Thulaganyo E Ntšha ya go Agiwa ga Diholo tsa Bogosi
Eleruri Jehofa o diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla ruta ba ntlo ya gagwe le go ba kaela mo ditseleng tsa gagwe. (Isa. 54:13) Go tloga metlheng ya bogologolo o ile a dira dithulaganyo tse di tlhomameng a di direla kobamelo e e leng seoposengwe tseo di kopanyeletsang le go neela thuto ya botlhokwa. (Dute 31:12,13; Neh. 8:1-8; Pes. 122:1) Seno se ile sa felela ka molemo o mogolo mo bathong ba gagwe ba ba ikanyegang. Ka go ngaparela thata mo kgakololong ya gagwe, ba ile ba kgona go nna e se ba lefatshe le go kopanela gaufi le baobamedi ba gagwe. (Ekes. 34:11-16; 2 Bakor. 6:14-18) Segolo-bogolo mo metlheng eno ya bofelo re kgothalediwa gore re kopanele ka metlha, gore mo godimo ga go rutwa ke Jehofa gape re kgothatsane le go tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemo.—Bar. 1:11, 12; Baheb. 10:23-25.
Go tloga ka lekgolo la ntlha la dingwaga go tla go fitlha mo motlheng wa segompieno, Bakeresete ba ile ba kopana mmogo mo kobamelong mo magaeng a botho mmogo le mo mafelong a botlhe. (Dit. 2:42, 46; 12:12) Mme segolo-bogolo fa e sa le go tloga ka 1935, fa go ne go itsisiwe gore lefelo le lesha la go kopanela le le neng le agiwa kwa Hawaii le ne le tlile go bidiwa Holo ya Bogosi, diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa gongwe le gongwe ba ile ba leka ka natla gore ba nne le mafelo a bone ka namana a ba obamelang mo go one mme ba ile ba a bitsa ka leina leno. Ka ntlha ya seo, jaanong Diholo tsa Bogosi di bonwa go ralala lefatshe, mme ngwaga le ngwaga go agiwa tse di oketsegileng kana kwantle ga moo go bonwa tse di dirisiwang jaaka mafelo a ka metlha a dipokano tsa phuthego.
Mo Basuping ba ga Jehofa Holo ya Bogosi ke kago e e botlhokwa thata mo setšhabeng sepe fela. E ka nna ya tswa e le ntle go ya ka tsela eo polane ya yone e ntseng ka gone le tsela eo e agilweng ka yone, mme le e leng fa e se ya maemo a a kwa godimo go le kalo go ya kafa e lebegang ka gone ka fa ntle, e anaanelwa thata jaaka lefelo la konokono la kobamelo ya boammaaruri le lefelo la botlhokwa la tiro ya bolegodimo mo setšhabeng. E neela bosupi jwa gore mafoko a a molemo a Bogosi a a rerwa mo lefelong la lona. Ke lefelo leo le neelang tapologo ya mmatota ya semoya le thuto mo go botlhe bao ba amegileng ka dilo tseo ba di tlhokang semoyeng.—Math. 5:3.
DIHOLO TSA BOGOSI Dl A TLHOKAFALA
Dipego tse di tswang kwa tshimong di bontsha gore Jehofa o tswela pele go ‘akofisa’ tiro ya go phutha jaaka fa bokhutlo jwa tsamaiso ya ga jaanong ya dilo bo ntse bo re atamela ka lebelo jaana. Eleruri go diragetse fela jaaka fa a ile a bolela ka moperofeti Isaia gore “eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmôtlana a nna morahe o o thata.” (Isa.60:22) Ka sekai, mo Afrika Borwa go ile ga nna le koketsego e e molemo mo palong ya baboledi mo dingwageng di se kae tse di fetileng. Koketsego eno e ile ya dira gore go tlhokafale gore go bopiwe diphuthego di le dintsi tse disha, mme gore go tlhokomelwe koketsego eno go ile ga tshwanela gore go agiwe Diholo di le dintsi tsa Bogosi. Mo godimo ga moo, e ne e le mo masimologong a 1983 fa re ne re fiwa tetla ya gore re age Diholo tsa Bogosi mo ditulong tsa setoropo tsa Ma-Afrika. Ka gone, mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng go ile ga agiwa Diholo tsa Bogosi di le 102, bontsi jwa tsone e le mo tshimong ya Ma-Afrika. Mo e ka nnang Diholo tsotlhe tsa Bogosi tseo di agilweng mo metse-setoropong ya Ma-Afrika di ile tsa thusiwa ka dikadimo tsa madi tsa Diholo tsa Bogosi tseo di baakanyediwang ke Setlhopha se se Laolang. Go ne go se na dikadimo dipe tseo di neng di neelwa diphuthego dipe tsa ba Basweu. Ba ile ba tshwanelwa ke gore ba itirele dithulaganyo tsa dikadimo tsa madi mo mekgatlhong e e thusang go aga kana ka ditsela tse dingwe. Seno se ile sa bakela diphuthego tseno bothata jo bogolo ka ntlha ya makgetho a a kwa godimo a morokotso ao a neng a batla a tshwana fela le go duela madi a a adimilweng ao gabedi.
Kitsiso ele ya kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Poifo-Modimo” ya gore re ka simolola Letlole la rona la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi, e ile ya amogelwa ka boitumelo jo bogolo. Letlole leno le tla thusa diphuthego tsotlhe ka madi tseo di tshwanelwang ke kadimo ya madi a Holo ya Bogosi. Boikaelelo jwa letlole leno e tla nna go aga Diholo tsa Bogosi tse disha kana go oketsa diholo tseo di setseng di le gone. Jaanong go latela dingwe tsa dintlha ka botlalo tse di tla kgonisang bakaulengwe botlhe gongwe le gongwe gore ba tlhaloganye gore tota thulaganyo eno e ntšha e tlile go bereka jang le kafa mongwe le mongwe a ka nnang le seabe mo go yone ka gone mo malatsing a a tlang.
TLHOKAFALO
Malebana le Diholo tsa Bogosi, buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona mo tsebeng 61 e bolela jaana: “Holo ya Bogosi, jaaka lefelo la kobamelo, ga e a tshwanela go nna kago ya mara-twa-go-lejwa e e diretsweng go gapa maikutlo a ba bangwe. Le fa moago wa yone o ka farologana go ya ka mafelo, boikaelelo jwa yone ke go dira. (Bapisa Ditihô 17:24.) E tshwanetse ya nna lefelo je le lapolosang le go siamela go tshwarwa ga dipokano tsa Bokeresete tseo di re thusang go gola mo semoyeng le go ithuta ka ga Jehofa, le go re kgothaletsa go nna le seabe mo tirelong ya gagwe ya Bogosi.” Jaaka lefelo la konokono le go ithutelwang Bibela mo go lone mo morafeng, Holo ya Bogosi gape e thusa ka tlhamalalo mo go direng gore mafoko a a molemo a rerwe mo tshimong ya phuthego ya rona.
Fa diphuthego di nna dikgolo thata go ka lekana go tsena sentle mo Holong ya Bogosi, batho bangwe, segolo-bogolo ba ba sa tswang go kopanela, ba kgobega marapo mme ga ba nne gone kwa dipokanong ka metlha. Go nna boima le go feta mo bagolwaneng le mo batlhankeng ba bodihedi go ka tlhokomela ditlhokafalo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ka go ba neela thuso e e tlhokafalang ka namana. Fa Holo ya Bogosi e setse e dirisiwa ke diphuthego di le tharo kana go feta, bagolwane baa dikadika go ka akantsha gore go bopiwe phuthego e ntšha ka gonne phuthego eo e ntšha e sa tle go nna le lefelo le e ka kopanelang mo go lone.
Fa Holo ya Bogosi e dirisiwa ke diphuthego tse di fetang e le nngwe, go nna boima mo go tsone go ka dira dithulaganyo tse di molemo ba di direla ditiragalo tse di kgethegileng tse di ntseng jaaka loeto lwa molebedi wa potologo kana mokete wa ngwaga le ngwaga wa Segopotso sa loso lwa ga Keresete; go ka nna ga nna le dikgoreletsi mo go direng dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo di direlwa phuthego nngwe le nngwe e e kopanyelediwang. Mo maemong ano, fa Holo e le nngwe ya Bogosi e dirisiwa letsatsi le letsatsi, go nna le mathata a a rileng a go rakanwang le one malebana le go e tlhokomela kana go e baakanya. Ka dinako tse dingwe, go dirisiwa ka mo go feteletseng ga Diholo tsa Bogosi go ile ga felela ka mathata le baagelani ka ntlha ya sephetephete sa pharakano kana ka ntlha ya mathata a mangwe a a tshwanang le ao a nnang teng fa batho ba kgobokana ka bontsi. Tlhokafalo ya go sepela dikgala tse ditelele go ya kwa dipokanong e dira gore go se ka ga nna motlhofo go le kalo go nna teng kwa go tsone, mme seno se kgoreletsa kgolo. Le mororo go dirilwe kgatelopele e e molemo mo go agiweng ga Diholo tsa Bogosi, re tlhoka di le makgolokgolo tse di oketsegileng, segolo-bogolo mo metse-setoropong ya Ma-Afrika le kwa mafelong a magae, go ka dira gore go nne le mafelo a a tshwanetseng a kobamelo mo bakaulengweng ba rona le ba bangwe ba e leng gone ba simololang go kopanela bao ba tlang mo ntlong ya ga Jehofa ya kobamelo. (Mika 4:2-4) Mme e re ka bokhutlo jwa tsamaiso eno bo atamela ka lebelo jaana, go potlakile gore go agiwe Diholo tsa Bogosi.
SEO SE KA DIRWANG
Jaaka lo ka tswa lo itse, go ralala dingwaga Mokgatlho o ile wa kgothaletsa gore go agiwe Diholo tsa Bogosi mme e bile o ile wa rulaganyetsa gore go nne le thuso e e neelwang ka go dira dikadimo tsa madi go tswa mo matloleng a a leng teng. Re ntse re tlhokometse kafa go tlhokafalang ka gone gore go akofisiwe dilo. Go ile ga akanngwa thata ka dilo tseo diphuthego di di tlhokang ga jaanong, mme e rile fa go ntse go akanngwa ka dintlha tseno seno sa felela ka gore go tlhongwe thulaganyo e ntšha ya go neela thuso e e tlhokafalang ka tsela eo e lebegang e tla nna e e lekaneng mo go botlhe kwantle ga go rwesa bakaulengwe bape mokgweleo o o sa tshwanelang. Ee ruri, molao-motheo wa konokono wa Bibela oo o dirisiwang fa go tlhongwa thulaganyo eno ke oo o neng wa bolelwa ke moaposetoloi Paulo mo go 2 Bakorintha 8:14, 15. O ne a amegile ka dilo tse di bonalang tseo di neng di tlhokwa ke bakaulengwe ba kwa Palesetina mme a dira dikakantsho tse di tshwanelang gore diphuthego tsa kwa Asia Minor di thuse.
Moaposetoloi yoo o ne a bua a lebisitse go thulaganyo ya lorato ya ga Jehofa ya go tlhokomela dilo tseo Baiseraele ba neng ba di tlhoka ka nako ya loeto lwa bone mo nageng ka dingwaga di le masome a le mane, a bolela jaana: “Ha e se gore, go lekalekanè; ke gore [dilo tse dintsi go feta tekano tse lo nang natso di tlatse tse ba di tlhokang, NW] mo bakeñ seno; gore le [bone dilo tse dintsi go feta tekano tse ba nang natso di tlatse tse lo di tlhokang, NW]; gore go tlo go nnè tekatekanô: Yaka go kwadilwe, ga twe, Eo o bapetseñ segolo ga a ka a salèlwa ke sepè; le eo o bapetseñ sebôtlana ga a ka a tlhaèla gopè.” (Bapisa Ekesodo 16:18.) Mme tota tlhokafalo eno ya ga jaanong ya Diholo tsa Bogosi go tlile go berekanwa jang le yone?
LETLOLE LA MOKGATLHO LA DIHOLO TSA BOGOSI—KAFA LE TLILENG GO BEREKA KA GONE
Boikaelelo jwa thulaganyo eno e tlile go nna go kgobokanya matlole a go aga Diholo tsa Bogosi kana go oketsa tseo di setseng di le gone. Thulaganyo eno e tlile go simolola go dira ka March 1,1990. Diphuthego tsa mo Afrika Borwa le tsa kwa dinageng tse di agisaneng nayo tseo di leng ka fa tlase ga Lekala la Afrika Borwa di tlile go nna le bokoso e e kgethegileng ya meneelo e e nang le letshwao le le reng “Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi.” Go romelwa matshwao a le mabedi a a nang le mafoko a a reng “CONTRIBUTIONS FOR SOCIETY KINGDOM HALL FUND” (“MENEHELO LETLOLENG LA MOKHATLO LA LIHOLO TSA ’MUSO”) go phuthego nngwe le nngwe gore e e beye mo godimo ga bokoso e e dirisediwang letlole leno le le kgethegileng. Thulaganyo eno e tla letla mongwe le mongwe mo phuthegong yo o ratang go dira jalo gore a tsenye moneelo wa boithatelo nako le nako mo go yone. Meneelo e e ntseng jalo e tla romelwa kwa ofiseng ya Mokgatlho fa kgwedi nngwe le nngwe e fela mme e tlile go dirisediwa fela go thusa diphuthego tse di tlhokang madi a go aga Diholo tsa Bogosi. Mokgatlho o tla itsise gore o amogetse meneelo yotlhe eno mme e tla tsenngwa mo Letloleng la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi.—Bapisa 2 Dikg. 12:9-16.
Legale, diphuthego tseo ga jaanong di duelelang Holo ya tsone ka namana ya Bogosi mme di na le bokoso ya moneelo ya letlole la go aga di ka nna tsa tswelela pele di dirisa bokoso eo. Fa e le gore le tsone di rata go thusa diphuthego tse dingwe, di ka nna tsa nna le bokoso e nngwe ya moneelo ya Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi.
Go tla tsaya lobaka gore Letlole leno la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi le nne le madi a a lekaneng gore diphuthego di le mmalwa di ka simolola go adima go tswa mo go lone. Setlhopha se se Laolang se dumetse ka bopelonomi gore se tla nna se thusa ka dikadimo tsa madi a Diholo tsa Bogosi go tswa kwa moseja. Ka gone diphuthego di ka nna tsa tswela pele go kopa dikadimo tsa Diholo tsa Bogosi go Mokgatlho. Seno se tla dira mo diphuthegong tsa Ma-Afrika, tsa Bammala, tsa Ma-India le tsa ba Basweu. Dikadimo tsa Diholo tsa Bogosi boikaelelo jwa tsone ke go aga Diholo tsa Bogosi, go reka meago e e ka baakanngwang, kana go fetola Diholo tsa Bogosi tse di leng teng gore di nne ka tsela e nngwe le go di oketsa. Dikadimo tse di ntseng jalo tsa madi di tla busiwa ke phuthego e e dirisang Holo eo ya Bogosi kana tseo di e dirisang. Re tla tswelela re dira gore diphuthego di duele morokotso mo mading ao di a adimileng gore go ke go duelelwe ditshenyegelo tse di nnileng gone fa go berekanwa le dikgang tseno gammogo le go dira gore letlole leno le gole.
DIPHUTHEGO TSE Dl NANG LE DIHOLO TSA BOGOSI TSEO Dl SENANG SEKOLOTO MO GO TSONE
Diphuthego dingwe di setse di na le Holo ya tsone ya Bogosi, mme di ka nna tsa tswa di batla di se na sekoloto gotlhelele mo go tsone. Mo thulaganyong eno e ntšha, diphuthego tse di ntseng jalo di ka nna tsa rata go ntsha moneelo go Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi go thusa diphuthego tse dingwe gore di nne le diholo tse di tshwanetseng. Di ka nna tsa dira tshwetso ya gore di beele kwa thoko madi a a lekanang fela le ao di neng di a beela kwa thoko ka nako ya fa di ne di duelela sekoloto sa tsone mme ka go dira jalo di kgone go ntsha moneelo kgwedi le kgwedi go Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi. Fa thulaganyo e e ntseng jalo e lebega e utlwala, bagolwane ba ka nna ba isa kgang eo fa pele ga phuthego gore go dirwe maitlamo mme ba letle phuthego gore e bontshe kafa e eletsang go thusa ka gone ka tsela eno.
GO TSHWANETSWE GA DIRISIWA FOROMO YA “REMITTANCE” (YA TEFELLO)
Fa go romelwa dituelo tsa kgwedi le kgwedi go Mokgatlho di romelelwa Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi, bakwaledi ba tshwanetse ba dirisa foromo e e kwadilweng sesha ya “Remittance and Credit Request” (Tefello le Kopo ya Phokoletso) (S-AB-20). Go tlilwe go romelwa palo e e rileng ya tsone go phuthego nngwe le nngwe mo nakong e e sa fediseng pelo. Morago ga moo dipe fela tsa diforomo tsa bogologolo tsa di-S-20 di tshwanetse tsa latlhiwa, gore ka gone go se ka ga nna le tlhakatlhakano. Tswee tswee tlhomamisang gore moneelo wa lona o o yang go Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi o tsenngwe mo sebakeng se se tshwanetseng. Meneelo yotlhe e e yang go Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi go tla itsisiwe ka tlhamalalo mo tshupa-tuelong ya kgwedi le kgwedi gore e amogetswe.
MOKGATLHO O TLILE GO DIRA PATLISISO GO BONA KOO GO NANG LE DITLHOKAFALO GONE
Pelenyana mo go yone tsenyeletso eno re ile ra lebisa tlhokomelo go tlhokafalo ka kakaretso e mang le mang a ka e iponelang ya kafa go tlhokafalang ka gone gore go akofisiwe go agiwa ga Diholo tsa Bogosi. Gape re bontshitse gore ke ka ntlhayang fa go tlile go batlega gore diphuthego tsotlhe di nne seoposengwe mo boitekong jwa tsone e le gore re ke re lebane le kgwetlho ya ga jaanong le go tlhomamisa gore kgolo ya mo isagweng e se ka ya kgorelediwa ka ntlha ya go bo go se na mafelo a a lekaneng a go kopanela mo diphuthegong gongwe le gongwe. Mme pele ga go dirwa dikadimo dipe go tswa go Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi, le ka nako ya fa go sa ntse go letetswe gore letlole leno le le kgethegileng le godisiwe, Mokgatlho o tla bo o ntse o dira patlisiso e e tseneletseng go bona gore ke ditlhokafalo dife tse di tlhamaletseng tse di leng gone go ralala Afrika Borwa le mo dinageng tse di agisaneng nayo. Mokgatlho o tlile go rulaganyetsa gore bakaulengwe bangwe ba ba tshwanelegang ba dire patlisiso eno mo dipotologong, mo metseng-megolo le mo ditoropong, mme ka tsela eno go tla tlhomamisiwa gore ke ditlhokafalo dife tseo e leng tse di potlakileng thata le gore ke kae koo thuso e e tswang go Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi e tshwanetseng ya lebisiwa gone pele. Gape patlisiso eno e tla tlhomamisa mo mafelong a a farologaneng gore go na le thuso e e kana kang e e leng gone go tswa mo badiring ba ba itseng tiro, thulaganyo ya go dira tiro ya go aga le ya go fetola moago gore o lebege ka tsela e nngwe mmogo le didirisiwa tsa tiro eo, jalo le jalo. Ka gone, Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi le ka dirisiwa ka tsela e e nang le matswela gore go ke go fitlhelelwe go le gontsi mo nakong e khutshwane thata ka mo go ka kgonagalang ka gone. Fa bagolwane ba lefelo ba tshwarisana ka botlalo le rona, patlisiso eno e tla wediwa mo lobakeng lo lokhutshwane lwa nako.
KAFA GO ILENG GA DIRWA DILO KA GO Dl TSHWARAGANELA KA GONE BOSHENG JAANA
Jaaka fa go ile ga bolelwa kwa tshimologong, go ile ga dirwa kgatelopele ka bonako mo go agiweng ga Diholo tsa Bogosi mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng. Bakaulengwe ba mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga ba ile ba ithaopa ka boithatelo gore ba thuse mo thulaganyong eno, ka dinako tse dingwe ba dira seno ka go intsha setlhabelo se se seng kana ka sepe. Mme, e re ka fa ditiro tsa go aga di ile magoletsa jaana, re lebeletse gore go wediwe Diholo tse dingwe tsa Bogosi di le 25 monongwaga le gore di kgakolwe. Mo lefelong lengwe la setoropo bakaulengwe ba ile ba fokotsa nako ya go aga, ya go tloga ka nako e ba simololang ka yone go ya go e ba fetsang ka yone, gore e nne mafelo-beke a le matlhano. Mo ditulong tsa magae sone setlhopha seo sa bakaulengwe go se tsaya mafelo-beke a le mararo gore ba age holo eo e kgonang go tsenya batho ba le 200. Gongwe le gongwe bakaulengwe ba aga ka lebelo le le sa fetogeng, go ikaegile ka madi a a leng teng mmogo le badiri. Mokgatlho o itumelela kgatelopele eo e dirwang go menagane.
AGANG GO YA KA SE SE TLHOKAFALANG
Mo mafelong a le mantsi a koo dipotologo tsa gone di ileng tsa nna le bothata go ka bona mafelo a a tshwanetseng ao di ka tshwarelang dikopano tsa potologo mo go one, bakaulengwe ba ile ba akanya ka gore ba age Diholo tse dikgolo tsa Bogosi tse di ka dirisediwang maikaelelo a mabedi. Le fa go ntse jalo, ba ile ba lemoga gore seo ga se thuse eletota. Holo eo e ka nna ya tsenya batho ba le 400 go isa go ba le 500 mme go ise go ye kae e bo e setse e le potlana thata go ka dirisediwa kopano ya potologo. Mo godimo ga moo e kgolo thata go ka dirisiwa ke phuthego mme gape e ja madi a mantsi go ka e aga. Ka ntlha ya maikaelelo a a nang le mosola, fa phuthego e fitlha go baboledi ba ka metlha ba le 140 kana go feta moo, go akanngwa ka gore e kgaoganngwe. Ka gone go mo pepeneneng gore sebaka se go se nang ope yo o dulang mo go sone seo phuthego e sa se tlhokeng e bile se le sennyane thata go ka dirisediwa kopano ya potologo, se batla e le se se senngwang fela. Holo e e ntseng jalo e rwesa phuthego morwalo o o boima wa madi mme e bile ga e dire tiro ya yone. Ka gone, ga re kgothaletse holo ya mofuta ono gotlhelele. Le mororo phuthego nngwe le nngwe e tlile go aga go ya ka ditlhokafalo tsa yone, ga re kitla re kgothaletsa gore go agiwe holo eo e tsenyang batho ba ba fetang 250. Koo go nang le Komiti ya Kgaolo e e Agang gone eo e dirang mo tulong ya lona, re akantsha gore lo tlotleng le yone ka ditlhokafalo tsa lona. Kana kwantle ga moo lo ka nna lwa kwalela Mokgatlho.
RE TSHWANETSE RA TSWELA PELE RE BEREKA RE LE SEOPOSENGWE
Dikomiti tsa Kgaolo tse di Agang di ile tsa dira tiro e e molemo thata mo go eteleleng go agiwa ga Diholo tsa Bogosi pele. Ga di neele diphuthego kaelo e e tlhokafalang fela mme gape di nna le seabe mo ditirong ka botsone tsa go aga. Tsone mmogo le bakaulengwe ba bangwe ba ile ba itlhagisa ba se na bogagapa bope le go ithaopela go thusa. Bangwe ba bakaulengwe bano ba tsamaya dikgala tse ditelele ba ya kwa ditsheng tse go agiwang kwa go tsone mme gantsi ba dira jalo ditshenyegelo tsa seno di tswa mo kgetsing ya bone ka namana. Re rata go akgola bakaulengwe bano botlhe gammogo le botlhe bao ba thusang mo thulaganyong ya go aga re ba akgola ka ntlha ya setlhabelo se se molemo seo ba se dirang ba se direla go atolosa kobamelo ya boammaaruri.
Diholo tsa Bogosi ga di thuse fela mo ditlhokafalong tsa diphuthego ka tlhamalalo mo mafelong a di leng mo go one ka tsela e e molemo mme gape di eme jaaka bosupi mo go botlhe bao ba di bonang jwa gore batho ba ba bidiwang ka leina la ga Jehofa ba tshwarisitse mo tulong eo. Mo godimo ga moo, le mororo bakaulengwe ba ntse ba duelela ditshenyegelo tseo ba nnileng le tsone fa ba ne ba aga mmogo le tseo ba nnang le tsone fa ba tlhokomela dikago tseno tsotlhe, bakaulengwe ba ile ba tswela pele go ntsha meneelo ka bopelotshweu ba e ntshetsa go atolosa tiro ya Bogosi.
Ka ntlha ya tsela ya ka matlhagatlhaga eo go ileng ga arabelwa ka yone fa go ne go dirwa kitsiso ele la ntlha kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Poifo-Modimo” e e malebana le Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi, re solofela gore go tla nna le karabelo e e ntseng jalo fela go tswa mo bakaulengweng botlhe fa ba amogela dintlha tseno tse di oketsegileng. Fa go ntse go dirwa dikarolo tse dingwe tsa thulaganyo eno le morago ga fa Mokgatlho o sena go amogela tshedimosetso e e oketsegileng e e tlhamaletseng go tswa mo patlisisong eno eo e tlileng go dirwa ya ditlhokafalo tse di leng teng, go sa ntse go tlile go neelwa dintlha tse dingwe gape tse di oketsegileng mmogo le tse dingwe go lo fa lesedi le le oketsegileng.
Mme le e leng gone jaanong thulaganyo eno ya Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi e re neela sebaka se sengwe sa gore re bontshe ka ditiro gore eleruri re batho ba ba ineetseng, ba ba obamelang Jehofa jaaka phuthego e le nngwe fela mo kutlwanong ya Bogosi. Fa re akanya go pota ka kwa ga dilo tseo re di tlhokang gone jaanong mo phuthegong, re tshwanetse ra akanya ka dilo tse bakaulengwe ba rona ba di tlhokang mo dikarolong tse dingwe tsa naga eno bao ba tlhokang go thusiwa ka madi ka mo go kgethegileng gore ba age Diholo tsa Bogosi. Seno gape se tla thusa mo boikaelelong jo bo molemo jwa go re dira gore re atamalane mo kutlwanong ya Bogosi fa re ntse re leba ditlhokafalo tsa “bakauleñwe ba [rona] ba ba mo lehatshiñ” fela kafa di ntseng ka gone, re akantse ka seo re ka se dirang ka bongwe le jaaka diphuthego go ka tlatsa tlhokafalo eno e e bonwang ke mang le mang.—1 Pet. 5:9.
BOKHUTLO
E kete thulaganyo eno yotlhe e ka nna seo mongwe le mongwe wa rona a se rapelelang kwantle ga go kgaotsa, re dira jalo ka potlako le go tswa pelong. Mme e kete rotlhe re ka senka ditsela tseo re ka dirang tumalanong le dithapelo tsa rona ka gone e le gore tlhokafalo eno ya ga jaanong ya Diholo tse di oketsegileng tsa Bogosi e ke e tladiwe. E kete e kare fa Jehofa a ntse a tswela pele go bulela ba ba oketsegileng ba “dinku di sele” tsela jaana gore ba phuthelwe mo letsomaneng le le lengwe fela la baobamedi ba gagwe ba ba seoposengwe, e kete gape a ka tlhomamisa gore re nne le mafelo a a lekaneng ao re ka thusang botlhe ba basha bano mo go one gore ba tlhomame mo boammaaruring le gore ba gole semoyeng. E kete modumo wa go goa ga rona ka boipelo le ka kutlwano o ka tswela pele o utlwiwa ke ba bangwe le go oketsega letsatsi le letsatsi go fitlhelela o fitlha setlhoeng sa one seo se lebeletsweng ka nako ya fa go tlisiwa wa bofelofelo wa bao Jehofa a tla ba sireletsang ka nako ya sepitla se segolo. Eleruri boitumelo jwa rona bo a gola ga jaanong mme bo tla tswela pele bo gola mo isagweng ka tshegofatso e kgolo ya ga Jehofa a segofatsa kobamelo ya rona e re ineetseng mo go ene mo go yone jaaka Modimo o le osi wa boammaaruri.