Dikitsiso
◼ Dibuka tse di tla tsamaisiwang ka January: Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? ka moneelo wa R3,50. February: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R10,50. Dibuka tse dipotlana ke R5,30. March: Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! ka moneelo wa R10,50. April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R30,00 mo dikgatisong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Dipeeletso tse di tswang gangwe ka kgwedi tsa ngwaga kana dipeeletso tsa kgwedi tse thataro tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R15,00. Dipeeletso tsa tlelapa ke R19,00 le R9,50.
◼ Diphuthego di tshwanetse go dira dithulaganyo tse di tshwanetseng go keteka Segopotso monongwaga ka Labotlhano, April 14, fa letsatsi le sena go phirima. Lefa phuthego nngwe le nngwe e ka rata go nna le Segopotso sa yone, seno ga se kgonege ka metlha. Fa diphuthego di le mmalwa di tlwaetse go dirisa Holo ya Bogosi e le nngwe, gongwe e le nngwe kana tse di oketsegileng di ka batla lefelo le lengwe le di ka le dirisang mo maitseboeng ao. Segopotso ga se a tshwanela go simolola maitseboa thata mo e leng gore batho ba ba sa tswang go kgatlhega ga ba kgone go nna teng. Mo godimo ga moo, thulaganyo ga e a tshwanela go pitlagana thata mo e leng gore ga go na nako ya go dumedisa batho ba ba etileng, go dira dithulaganyo tsa go thusa ba bangwe ka mo go oketsegileng semoyeng, kana go kgothatsana fela pele kana morago ga mokete. Fa mabaka ano otlhe a sena go sekasekiwa ka botlalo, bagolwane ba tshwanetse go dira ditshwetso tsa gore ke dithulaganyo dife tse di tla thusang batho ba ba tla bong ba tlile Segopotsong gore ba tle ba solegelwe molemo ka botlalo mo tiragalong eno.
◼ Ka Sontaga sa April 23, 1995, diphuthego tsotlhe di tla bo di neelwa puo ya phatlalatsa e e kgethegileng. Setlhogo sa yone se tla bo se re “Bokhutlo jwa Bodumedi jwa Maaka bo Atametse.” Tlhomamisang gore lo laletse batho botlhe ba ba nnileng teng mo Segopotsong monongwaga. Go tla dirwa maiteko a a kgethegileng go thusa baithuti ba ba dimilione ba ba tshwarelwang dithuto tsa Baebele tsa magae. Tshedimosetso e e tla neelwang morago ga pokano ka letsatsi leo e tla ba tlhotlheletsa mmogo le bakaulengwe ba rona ka kakaretso go batla go nna le seabe mo go anamiseng pampitshana e e kgethegileng. Mme gape e tla bua ka mathata a batho ba lebaneng le one le lebaka la go bo go le botlhokwa gore motho a dire go ya ka Lefoko la Modimo.
◼ Go simologa ka February, mme e seng morago ga March 5, puo ya phatlalatsa e ntšha ya balebedi ba potologo e tla bo e le “Thuto ya Bomodimo e Fenya mo Lefatsheng Lotlhe.” E tla bo e le puo ya diselaete e e bontshang Dikopano tse dikgolo tse di kgethegileng tsa ditšhabatšhaba tsa “Thuto ya Bomodimo” tse di neng di tshwerwe ka ngwaga wa tirelo wa 1993 le wa 1994. Mo mafelong ao mo go one diselaete di tla bong di seyo go fitlha letlha le lengwe moragonyana, balebedi ba potologo ba tla neela puo e e reng “Ikanye Modimo wa Kgomotso Yotlhe” mme ba tla tswelela ka yone go fitlha ba amogela diselaete. Fa diphuthego tsotlhe di setse di bone puo ya diselaete, balebedi ba potologo ba tla tswelela pele ba neela puo e e reng “Ikanye Modimo wa Kgomotso Yotlhe” go fitlhela go dirwa thulaganyo e ntšha ya puo ya balebedi ba potologo ya masimologo a ngwaga wa 1996.
◼ Ka beke ya January 9 kwa Pokanong ya Tirelo, baboledi botlhe ba ba kolobeditsweng ba ba tla bong ba le teng ba tla itseela dikopi tsa bone tsa dikarata tsa Advance Medical Directive/Release mme ba tseele le bana ba bone di-Identity Card.
◼ April 1, 1995 e tla bo e le Letsatsi la Dimakasine la rona le le kgethegileng la ngwaga le ngwaga. Mo nakong e fetileng batho ba le bantsi ba ne ba itumelela go nna le seabe mo tirong ya Letsatsi la Dimakasine le le kgethegileng. Ke eng o sa simolole gone jaanong go rulaganya gore o nne le seabe ka botlalo monongwaga? Diphuthego di tshwanetse go tsenya diotara tse di kgethegileng tsa dimakasine ka bonako ka mo go ka kgonegang.