LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/92 ts. 3-6
  • Go Ikaega ka Jehofa mo go Tsotlhe Tseo re di Dirang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikaega ka Jehofa mo go Tsotlhe Tseo re di Dirang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dira ka Boitumelo Dilo Tseo di Tlhokegang mo Thobong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Seabe Seo O Nang le Sone mo go Ageleng Isagwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi mo Afrika Borwa le mo Dinageng Tse Di Mabapi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi—Karolo e e Botlhokwa ya Tirelo e e Boitshepo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 11/92 ts. 3-6

Go Ikaega ka Jehofa mo go Tsotlhe Tseo re di Dirang

1 Re tlhoka tshegofatso ya Modimo mo go tsotlhe tseo re di dirang. Botlhale jwa go lemoga seno ga rona bo bontshitswe sentle mo go Pesalema 127:1 e e reng: “Ha Yehofa a sa age ntlo, ba ba e agañ ba dihèla lehèla: ha Yehofa a sa dise motse, molebedi o cogèla lehèla hèla.” Ka jalo, re tshwanetse go tlhomamisa gore re akanya ka Mmopi mo dilong tsotlhe tseo re di dirang.

2 Re Tlhokometswe Ke Ba Bangwe: Gompieno, batho bao ba tlwaelaneng le ditsela tsa go aga ba kgatlhiwa thata ke tsela eo Basupi ba ga Jehofa ba kgonang go aga Diholo tsa Bogosi ka bonako ka teng. Ka sekai, mo lefelong lengwe pampiri nngwe ya dikgang ya koo e ne ya akgela jaana: “E ne e le lesomo la Baithaopi ba Basupi ba ga Jehofa bao ba neng ba tlile go tla go dira ‘Tiro ya go Aga Holo ya Bogosi’ ya matsatsi a le mararo, mme e nnile tiro ya matsatsi a le mararo tota. . . . Mo matsatsing a le mararo Komiti E E Agang Diholo tsa Bogosi e ne e tlile ebile e tsamaile, mme seo ba kgonneng go se dira se tla gakologelwa ka metlha.”

3 Moruti mongwe wa Roma Katoliki o ne a akgela jaana malebana le Holo ya Bogosi e e agilweng ka bonako kwa Soweto: “Le ka motlha ga ke ise ke bo ke bone selo se se ntseng jaana. Batho ba ditso tsotlhe ba dira mmogo. Batho ba basweu ba tla go aga mo lefelong la batho ba bantsho ebile ba agela batho ba bantsho, ba dira jalo ba baya matshelo a bone mo kotsing ka gore batho ba basweu ba a tlhaselwa mo metseng ya batho ba bantsho.”

4 Molebedi mongwe wa potologo o ne a bega gore beke morago ga fa Holo ya Bogosi e e neng ya agiwa ka bonako kwa Teransefala bokone e sena go wediwa, mosadi mongwe o ne a kopa dibuka mo Basuping bao ba neng ba mo etetse. Mo nakong e e fetileng o ne a se ka a amogela baboledi lefa e le go tsaya dibuka dipe mo go bone. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya maiteko ao a neng a dirwa a go dira mmogo le botswerere jo a bo boneng fa go ne go agiwa Holo ya Bogosi o ne a tlhatswega pelo gore eleruri batho bano e ne e le ba Modimo.

5 Go a itumedisa go bona makgolokgolo a baithaopi ba ithaopile go thusa mo ditirong tseno tsa go aga Diholo tsa Bogosi. Moya o o ntseng jalo wa go intsha setlhabelo o akgolwa tota ebile o dumalana le mafoko a a mo go Pesalema 110:3 a a reng: “Batho ba gago ba italetsa ka pelo e e thamileñ.” Go ntse fela jaaka fa setlhogo se segolo sa pampiri nngwe ya dikgang se ne sa bolela, “Tiro fa e dirwa ke batho ba le bantsi e nna motlhofo.”

6 Abo e le boitemogelo jo bo sa lebalesegeng jang ne go nna le seabe mo tirong e e ntseng jalo! Mosupi mongwe o ne a akgela jaana: “Ke akanya gore tiro eno ya go aga eo mo go yone re neng re dira mmogo e ne ya dira gore re ikutlwe jaaka lelapa, re itse gore mongwe le mongwe o ne a dira karolo ya gagwe. Go dira ga rona ka kutlwano le ka thulaganyo go ne go bontsha gore Jehofa eleruri o a re tshegetsa.” Morago ga go dira mo kagong ya Holo ya Bogosi mongwe o ne a kwala ka gore, “Ke santse ke ithuta buka ya Go Utlwana mo Kobamelong. Tiro eno ya go aga e ne e le bosupi jo bo seng kana ka sepe jwa kutlwano e e tlhalosiwang mo bukeng eno. Ga go na dikomano. Ga go na ope yo e reng morago ga go itemogela seno a bo a ikutlwe a le nosi. Moya wa ga Jehofa o teng fano!”

7 Pampiri nngwe ya dikgang e ne ya dumela jaana kwantle ga go okaoka: “Basupi ba ga Jehofa ga ba atlege go aga mafelo a bone a kobamelo ‘ka bonako’ fela ka go bo ba dirisana mmogo, mme gape ke ka ntlha ya boineelo.”

8 Ka nako ya fa go ne go agiwa Holo ya Bogosi ya matlhatlaganyane a mabedi kwa bogareng jwa Gauteng, monna mongwe yo o neng a dira mo ntlong ya moagelani o ne a etela kwa lefelong la kago. O ne a batla go itse ka dilo tsotlhe tse di dirwang moo. O ne a bolela jaana morago ga moo: “Lona lo ikagela lefelo la kobamelo . . . fa batho ba kereke ya rona bone ba sa tle le e leng go tla. Seno se a kgatlhisa eleruri. Ke na le mekoa ya dibuka tsa lona tseo ke tlholang ke di reka ka gore di molemo, mme ga ke ise ke ko ke di bale. Ke tla rata go di bala jaanong le go itse mo go oketsegileng ka molaetsa wa lona. Mme tota ke rata go tla go bona gore lo obamela jang.”

9 Go Rulaganya Gore Diholo tsa Bogosi Di Tla Agiwa Jang le Lefelo Leo Di Tla Agiwang Kwa go Lone: Go tshwanetse ga akanyediwa ka kelotlhoko gore Holo ya Bogosi e tla agiwa jang le gore e tla agiwa kae gore didirisiwa tse di ntsheditsweng tirelo e e boitshepo di tle di dirisiwe ka botlhale. Meago e tshwanetse go nna tekatekano. Buka ya Bodihedi Jwa Rona mo tsebeng ya 61 e gatelela gore “Holo ya Bogosi, jaaka lefelo la kobamelo, ga e a tshwanela go nna kago ya maratwa-go-lejwa e e diretsweng go gapa maikutlo a ba bangwe. . . . Boikaelelo jwa yone ke go dira. (Bapisa Ditihō 17:24.) E tshwanetse ya nna lefelo je le lapolosang le go siamela go tshwarwa ga dipokano tsa Bokeresete tseo di re thusang go gola mo semoyeng le go ithuta ka ga Jehofa, le go re kgothatsa go nna le seabe mo tirelong ya gagwe ya Bogosi.” Mabaka a bontsha gore Holo ya Bogosi e kgona go solegela baboledi ka kakaretso molemo fa e le gaufi ka mo go ka kgonegang ka teng le kwa ba nnang teng.

10 Gantsi go botoka go nna le Diholo tsa Bogosi tse pedi tse di farologaneng mo mafelong a a farologaneng go na le go nna le Holo ya Bogosi ya matlhatlaganyane a mabedi. Nngwe le nngwe ya tsone e ka dirisiwa ke diphuthego di le pedi kana di le tharo fa mafelo ao di leng kwa go tsone a tlhophilwe ka botlhale. Lefa go le jalo, mo mabakeng mangwe Diholo tse pedi tsa Bogosi di ile tsa agiwa mo setsheng se le sengwe. Ka ntlha ya go tura kana go tlhoka lefelo la go aga go ile ga patelesega gore seno se dirwe.

11 Pele ga go ka dirwa tshwetso malebana le setsha go tshwanetse ga akanyediwa dintlha tse di rileng e le ka thuso e e tswang mo Komiting E E Agang ya Kgaolo: A kago e mo bogareng jwa tshimo ya phuthego? A bogolo jwa setsha bo sekasekilwe ka kelotlhoko? Fa se le segolo thata phuthego e potlana e tla palelwa ke go se tlhokomela. Fa setsha se le sennye thata se na le mathata a le mantsi. A se lekane sentle gore go ka okediwa fa holo e nna nnye thata? A go tla nna le sebaka se se lekaneng seo dikoloi di ka pakiwang gone lefa gone jaanong go ise go nne le beng ba dikoloi ba le bantsi mo go kalo mo phuthegong? A setsha se tla tlhoka madi a mantsi go baakanngwa sesha ka ntlha ya mmu o o seng kana ka sepe o o kgobokaneng teng o dira thulamo, kana mmu wa letsopa kana matlapa? Dintlha tseno le tse dingwe di tshwanetse go sekasekiwa go tswa fela kwa tshimologong.

12 Seo Se Setseng Se Dirilwe: Fa e sa le Letlole La Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi le simololwa dingwaga tse tharo tse di fetileng, go nnile le madi ao a ileng a ntshiwa mo go lone go thusa go aga Diholo tsa Bogosi di le 16 mo dinageng tse di tlhokomelwang ke lekala leno. Diholo tseno tsa Bogosi di dirisiwa ke diphuthego di le 18. Abo seno e le go bontsha lorato lwa Bokeresete ka tsela e kgolo jang ne! Ngwaga nngwe le nngwe go agiwa Diholo tsa Bogosi tse di ka nnang 20, mme tse dingwe tse di setseng di le teng di a tlhabololwa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le diketekete ba ithaopa ka lorato go thusa diphuthego ka ditiro tsa tsone tsa go aga Diholo tsa Bogosi. (Bafil. 2:4) Ba le bantsi ba baithaopi bano ba thusa le mo ditirong tsa dikopano tsa kgaolo le tsa potologo, mme ba bangwe ba direla mo Dikomiting tsa Holo ya Kopano.

13 Bao ba direlang mo Dikomiting Tse Di Agang tsa Kgaolo eleruri ba tshwanetse go akgolelwa moya wa go nna pelotshweu ga bone le wa go intsha setlhabelo mo go thuseng mo tirong ya go aga e e tlhokegang mo phuthegong ya ga Jehofa e e ntseng e gola. Komiti nngwe e e agang e ne ya bolela gore “moya wa bone wa go intsha setlhabelo o re ama rotlhe, mme kaelo e e lorato e Jehofa a e re fileng a dirisa Komiti E E Agang ya Kgaolo e e dirang ka botswerere ebile e etelela pele sentle e itshupile e le selo se se ka se kang sa lekanngwa le sepe. Jaaka komiti ya lefelo leno, re rata go leboga Mokgatlho go tswa dipelong go bo o re thusitse ka go tlhoma seno. Kwantle ga go thusiwa ka seno le go thusiwa ke moya wa ga Jehofa o o boitshepo, tiro eno e ne e se kitla e atlega le ka motlha.” Phuthego ya Inanda South gaufi le Durban e ne ya bolela jaana mo lekwalong leo mo go lone e neng e leboga: “Komiti E E Agang ya Kgaolo e dirile tiro e e kgatlhisang eo rotlhe re leng motlotlo ka yone.” Ba le bantsi ba ikutlwa ka tsela eno.

14 Go Tlhokega Baithaopi Ba Ba Oketsegileng: Jaaka fa diphuthego di ntse di oketsega, go tlhokega Diholo tsa Bogosi tse di oketsegileng. Go tlhokega madi a a oketsegileng le badiri ba ba oketsegileng gore seno se kgonnwe go dirwa. Go santse go tlhokega thata gore go agiwe bobotlana Diholo tsa Bogosi di le 170 mo Afrika Borwa, di le 14 kwa Lesotho, di le 13 kwa Swaziland, di le 2 kwa Namibia, le di le 7 kwa Botswana. Go tlhomiwa ga diphuthego di le 32 mo ngwageng e e fetileng go ile ga dira gore go nne le tlhokego eno e e oketsegileng. Kwa Lesotho go tlhokega segolobogolo bao ba nang le bokgoni jwa go okamela ditiro tse dingwe tseo di santseng di dirwa gore di wediwe. Bakaulengwe bano ga ba na Komiti E E Agang ya Kgaolo mme didirisiwa tsa bone di a tlhaela. Swaziland le Botswana le tsone di tlhoka thuso. Gongwe go na le bakaulengwe bao ba nang le bokgoni jwa go aga kana bao ba nang le boitemogelo jwa go rulaganya dilo ba ba ka kgonang go thusa. Tsweetswee ikgolaganye le Mokgatlho fa e le gore o ka kgona go thusa.

15 Jaaka fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ntse ba thusa mo go agiweng ga Diholo tsa Bogosi, ba dirisa nako le matsapa a bone, go santse go tlhokega thuso e e oketsegileng fela jaaka fa go tlhokega badiri ba ba oketsegileng mo tshimong ya thobo. (Math. 9:37, 38) Dikomiti di le dintsi tsa kgaolo di bega gore ka go nna le badiri ba ba oketsegileng ba ba ithaopelang ditiro tsa go aga Diholo tsa Bogosi seo se tla fokotsa morwalo wa bao ba sa bolong go dira ka dingwaga di le dintsi.—Isa. 6:8; Bagal. 6:2.

16 Bakaulengwe bao ba dirang kopo ya go dira karolo eno ya tirelo ya bolegodimo ba tshwanetse go gakologelwa go diragatsa maikano a bone. (Math. 5:37; Bakol. 3:23, 24) Balebedi ba maphata ba ikgolaganya ka namana le baithaopi go ba itsise gore go rulagantswe gore ba nne teng leng mo lefelong la kago. Dithulaganyo di dirwa go ikaegilwe ka baithaopi bao go bontshitsweng gore ba tla nna teng. Ka jalo, go botlhokwa gore botlhe ba nne teng ka nako e go dumalanweng ka yone ereka go tlhokega gore lephata lengwe le lengwe le dire tiro ya lone ka nako e e beilweng gore maphata a mangwe a tle a kgone go ka dira tiro ya one go ya ka thulaganyo e e leng teng. Go rulaganya tiro ka tsela eno go dira gore badiri ba kgone go ka boela kwa malapeng a bone le kwa diphuthegong tsa kwa ba nnang teng ka bonako fela morago ga fa ba sena go fetsa karolo ya bone ya tiro.

17 Komiti nngwe le nngwe E E Agang ya Kgaolo e rulaganyetsa badiri go dira mo lefelong leo ba le abetsweng. Seno se dira gore dilo di tsamaye ka thelelo ereka bakaulengwe bao ba ikarabelelang ba nna kelotlhoko fa ba rulaganya badiri gore ba se ka ba imelwa kana ba gatelelwa. Mo ditirong tsa go aga ka bonako komiti ya kgaolo e tla nna kelotlhoko thata. Dikomiti tse Di Agang tsa Phuthego di tlhoka tetla ya komiti ya kgaolo pele ga di ka kopa thuso ya Badiri Ba Ba Agang Diholo tsa Bogosi bao ba leng mo lenaneng. Badiri ga ba ke ba kopiwa go thusa mo lefelong la komiti e nngwe kwantle ga fa go dirilwe dithulaganyo tse di kgethegileng go tswa kwa Mokgatlhong le fa komiti ya kgaolo e e santseng e tshwaregile thata e dira kopo e e ntseng jalo. Fa e le gore komiti e nngwe ya kgaolo e e gaufi ga e na tiro e ntsi mo go kalo ka nako eo, Mokgatlho o ka nna wa e kopa gore e thuse.

18 Bao Ba Tshwanelegang: Fa go ntse go agiwa Holo ya Bogosi, tiro ka kakaretso e dirwa ke baithaopi ba ba tswang mo phuthegong kana mo diphuthegong tseo di tla dirisang holo e ntšha kana holo e e baakantsweng le ke ba ba tswang mo diphuthegong tse di gaufi. Bangwe ba baithaopi bano ba a thapisiwa mme morago ga moo ba tshwanelega jaaka batho ba ba nang le maitemogelo kana le e leng go nna badiri ba ba nang le bokgoni mo e leng gore ba ka kgona go romela Kingdom Hall Construction Worker Questionnaire.

19 Bao Komiti E E Agang ya Kgaolo e ba tlhokang kgwedi le kgwedi segolobogolo ke bao ba nang le boitemogelo jwa go dira ditiro tsa go aga le bao ba ka ithaopelang go thusa mo go agiweng ga Diholo tsa Bogosi tseo di tlhokegang. Batho bano ba tshwanetse ba bo ba na le boemo jo bontle mo phuthegong mme ba tshwanetse ba bo ba dumeletswe ke setlhopha sa bagolwane ba lefelo leo. Fa e le gore o wela mo setlhopheng seno, a o ka rulaganya mabaka a gago gore o tle o kgone go ka thusa mo karolong eno ya tirelo ya ga Jehofa? (Neh. 4:6) Fa go ntse jalo, iponele Kingdom Hall Construction Worker Questionnaire go tswa go molebedi yo o okamelang kana go mokwaledi wa phuthego ya gago mme o e romele kwantle ga go senya nako.

20 Mo godimo ga moo, go na le bakaulengwe bao ba godileng semoyeng bao ba direlang jaaka bagolwane le batlhanka ba bodihedi bao ba ka kgonang go okamela tiro. Lefa ba sena boitemogelo jo bo kalo jwa go aga, le bone ba ka romela dikopo. Ba le bantsi ba ba welang mo setlhopheng seno ba thusa mo maphateng a e seng a go aga a a ntseng jaaka a go laola dikoloi, a tirelo ya dijo, a pabalesego, a go laola didirisiwa, a polokesego, a go rulaganya, a go reka dilwana, a tsa madi, le a tsa thuso ya potlako. Ba bangwe gape ba thapisiwa gore ba tle ba dirisiwe ka tsela e e mosola mo isagweng. Bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba kgothalediwa gore ba sekaseke ka kelotlhoko gore a ba ka kgona go ithaopela tiro eno e e galaletsang Rraarona ebong Jehofa.—Bapisa 1 Samuele 3:8; Mathaio 4:20.

21 Botlhe Ba Ka Nna le Seabe: Botlhe ba ka bontsha moya o montle mo tirong e e botlhokwa eno ka go thusa ka go dira ditiro tse di saletseng kwa morago mo phuthegong fa ba bangwe ba dira tiro ya go aga Holo ya Bogosi ka bontlhanngwe jwa mafelobeke. Tota ga go na ope wa rona yo o tla batlang go kgoba baithaopi bano marapo ka tsela epe fela ka go dira ekete ditiro tsa go bontsha lorato tseo ba di dirang mo go ageng Diholo tsa Bogosi ga se tirelo e e boitshepo. (Dia. 24:10; Baheb. 6:10) Legale, go tlhokega gore go nne le tekatekano, ke ka ntlha ya moo Komiti E E Agang ya Kgaolo e nnang kelotlhoko fa e dira dithulaganyo gore baithaopi ba se ka ba tlhoka go nna teng kwa magaeng a bone le kwa diphuthegong tsa bone go sa tlhokege.

22 Lefa maemo a sa re dumelele go ithaopela tiro ya go aga ka boyone, go na le karolo e le nngwe e e botlhokwa eo rotlhe re ka nnang le seabe mo go yone. Ke efe? Ke go tlotla Jehofa ka ‘dithoto’ tsa rona. (Dia. 3:9) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o itumela thata fa re tshegetsa go agiwa ga Diholo tsa Bogosi ka lorato ka madi. Meneelo e e ntshiwang kgwedi le kgwedi e ntshediwa Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi e e tswang mo diphuthegong di le 500, mmogo le mo dipotologong le mo bathong ka bongwe e anaanelwa thata. Re kgothaletsa botlhe gore lo tswelele pele lo ntse lo tshegetsa ka tsela e e molemo eno ka gore go santse go na le diphuthego di le dintsi tseo di dirang dikopo tsa dikadimo tsa madi a go aga Diholo tsa Bogosi. (Dit. 20:35; 2 Bakor. 9:6, 7; 2 Bakor. 8:7) Tsela e nngwe eo re ka thusang diphuthego tse di sa itsholelang mo go kalo ke ka dilo tsa go aga. O ka nna wa bo o na le dilo tsa go aga tse disha tseo o iseng o di dirise. Go tweng ka dilo tseo di santseng di le mo boemong jo bo siameng tseo di setseng di dirisitswe? Mo dikgweding tsa bosheng jaana ditlhopha tse disha tsa mo mekhukhung e e gaufi le Gauteng le Cape Town ba ile ba agelwa mafelo a ba kopanelang mo go one ka lorato ka didirisiwa le dilo tsa go aga tseo di ntshitsweng moneelo. Komiti E E Agang ya Kgaolo e tla itumelela go rwala dilo tse di ntseng jalo. O ikutlwe o gololesegile go ikgolaganya le molebedi wa potologo kana le Mokgatlho fa e le gore ga o itse gore o ka ikgolaganya jang le komiti ya kgaolo ya lefelo la lona.

23 Melemo E E Nnelang Ruri: Ereka Mokgatlho o neela Komiti E E Agang ya Kgaolo dikaelo le thapiso e e oketsegileng, diphuthego tseo di agang kana di baakanyang Diholo tsa Bogosi di ka solegelwa molemo fa di ka kopa kgakololo mo dikomiting tseno. Bagolwane ba tla bo ba dira ka botlhale fa ba ka ikgolaganya le Komiti E E Agang ya Kgaolo pele ba reka setsha mme ba bo ba dirisana mmogo le bakaulengwe bano ba ba nang le maitemogelo ka nako ya fa tiro e ntse e tsweletse.—Dia. 15:22.

24 Eleruri, Jehofa o re thusa thata mo go ageng matlo a mantsi a kobamelo gore re mmake. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tlhotlheletsega thata ke lorato lono lwa go intsha setlhabelo. Ke lone mofuta wa lorato lo Jesu a ileng a bolela gore balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba tla bonwa sentle ka lone. (Yoh. 13:34, 35) Fela jaaka fa Jesu a ne a baya dikgatlhego tsa ba bangwe kwa pele ga tsa gagwe le bone ba dira fela jalo.

25 Ee, bao ba nang le seabe mo go ageng dikago tse di agelwang kobamelo ya ga Jehofa ba bona Pesalema 127:1 e le boammaaruri. Le mororo baithaopi ba ba nang le bokgoni ba dirisa nako le matsapa a bone go aga Diholo tsa Bogosi tse dintle, ke tshegofatso ya ga Jehofa e e dirang gore go nne le katlego. A rotlhe re tswelele pele re iketleeleditse go dirisa nako ya rona le ‘dithoto’ tsa rona jaaka fa re ntse re lebeletse gore Jehofa a segofatse maiteko a rona.—Dia. 3:9.

[Picture on page 3]

Diepkloof, Soweto—E agilwe ka malatsi a le mane

[Pictures on page 4]

Letsatsi la kgakolo—Kago ya matlhatlaganyane a mabedi e e agilweng ka logong, kwa Hillbrow, Gauteng

[Picture on page 5]

Inanda South, Durban

[Picture on page 6]

Lindizwe, Nongoma, KwaZulu

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela