Go Dirisa Dibuka Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo
1 Jehofa o re file dijo tse dintsi tse di nonotshang tsa semoya. Bontsi jwa tshedimosetso eno bo ntse bo tla ka dibuka tsa ditsebe tse 192. Ka January re tla bo re tsamaisa nngwe ya dibuka tsa ditsebe tse 192, e leng Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? Fa e le gore ga o na dikopi tsa buka eno kwa gae, tsweetswee iponele nngwe kwa khaontareng ya dibuka. Go tla nna molemo gore o boeletse dintlha dingwe tse o ka di dirisang mo puisanong ya gago.
2 Fa o tsamaisa buka ya “Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?,” bula Baebele ya gago mo go Tshenolo 21:3, 4 mme fa mongantlo a bula lebati, o ka nna wa bolela jaana:
◼ “A o ne o ka rata go tshela mo lefatsheng le go sa tlholeng go na le loso le bohutsana mo go lone? Eno ke yone tsholofetso e e kwadilweng mo bukeng ya bofelo ya Baebele ya Tshenolo. Ela tlhoko gore Tshenolo 21:3, 4 ya reng. [Bala lokwalo loo.] A o akanya gore re tla tsamaya re bona mafoko ano a diragadiwa?” Letela karabo. Bula tsebe 102 mo bukeng ya Kagiso ya Boammaaruri mme o bale serapa sa 20. Gatelela gore Lefatshe le Lesha la Modimo ke yone fela e e tla fedisang bolwetsi le loso mme e tlise kagiso le polokesego tsa boammaaruri. Itsise mongantlo gore o tla rata go mo tlogelela kgatiso eno ka moneelo wa R3,50 le gore o tla boa gape go tla go tsweletsa motlotlo pele.
3 Tsela e nngwe e o ka lekang go simolola ka yone ke eno:
◼ “Mongwe le mongwe o eletsa go tshela mo lefatsheng le le nang le kagiso le polokesego. Ka maswabi, ga di ise di ko di nne teng mo nakong e re tshelang mo go yone. O akanya gore re tshwanetse go dira eng gore go nne le kagiso le polokesego? [Letela karabo.] Modimo o na le nonofo ya go lere kagiso mo lefatsheng leno, e bile o solofeditse gore o tla dira jalo.” Bula mo setshwantshong se se mo tsebeng ya 98, mme morago ga foo o bale Mika 4:3, 4. Fa motho a kgatlhega, tlhalosa mo go oketsegileng ka tsholofelo ya Bogosi, tsamaisa buka, mme o bo o dira dithulaganyo tsa go dira loeto lwa go boela.
4 O ka nna wa tlhopha go dirisa boroutšhara jwa “A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?” Fa e le gore o tla bo dirisa, o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Batho ba le bantsi ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo o letleletse pogo e kana kana mo lefatsheng. E re ka e le mothatayotlhe, ke eng a sa dire sengwe go fedisa tlalelo ya rona? Wena o ikutlwa jang? [Letela karabo.] Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo ga wa re latlha.” Bula tsebe 27, serapa 22, mme o bale Pesalema 37:11, 29. Mmontshe setshwantsho se se kgatlhang se se bontshang gore ke eng se re ka se lebelelang. Fa a tsaya boroutšhara, ithaope go boa gape gore o tle go mmontsha gore bo ka dirisiwa jang go ithuta Baebele.
5 Dibuka tsa rona di tlhotlheleditse batho ba ba diketekete gore ba tlhatlhobe Baebele. Se ba se ithutileng se dirile gore ba solofele go nna le isagwe e e itumedisang. (Pes. 146:5) Ke tshiamelo ya rona gore re ba thuse.