Go Tlhaloganya Molaetsa wa Bogosi
1 Mo setshwantshong sa gagwe sa mojadi, Jesu o ne a bolela gore peo e e welang mo “mmung o o molemo” e tshwantshetsa “yo o utlwang lefoko a ba a le tlhaloganye.” (Math. 13:23) Fa re sena go utlwa ka Bogosi a re ne ra bo ‘tlhaloganya’? Go ama matshelo a rona go le kana kang? A re baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele re supa gore tota re ile ra tlhaloganya molaetsa?
2 Motho o tshwanetse gore a nne le thuto ya motho ka namana gore a kgone go tlhaloganya molaetsa wa Bogosi sentle. Re tshwanetse gore re iphe nako ya go tlhatlhanya ka dijo tsa semoya tse re di amogelang. Go bala Tora ya Tebelo o itlhaganetse go tshwana le go kometsa dijo tse di monate tse di nang le dikotla ka bonako. A o ipha nako ya go akanya ka masisi ka dijo tsa semoya? Gore o tle o solegelwe molemo o tshwanetse wa bo o iketleeditse e bile o eletsa dijo tsa semoya tota. Fa go sa nna jalo, ditiro tse dingwe di ka nna tsa dira gore re se ka ra solegelwa molemo mo go kalo ke thuto ya motho ka namana kana di ka nna tsa ja nako e re e tlhokang go dira jalo. Ga go motlhofo go boloka thulaganyo e e molemo ya go ithuta. Le mororo go tlhokega gore motho a lekalekanye dilo tse di tlang pele sentle, masego a semoya a motho a a bonang a botlhokwa thata.—Dia. 3:13-18; Bakol. 1:27.
3 Bukana ya Go Lotolotsa mo Dikwalong e re naya dikgopolo tse di siameng, tse di agang ka Bogosi letsatsi le letsatsi. Batho ba ba “amegileng ka seo ba se tlhokang semoyeng” ba rulaganya gore ba dirise metsotso e sekae go bala temana le dikakgelo tsa yone tsa letsatsi le letsatsi. (Math. 5:3, NW) Ditemana tse dintsi di tlhalosa dikarolo tse di farologaneng tsa Bogosi. Ka sekai, ka November 22, 1994, temana ya letsatsi e ne e bua ka Mathaio 13:4. Dikakgelo tsa yone di ne di bua ka tsholofelo ya Bogosi mme di ne tsa re gakolola ka kotsi ya go nna le botsalano jo bo sa siamang le ba losika le baagisani. Lebaka la go bo magae a Bethele a a mo lefatsheng lotlhe a sekaseka temana ya letsatsi ka metsotso e le 15 letsatsi lengwe le lengwe le go berekiwang ka lone le gatelela melemo ya gone le bomasisi jwa go bala temana ya letsatsi mmogo. A lelapa la gago le lone le na le thulaganyo e e ntseng jalo mo dilong tse lo di dirang letsatsi le letsatsi?
4 Fa kanaanelo ya gago ka Bogosi e ntse e gola, o tla nna le lebaka le legolo la go batla go bolelela batho ba bangwe ka molaetsa wa Bogosi. Tora ya Tebelo le Tsogang! di re fa se re ka se tshwantshang le mafura a tlhaloganyo a a otlang megopolo ya rona ka tshedimosetso e ntšha e e mo nakong. Di dira gore re nne re ntse re itse gore lefatshe le tlhoka Bogosi jwa Modimo go le kana kang. Di re thusa gore re nne batho ba ba godileng semoyeng, ba ba ‘nang le mogopolo wa ga Keresete.’ (1 Bakor. 2:15, 16) Dilo tseno tsotlhe di ka nonotsha tsholofelo ya rona mme di oketse botlhaga jwa rona mo go boleleng batho ba bangwe ka tsholofetso ya Bogosi.—1 Pet. 3:15.
5 Go botlhokwa thata gore rona ka borona re tlhaloganye molaetsa wa Bogosi. Modimo o tla dirisa Bogosi go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe, go fedisa boikepo, le go lere lefatshe le lesha—la paradaise. Jesu o ne a re laela gore re dire gore e nne selo se se tlang pele mo botshelong jwa rona. Re tshwanetse gore re nne babusiwa ba ba tshwanang le dinku gore re tle re tshele kafa tlase ga puso eno. (Math. 6:10, 33) Dira gotlhe mo o ka go kgonang go bona masego a jone.