Bontsha Gore o a Amega ka go Dira Maeto a go Boela
1 Go batla batho ba ba kgatlhegang ka go tsamaya ka ntlo le ntlo go supa gore o eletsa go fa batho ba bangwe tshono ya gore ba utlwe molaetsa wa Bogosi. Ka jalo tlhomamisa gore o boela kwa o tsamaisitseng dibuka gone ka kgwedi ya January, e re ka e tla bo e le tsela e ntle ya go bontsha gore o amega ka batho ba bangwe.
2 O ka nna wa nna le puisano e khutshwane e e ntseng jaaka eno fa o boela kwa o tsamaisitseng buka ya “Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?”:
◼ “Baeteledipele ba lefatshe ba gompieno ba paletswe ke go dira gore go nne le kagiso le polokesego. Jehofa Modimo ke ene fela yo o ka kgonang go dira seo. Baebele e re bontsha gore re tshwanetse go dira eng. [Tlotla ka dintlha tse di mo serapeng sa 1 le 2 mo tsebeng ya 175, mme morago ga foo o bo o bala Isaia 26:4.] Ke tla rata go go bontsha gore buka eno e ka go thusa jang.”
3 Fa e le gore mongantlo ga a tsaya dibuka dipe, mme a ile a kgatlhegela molaetsa wa rona, o ka nna wa leka go simolola jaana:
◼ “Ke itumela thata go bo ke go fitlhetse gape mo gae. Fa ke ne ke go etetse o ne wa bontsha gore o kgatlhegela tsholofetso ya Baebele e e kwadilweng mo go Tshenolo 21:3, 4. Gompieno ke rata go go bontsha gore Modimo o tla diragatsa jang tsholofetso ya gagwe ya go dira lefatshe paradaise. Ela tlhoko se se kwadilweng mo go Pesalema 37:9-11. [Bala.] Modimo o tla fedisa batho ba ba bosula. A o rata go nna gare ga batho ba ba siameng ba ba tla nnang le letlotlo la kagiso? [Letela karabo.] He ela tlhoko gape ditemana 29 le 34. Ke tla itumelela go boa gape go tla go tsweletsa motlotlo wa rona pele ka nako e e tla go tshwanelang.” Go ikaegile ka gore maemo a ntse jang o ka nna gape wa rata go tsamaisa dimakasine tsa bosheng. Dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go boa.
4 O ka nna wa boela kwa o tsamaisitseng teng boroutšhara jwa “A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?” o dirisa kakantsho eno:
◼ “Mo nakong e e fetileng ke ne ka go tlogelela kopi ya boroutšhara jono jo bo botsang potso e e botlhokwa e e reng: ‘A ruriruri Modimo o amega ka rona?’ Fa o sena go sekaseka boroutšhara jono, o ne wa swetsa ka go reng? [Letela karabo.] Gongwe o ne wa ikutlwa o kgothala fa o ne o bala dikwalo tse di solofetsang lefatshe le lesha la paradaise, leo mo go lone re tla nnang ka kagiso. [Mmontshe ditshwantsho tse di mo ditsebeng 2 le 3, mme o supe dikarolo tse di kgatlhang tsa lefatshe le lesha.] Ke tlhomamisa gore wena le ba o ba ratang lo tla rata go tshela mo lefatsheng le le ntseng jalo. Ela tlhoko gore serapa 16 mo tsebeng ya 31 sa reng malebana le seno.” Bala serapa, mme o mo tlhalosetse gore go batla Jehofa go raya go ithuta mo go oketsegileng kaga gagwe le ka maikaelelo a gagwe ka go ithuta Lefoko la gagwe e leng Baebele.
5 Go dira maeto a go boela a a nang le matswela, re tshwanetse go bontsha gore re amega ka batho. Go tla re thusa fa re ka gakologelwa melaometheo e meraro ya botlhokwa. Nna motho yo o fetofetogang. Mongantlo a ka tswa a sa tlwaela go beela nako e e rileng kwa thoko go tlotla ka Baebele. Bolela ka bokhutshwane. O se ka wa nna nako e telele thata kana wa akaretsa dintlha tse dintsi mo lekgetlhong la ntlha. Gantsi motho o tla arabela sentle fa o mo etetse o bo akaretsa dintlha di le mmalwa fela ka nako e khutshwane. Nna lorato le botsalano. Bontsha mongantlo gore o a mo kgatlhegela jaaka motho. Mokgele wa rona o mogolo ke go dira gore mongantlo a nne le seabe mo motlotlong wa Dikwalo. Morago ga foo re batla go simolola thuto ya Baebele ya legae e e tswelelang pele.
6 Jehofa o tlhomile sekao se sentle jaaka Modisa yo o lorato yo o amegang ka dinku tsa gagwe. (Esek. 34:11-14) Maiteko a rona a magolo a go etsa tsela e e lorato e a amegang ka yone a mo itumedisa, a supa lorato lwa rona, e bile a leretse batho ba bangwe masego.