Go Kwala Diholo tsa Bogosi Maina
1 Holo nngwe le nngwe ya Bogosi e tshwanetse ya kwalwa letshwao le le tshwanelang le le bonalang sentle le le balegang jaana: “Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa.” Letshwao leno le tshwanetse la nna phepa, ya nna le le lebegang sentle, le leo le tlhokomelwang ka tshwanelo.
2 Koo diphuthego tsa gone tse di dirisang dipuo tse di farologaneng di kopanelang mo Holong e le nngwe ya Bogosi, ka tlwaelo letshwao la Holo ya Bogosi le tshwanetse la bewa le le ka puo nngwe le nngwe ya tsone. Seno kwantle ga pelaelo se dira gore go nne motlhofo mo bathong ba ba buang dipuo tseo gore ba itse lefelo leo re obamelang mo go lone. Ditlhopha tsa bagolwane tsa diphuthego tseo di amegang di tshwanetse tsa kgona go dira dithulaganyo tsa go ka baya matshwao a a tshwanetseng a Holo ya Bogosi ka dipuo tsa diphuthego tseo di dirisang Holo e e rileng ya Bogosi.—Bafil. 2:4.
3 Mo godimo ga moo, koo go ka kgonagalang gone, dinako tsa dipokano di tshwanetse tsa kwalwa moo le tsone mme di bolokiwe di tsamaisana le dipokano tseo. Holo ya Bogosi eo e dirisiwang ke ditlhopha tsa dipuo tse di fetang e le nngwe di tshwanetse tsa nna le letshwao leo le bontshang dinako tsa dipokano tsa setlhopha sa puo nngwe le nngwe.