Go Iphepa ka Metlha Semoyeng—Go Siametse Lelapa la Bakeresete
1 “Motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.” (Math. 4:4) Abo mafoko ao a opa kgomo lenaka jang ne! Fela jaaka fa re tlhoka dijo tsa nama letsatsi le letsatsi, jalo re tlhoka go iphepa ka dijo tsa semoya letsatsi le letsatsi. Go re thusa gore re iphepe ka metlha ka Lefoko la Modimo, Mokgatlho o gatisitse bukana e e reng Go Lotolotsa mo Dikwalong ka Malatsi Otlhe. Jaaka lelapa la Bakeresete, a lo beela nako kwa thoko letsatsi le letsatsi ya go tlhatlhoba temana ya letsatsi?
2 Batsadi Ba Tshwanetse Ba Tlhoma Sekao: Ereka re nna re tshwaregile, go motlhofo fela gore re nne re re re tla tshwara temana ya letsatsi mme go sa tle gore re dire jalo, re akanya gore re tla e tshwara ka nako e nngwe. Mme lefa go ntse jalo fa e le gore batsadi ba amegile ka seo lelapa le se tlhokang semoyeng, ba tla bona nako, ee, ba tla dira gore ba nne le nako, letsatsi le letsatsi ya go dira jalo ka nako ya fa lelapa le le mmogo. (Math. 5:3) Ba tla ithaopela eseng go bala fela temana ya letsatsi le bana ba bone mme gape le go otlelela dintlha tseo di leng mo dikakgelong tsa Tora ya Tebelo le go tlotla malebana le kafa tshedimosetso eo mmogo le kgakololo di ka dirisiwang ka gone ka tsela e e nang le mosola. Ke boammaaruri, go ka nna ga tlhoka gore lo dire boiteko le go itlwaetsa go dira jalo e le gore seno se ke se fetoge mokgwa mo go lona, mme lefa go ntse jalo ga lo kitla lo ikwatlhaela seno ka ntlha ya melemo eo lo tlileng go e bona. (Bapisa Ditihō 17:11, 12.) Ka jalo, batsadi, dirang bojotlhe jwa lona go tlhoma sekao se se molemo!
3 Batlang Nako E E Tshwanetseng: Ke nako efe eo e leng yone e e molemo go di gaisa tsotlhe eo lelapa lotlhe le ka nnang mmogo ka yone go tla go tlotla ka temana ya letsatsi, ba sa e letle gore e fetoge selo seo ba tshoganang ka ba se dirile? Go na le molemo mo go simololeng letsatsi ka go sekaseka temana nngwe mo Bibeleng. Kwa Bethele le kwa magaeng a barongwa go dikologa lefatshe, go simololwa letsatsi ka kobamelo ya mo mosong, eo e akaretsang go tlotla ka bokhutshwane ka temana ya letsatsi. Seno se thusa bakaulengwe gore ba simolole letsatsi sentle, gore ba tlhatlhanye ka dikgakololo tse di tswang mo go Jehofa letsatsi le letsatsi.—Pes. 1:1, 2; Bafil. 4:8.
4 Malapa a Bakeresete le one ka tsela e e tshwanang a ka bona molemo go tswa mo metlotlong ya Bibela ya mo mosong. Bana ba ka thusiwa gore ba kgone go lebana le dilo tseo di ba diragalelang kwa sekolong tseo di tshosetsang bomoya jwa bone. Fa go feta lobaka lo lo rileng go sa kgonege gore lelapa lotlhe le nne fa fatshe mme le tlotle ka temana ya letsatsi, batsadi ba ka nna ba akanya ka dithulaganyo tse dingwe tseo ba ka di dirang e le gore dijo tseno tsa botlhokwa tsa semoya di seka tsa fosiwa. Ka sekai, fa e le gore rre o tshwanelwa ke gore a ye tirong pele ga bana ba tsoga mo mosong, gongwe mmè a ka dirisetsa nako e e rileng go tlotla le bana ka temana ya letsatsi. Kafa letlhakoreng le lengwe, malapa mangwe a dira dithulaganyo tsa go tlotla ka temana ya letsatsi mantsiboa ka ntlha ya gore eo ke yone nako eo ba a bong ba le mmogo ka yone. Lelapa lengwe le lengwe le ka nna la dira thulaganyo eo e tsamaisanang botoka le maemo a lone.
5 Go iphepa semoyeng letsatsi le letsatsi ke selo sa botlhokwa mo lelapeng la Bokeresete. Dirang gore go tlotla ka temana ya letsatsi e nne selo se se tlang pele mo go lona. (Bafil. 1:10) Go tlotla ka temana ya Bibela letsatsi le letsatsi go tla re thusa gore re ngaparele melaometheo le melao ya ga Jehofa e e siameng. Fa leloko lengwe le lengwe la lelapa le tshwarisana mmogo mo go seno seo se tla dira gore thulaganyo eno e nne e e solegelang botlhe molemo go menagane.