LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/95 ts. 1
  • Go Rera—Tshiamelo e e Kwa Godimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rera—Tshiamelo e e Kwa Godimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Anaanela Tshiamelo e o Nang le Yone ya Tirelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Go Rera ka Bogosi—Tshiamelo e e Botlhokwa Thata
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Re Tshwanetse go Ipoloka re Tlhagafetse mo Bodireding
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Bua Dikgang Tse di Molemo ka Tlhagafalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 2/95 ts. 1

Go Rera—Tshiamelo e e Kwa Godimo

1 Bodiredi jwa mafoko a a molemo ke tshiamelo e e kwa godimo e Jehofa a e re fileng. (Bar. 15:16; 1 Tim. 1:12) A o bo leba ka tsela eo? Go feta ga nako kana go sotliwa ke batho ba bangwe ga go a tshwanela go dira gore re se ka ra tlhola re bona go le botlhokwa thata. Go bidiwa ka leina la Modimo ke tshiamelo e e filweng batho ba le mmalwa fela. Re ka godisa jang tsela e re anaanelang tshiamelo eno ka yone?

2 Go rera molaetsa wa Bogosi go dira gore re se ka ra ratwa ke lefatshe. Batho ba le bantsi ga ba rate kana ga ba kgatlhegele tiro ya rona. Ba bangwe ba a e sotla le go e ganetsa. Kganetso e e ntseng jalo e ka nna ya tla ka badirimmogo, baagisani, kana le e leng ba lelapa. Mo go bone re ka nna ra lebega re le batho ba ba timetseng le ba ba dieleele. (Joh. 15:19; 1 Bakor. 1:18, 21; 2 Tim. 3:12) Dilo tse ba di buang tse di kgobang marapo ba di bua gore re se ka ra nna tlhaga le gore re ngodiege kana re tlogele tshiamelo eno ya rona e e kwa godimo. Go nna le pono e e sa siamang go tlhotlhelediwa ke Satane, yo o “foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumeleng, gore lesedi la mafoko a a molemo a kgalalelo . . . le se ka la ba phatsimela.” (2 Bakor. 4:4) O itshwara jang?

3 Go botlhokwa gore re gakologelwe gore tiro ya rona ya go rera ka Bogosi ke tiro e e botlhokwa thata e ope fela wa rona a ka e dirang gompieno. Re na le molaetsa o o ka bolokang botshelo o go senang tsela epe e nngwe e o ka bonwang ka yone. (Bar. 10:13-15) Selo se se botlhokwa ke gore re amogelwe ke Modimo e seng ke batho. Tsela e e sa siamang e lefatshe le lebang tiro ya rona ka yone ga e re kganele go bolela mafoko a a molemo ka bopelokgale.—Dit. 4:29.

4 Jesu o ne a tseela tshiamelo ya gagwe ya go dira go rata ga Rraagwe kwa godimo thata. (Joh. 4:34) O ne a ineetse ka botlalo mo bodireding mme ga a ka a letlelela dikgoreletsi kana batho ba ba mo ganetsang go mo ngodiegisa. Go rera molaetsa wa Bogosi e ne e le selo se se tlang pele ka metlha mo botshelong jwa gagwe. (Luke 4:43) Re laelwa gore re etse sekao sa gagwe. (1 Pet. 2:21) Fa re dira jalo, re dira jaaka “badiri mmogo le Modimo.” (1 Bakor. 3:9) A re dirisa tshiamelo eno ka botlalo? A re senka dinako tse ka tsone re ka bolelelang batho ba bangwe mafoko a a molemo e kane e le ka tsela e e tlwaelegileng kana e e sa tlwaelegang? Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re tshwanetse go iketleeletsa ka metlha go ‘bolela leina la gagwe.’—Baheb. 13:15.

5 Go nna le seabe mo bodireding go ikaegile thata ka tsela e re ikutlwang ka yone. A eleruri re anaanela dilo tse Jehofa a di re diretseng? A re rata Jehofa ka lorato lo lo re tlhotlheletsang gore re dire gotlhe mo re ka go kgonang mo tirelong ya gagwe? Go tlhatlhanya ka masego a re nang le one gone jaanong le tse Jehofa a di re solofetsang mo isagweng go re thusa gore re rate Mmopi wa rona thata. Lorato lo lo ntseng jalo lo re tlhotlheletsa gore re dire—re dire tiro ya go rera ka Bogosi ka metlha e bile re e dira kgapetsakgapetsa go ya kafa maemo a rona a re letlelelang ka one. Botlhaga jwa rona bo tla supa gore re rata Jehofa le baagisani ba rona.—Mar. 12:30, 31.

6 Re bontsha gore re anaanela selo go le kana kang ka se re se dirang ka sone le se re se buang ka sone. A tota re anaanela tshiamelo ya rona ya go rera ka Bogosi? A re tlotlomatsa bodiredi jwa rona? A re ititeile sehuba gore re tla itshoka mo tirong e e botlhokwa eno lefa re bogisiwa? Fa e le gore re tseela tshiamelo e e molemolemo eno kwa godimo, re tla nna tlhaga tota e bile re tla dira ka pelo yotlhe.—2 Bakor. 4:1, 7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela