Petere a ne a bona pono ya go fetolwa ponalo ka kgalalelo. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba ba tshelang mo nakong eno ba ba ileng ba ela tlhoko lefoko la polelelopele ba na le tshiamelo e kgolo ya gore ba bone e seng fela se Bogosi jwa ga Keresete e tla nnang sone, mme e leng bosupi jo bo feletseng jwa gore Kgosi e e galalelang e busa tota! Lefoko la polelelo pele le rurifadiwa tota ngwaga mongwe le mongwe fa e sa le ka 1914, jaaka fa re ntse re bona go diragadiwa ga dikarolo tse di farologaneng tsa “sesupo” se se gakgamatsang se Jesu a neng a bolela ka sone sa “go nna gone” ga gagwe jaaka kgosi. Karolo e e botlhokwa ya sesupo seno sa gagwe e ne e tla nna ya gore merafe yotlhe e bolelelwe ka puso ya gagwe kana Bogosi jwa gagwe pele ga Kgosi e fedisa tsamaiso eno ya dilo. Tiro ya go rera ka Bogosi e dirwa mo dinageng di le 231 gone jaanong kafa tlase ga kaelo ya ga Keresete ka selekanyo se e iseng e ko e dirwe ka sone. (Math. 24:3-14, NW) Mo godimo ga moo, jaaka fa nako ya “sepitla se segolo” e ntse e atamela, Kgosi e e dutseng mo setulong sa bogosi e ntse e phutha “boidiidi jo bogolo” “go tswa mo merafeng yotlhe” jo bo dumelang mo thekololong ya “madi a Kwana.”—Tshen. 7:9, 10, 14.
3 E re ka “naledi ya moso” e bong Keresete e tlhagile ka maatla a Bogosi, a go santse go na le lebaka la go ela lefoko la polelelopele tlhoko? Ee! Jesu Keresete yo o galaleditsweng o ne a naya moaposetoloi Johane diponatshegelo di le mmalwa tse di dirang buka ya Tshenolo. Lefa di ne di kgothatsa e bile di ruta Bakeresete ba pele, di botlhokwa ka tsela e e kgethegileng mo go ba ba tshelang mo nakong ya “letsatsi la Morena,” leo re leng mo go lone gone jaanong. (Tshen. 1:10) Ke ka moo diphuthego tsa batho ba ga Jehofa di ithutang buka ya Tshenolō gape.
4 “Go sego yo o balang, le ba ba utlwang mafoko a polelelopele e, ba ba ba boloka dilo tse di kwadilweng mo go yone; gonne lobaka lo atametse.” (Tshen. 1:3) Fa re batla go itumela, re tshwanetse gore re tlhaloganye, ee, re utlwisise diponatshegelo tsa polelelopele sentle. Ke eng se se tlhokegang go dira seno? Go tlhokega gore re di boeletse gore botlhokwa jwa pego ya Tshenolo bo tle bo nwelelele mo dipelong tsa rona. Moaposetoloi Petere yo e neng e le mongwe wa setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga, o ne a lemoga botlhokwa jwa gore a boeletse boammaaruri jwa konokono gore a tle a ‘tlhagafatse’ bakaulengwe ba gagwe semoyeng. (2 Pet. 1:12, 13) Ka mo go tshwanang “motlhanka yo o boikango le yo o botlhale” wa motlha ono wa rona o re thusa gore re tswelele pele re ntse re na le kanaanelo ka lefoko la polelelopele ka go nna a re gakolola ka lone gangwe le gape.—Math. 24:45-47.
5 Ka Moo Re ka Tlhokomelang ka Gone: Re tshwanetse go tlhokomela lefoko la polelelopele le le mo go Tshenolo jang? Moaposetoloi Paulo o re gakolola gore Modimo ga o a ka wa bua le Bakeresete ka baengele kana baperofeti jaaka fa a ne a bua le batlhanka ba gagwe ba pele ga Bokeresete. Go na le moo, Jehofa o ne a bua le rona ka Morwawe yo o rategang thata, yo o mo tlhomileng “morui wa dilo tsotlhe.” (Baheb. 1:1, 2) “Ke gone, re tshwanetseng go tlhokomela segolo thata dilo tse di utlwilweng, e se re kgotsa ra di katogelela koo.” (Baheb. 2:1) Ee, re tshwanetse gore re tlhokomele Lefoko la Modimo segolobogolo lefoko la polelelopele le le tlang ka Jesu Keresete. Re ka tlhokomela seno jang ka tsela e e kgethegileng mo thutong ya rona ya Tshenolo?
6 Sa ntlha, go botlhokwa thata gore re nne teng kwa Thutong ya Buka ya Phuthego beke nngwe le nngwe. Ke boammaaruri gore mo go ba le bantsi ba rona e tla bo e le lekgetlho la boraro re ithuta buka ya Tshenolō. Ka ntlha ya seo, batho ba bangwe ba ka nna ba nna le boikutlo jo bo sa tshwanelang ka go nna teng kwa thutong ya buka, ba ikutlwa gore le fa ba ka fetwa ke pokano nngwe, ba setse ba itse tshedimosetso eo. Lefa go ntse jalo, ngwaga nngwe le nngwe e e fetang tshedimosetso eno ya boperofeti e tshwanela go gaisa pele e bile e mo nakong go na le jaaka e ne e ntse ka 1989 fa re ne re ithuta buka ya Tshenolō ka lekgetlho la ntlha. Rotlhe re tshwanetse go nna podimatseba ka dilo tse di diragalang gompieno tse di ntseng di diragatsa boperofeti jwa Tshenolo. Ke gone re tla kgonang go dira tumalanong le thato ya ga Jehofa. Go dire mokgele wa gago ka namana gore fa go ka kgonega, o se ka wa fetwa ke thuto e le nngwe ya buka ka nako e e botlhokwa eno ya fa go balwa Tshenolo.
7 Sa bobedi, ipaakanyetse thuto sentle. Bala dikwalo tse di umakilweng mme o sekaseke gore di tshegetsa jang tlhaloso e e filweng ya ditemana tse di ithutiwang tsa Tshenolo. Fa o dira jalo ga o na go felela fela ka go bona dikarabo tsa dipotso. Leka gore o se ka wa bona kitso fela mme dira gore o tlhaloganye le gore o bone botlhale. (Dia. 4:7) Sa boraro, nna le seabe ka botlalo ka go akgela le go bala dikwalo. Itlhomele mokgele wa gore o arabe bobotlana gangwe mme segolo ka makgetlho a le mmalwa mo thutong nngwe le nngwe. Fa o dira jalo o tla thusega gore o tlhome mogopolo mo thutong.
8 Go tlhokomela lefoko la polelelopele segolo thata go akaretsa se se fetang fela go baakanyetsa, go nna teng, le go nna le seabe. Go raya gape gore le e leng morago ga thuto, re tshwanetse gore re tswelele pele re ntse re ‘tlhoafetse mo dilong tseno, re ineetse ka bojotlhe mo go tsone.’ (1 Tim. 4:15) Gore lefoko la polelelopele le tle le phatsime jaaka lebone mo dipelong tsa rona, re tshwanetse gore re dire gore le ame motho wa rona yo o kafa teng thata—megopolo ya rona, dikeletso, maikutlo, maikaelelo, le mekgele ya rona. (2 Pet. 1:19) Ka jalo, re tshwanetse gore re ipotse jaana: Tshedimosetso eno e raya eng mo go nna ka namana? Ke ithutile eng ka Jehofa le Morwawe, Jesu Keresete? Ke melaometheo efe e e mo teng ga thuto? A ke tlhaloganya thuto ka botlalo? Nka dirisa boammaaruri jono jang mo botshelong jwa me? Mo lelapeng la me? Mo phuthegong? Fa re dirisa se re se ithutang ka tsela e e bonalang, le rona re ka bolela jaana jaaka mopesalema: “Lefoko la gago ke lobone lwa dinao tsa me, le lesedi la tsela ya me.”—Pes. 119:105; Jobe 29:3, 4.
9 Nnang Lo Disitse mo Metlheng E E Tlhokofatsang Eno: Mo ngwageng wa 33 C.E., Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe ka go senngwa ga Jerusalema le ka boemo jo bo tla supang gore ke nako ya gore ba tshabele kwa mafelong a a babalesegileng. (Luke 19:41-44; 21:7-21) Morago fa foo, go ne ga feta dingwaga tse di fetang tse 30. Go ka tswa go ne go bonala mo Bakereseteng ba bangwe ba Bajuta gore ga go na sepe se se tla diragalang gautshwane. A bo kgothatso ya moaposetoloi yo o rategang Petere mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi lo a neng a lo kwala mo e ka nnang ka 64 C.E., le mo go lone a neng a bolela gore ‘tlhokomelang lefoko la polelelopele’ e ne e tshwanela jang ne! (2 Pet. 1:19) Ka bonako morago ga foo, ka 66 C.E., Jerusalema e ne ya dikaganyediwa ke masole a Roma. Fa masole a Roma a ne a boela morago go sa lebelelwa e bile go sena lebaka lepe, Bakeresete ba Bajuta ba ba neng ba disitse ba ne ba latela ditaelo tsa ga Jesu mme ba tshaba. Mme ka 70 C.E., masole a Roma a ne a boa gape mme ba senya Jerusalema gotlhelele. A bo Bakeresete bao ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumela jang ne go bo ba ile ba tlhokomela lefoko la ga Jesu la polelelopele thata!
10 Ke eng se rona Bakeresete ba motlha ono re se lebeletseng? Mo diponatshegelong tse di mo go Tshenolo, Jesu o ne a tlhagisa Bakeresete ba ba tshelang gone jaanong ka dilo tse dintsi tse di neng di tla diragala ka nako ya letsatsi la Morena. Mo dingwageng tse 80 tse di fetileng, go na le ditiragalo tse dintsi mo go tseno tse di setseng di diragetse: go tsalwa ga Bogosi; ntwa ya kwa legodimong le go fenngwa ga ga Satane le badimona ba gagwe, moo morago ga gone ba ileng ba kganelelwa mo lefatsheng; go wa ga Babelona O Mogolo; le go nna gone ga sebatana sa mmala o mohibidu, e leng puso ya lefatshe ya borobedi. Go diragadiwa ga dikarolo tseno tsa lefoko la polelelopele e e mo go Tshenolo go dira gore re tlhomamisege le go feta gore re tla bona go diragadiwa ga ditiragalo tse di setseng: go kaniwa ga maloko a bofelo a batho ba ba 144 000, go wediwa ga go phuthiwa ga boidiidi jo bogolo, go senngwa ga Babelona O Mogolo, ntwa ya Haramagedona, go latlhelwa ga ga Satane mo moleting, le Puso ya Mileniamo ya ga Keresete. A bo go le botlhokwa jang ne gore re tlhokomele tlhagiso ya ga Jesu e e reng: “Bona, ke tla jaaka legodu. Go sego yo o disang, a boloka diaparo tsa gagwe, gore a se tsamaye a sa apara, mme batho ba bona ditlhong tsa gagwe.”!—Tshen. 16:15.
11 A re nna re disitse? Re tsaya lefoko la polelelopele le le masisi go le kana kang? Lefa re ka tswa re ineetse mo go Jehofa ka dingwaga di le 5 tse di fetileng kana di le 50, mafoko a Paulo a neng a a kwalela Bakeresete ba kwa Roma a dira sentle mo go rona: “Ka lo itse motlha, fa jaana e setse e le lobaka lwa lona lwa go tsoga mo borokong; gonne gompieno poloko e re atametse bogolo go jale ka re simolola go dumela. Bosigo bo setse bo fetile, mme bosa bo atametse.” Morago ga foo Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba ‘latlhe ditiro tsa lefifi’ mme ba ‘sepele ka tshiamo.’ (Bar. 13:11-13) Re tshela mo lefatsheng le le leng mo lefifing le lentshontsho fa go tla mo boitsholong. Boitsholo jo bo neng bo bifelwa ke batho mo dingwageng tse 30 kana tse 40 tse di fetileng ke selo se batho ba le bantsi ba lefatshe mo dingwageng tseno tsa bofelo tsa lekgolo la bo20 ba se tlwaetseng. Bakaulengwe, itiseng gore le ka motlha lo se ka lwa katogela mo lefifing la lefatshe mme lwa tlhokomologa boitsholo. Fa lo itetla gore lo amogele kana lo dumalane le tsela e e boikepo ya go akanya le ya go tshela ya lefatshe leno, lo tla lebala kgang e kgolo e re lebaneng le yone e e tla tlogang e fedisediwa ruri: go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa le go itshepisiwa ga leina la gagwe. Go otsela semoyeng go tla dira gore re latlhegelwe ke poloka ya rona e e setseng e le gaufi thata.
12 Nna le Kanaanelo E E Oketsegileng Ka Lefoko la Polelelopele: Baperofeti ba bogologolo ba Bahebera ba ne ba kgatlhegela thata go bona mafoko a a tlhotlheleditsweng ke moya a ba a buileng kaga Mesia a diragadiwa. Ba ne ba “botsa, ba ba ba keleka ka tlhoafalo” kaga go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo. (1 Pet. 1:10, 11) Ka mo go tshwanang, fa lo ntse lo tlhokometse lefoko la polelelopele la buka ya Tshenolo, lo tla nna le kanaanelo e kgolo ka dilo tsa semoya. Go rata ga lona dilo tsa semoya go tla oketsega mo e leng gore lo tla tlhotlheletsega go batlisisa “dilo tse di boteng tsa Modimo.” (1 Bakor. 2:10) Fa o anaanela e bile o rata lefoko la polelelopele, go ka tlhokega gore mongwe a go kgothaletse go ya dipokanong; o tla tlhotlheletsega gore o nne teng le go nna le seabe ka metlha. (Luke 6:45) Mme fa ‘lefoko le le mo pelong ya gago,’ o tla tlhotlheletsega go ‘iipolela ka molomo go isa polokong.’—Bar. 10:8-10.
13 Fa re ntse re tsamaela thata kwa bofelong, go tla nna le basotli ba ba oketsegileng ba ba tla re kgalang ka go bo re nna re bolokile tumelo ya rona ka dipolelelopele tsa Modimo. (2 Pet. 3:3, 4) Lefa go ntse jalo, re tla nna re lebeletse lefoko la polelelopele. Lebone la Lefoko la Modimo le re bontsha gore re bokgakala jo bo kana kang mo nakong eno. Le tlhagisa thata ntlha ya gore re tshela mo motlheng wa bofelo wa lefatshe leno le le lefifi. Naledi ya moso e tlhatlogile! Keresete o na le thata ya Bogosi! Re setse re kgona go bona tlhabo ya letsatsi le le latelang. E kete lefatshe le lesha le Modimo a le solofetsang le ka tswelela e le la mmatota mo go rona fela jaaka Bogosi bo ne bo ntse mo baaposetoloing ba bararo ba ba neng ba nna le tshiamelo ya go bona tsela e bo tla nnang ka yone mo ponatshegelong e e gakgamatsang e ba neng ba e bona ka nako ya fa Jesu a ne a fetolwa ponalo!