LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/95 ts. 3
  • Akanyetsang Batho ba Bangwe—Karolo 1

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Akanyetsang Batho ba Bangwe—Karolo 1
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dithulaganyo Tsa Mafelo a Kobamelo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Thulaganyo E Ntšha ya go Agiwa ga Diholo tsa Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Go Kwala Diholo tsa Bogosi Maina
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • A re Bolokeng Lefelo la Rona la Kobamelo Le le Mo Boemong jo Bontle
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 1/95 ts. 3

Akanyetsang Batho ba Bangwe—Karolo 1

1 Re itumela go bona tsela e batho ba ga Jehofa ba atlegang ka yone, e leng sone se se dirang gore go nne le diphuthego tse dintsi. Mo mafelong mangwe, segolobogolo mo ditoropong tse dikgolo, Diholo tsa Bogosi di dirisiwa thata, mo e leng gore ka dinako tse dingwe go tlhokega gore diphuthego di le mmalwa di dirise Holo e le nngwe ya Bogosi. Boemo jono bo dira gore go nne botlhokwa gore botlhe ba ba amegang ba akanyetse ba bangwe.

2 Phuthego nngwe le nngwe e e dirisang Holo ya Bogosi e tshwanetse go dira gore bakaulengwe ba ba tlang morago ga bone ba e fitlhele e le mo boemong jo bo phepa le jo bo bothakga. Ditulo di tshwanetse gore di rulaganngwe sentle, dibuka dipe tse di leng mo khaontareng di tshwanetse go bewa, le dilo dipe tse batho bangwe ba di tlogetseng mo Holong ya Bogosi di tshwanetse gore di selwe. Matlwana a tshwanetse gore a tlogelwe a le phepa, mme ba tshwanetse go tlhomamisa gore go tsentswe sesepa se sengwe, ditoulo, le pampiri ya ntlwana le gore diolelamatlakala di tsholotswe.

3 Fa go rulagantswe gore go nne le pokano e nngwe ka bonako morago ga e nngwe, batho ba ba salang morago ga pokano ya pele ga ba a tshwanela go diega go sa tlhokege, ba kgoreletsa ba bangwe go baakanyetsa pokano e e latelang. Go tlotla nako e telele le ditsala go ka nna ga dira gore phasiki e tlale thata e bile go ka dia bakaulengwe go baakanyetsa pokano e e latelang. E ka tswa e le gore lefelo la go phaka go dikologa Holo ya Bogosi le lennye, mme e tla bo e le go bontsha bopelonomi go tsamaya ka bonako gore ba ba tlang ba tle ba kgone go nna le lefelo la go phaka. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba tlang pokanong e e latelang ga ba a tshwanela go fitlha go sa le gale thata ba dira gore go tlale thata mo phasiking, mo ntlwaneng, le mo lefelong la go phaka dikoloi.

4 Koo go nang le diphuthego di le mmalwa gone, go botlhokwa thata gore di dirisane mmogo go dira dithulaganyo tsa go phepafatsa Holo ya Bogosi beke nngwe le nngwe. Gantsi diphuthego di refosana ka nako e e rileng e e beilweng. Fa e le nako ya phuthego ya lona go phepafatsa, tlhomamisang gore lo dira jalo ka bonako le ka botlalo. Fa lo dira jalo diphuthego tse dingwe tse di dirisang holo ga di kitla di nna le lebaka la go ngongorega.

5 Gangwe le gape go tlhokega gore phuthego nngwe le nngwe e fetole dinako tsa yone tsa dipokano, jaaka fa e le nako ya loeto lwa molebedi wa potologo. Fa e le gore phuthego e nngwe e a amega mo go seno, bagolwane ba tshwanetse go itsise phuthego e nngwe go sa le gale thata gore ba tle ba kgone go itsise baboledi ba bone nako e santse e le teng. Mo godimo ga moo, fa go na le tiro nngwe e go letlilweng gore e tshwarelwe teng, e e ntseng jaaka Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela, pokano ya bagolwane ba ba mo potologong, kana lenyalo, go tshwanetse ga ikgolaganngwa go sa le gale le diphuthego tse dingwe kana balebedi bape fela ba potologo ba ba tla bong ba le gone; ka jalo ba ka se ka ba rulaganya go dirisa Holo ya Bogosi ka nako e e tshwanang.

6 Go ka tswa go na le diholo tse di dirisiwang ke diphuthego tse di abetsweng mo dipotologong tse di farologaneng. Go botlhokwa gore balebedi ba ba etang ba ba yang kwa diholong tseno ba bolelelane ka maeto a bone a ba a rulagantseng. Fa balebedi ba ba etang ba ka rulaganya maeto a bone ka beke e e tshwanang go ka felela ka gore go dirwe diphetogo tse di sa rulaganngwang kana go ka nna ga tlhaga mathata a mangwe.

7 Go akanyetsa ba bangwe ka lorato, go nna le puisano e ntle, go rulaganya go sa le gale, le go dirisana mmogo go ka thusa diphuthego gore di nne le kamano e e lorato gare ga tsone e bile go tla dira gore “dilo tsotlhe di dirwe sentle fela, le ka thulaganyo.”—1 Bakor. 14:40.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela