BOTSHELO JWA BOKERESETE
A Bukana ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe E a Go Thusa?
Mo dilong tse o di dirang letsatsi le letsatsi gore o atamalane le Jehofa, a o bala temana ya letsatsi? Fa e le gore ga o dire jalo, re kopa gore o e bale letsatsi le letsatsi. Batho ba le bantsi ba e bala mo mosong gore ba tle ba akanye ka se ba se badileng fa ba ntse ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. (Jos 1:8; Pes 119:97) O ka dira eng gore o solegelwe molemo ke temana ya Baebele e e tlhalosiwang? Bala ditemana tse di tlhagang fa morago le tse di fa pele ga temana eo kgotsa bala tiragalo ya temana eo yotlhe gore o kgone go e tlhaloganya sentle. Akanya ka pego ya Baebele e e tsamaisanang le molaomotheo o o mo temaneng eo. Go tswa foo, dirisa molaomotheo oo mo botshelong jwa gago. Fa o dira ditshwetso go dumalana le Lefoko la Modimo, le tla go kaela e bile le tla go thusa.—Pes 119:105.
Mo lefatsheng lotlhe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba kwa Bethele ba bala bukana ya, Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe ka nako ya dijo mo mosong. Bosheng jaana, dipuo di le dintsi tsa Kobamelo ya mo Mosong di ntse di tsenngwa mo JW Broadcasting® mo karolong ya, MANANEO LE DITIRAGALO. O feleleditse leng go di lebelela? Gongwe puo nngwe mo go tsone e ka go thusa. Ka sekai, pego ya ga Lote e ka go thusa jang fa o dira ditshwetso?
LEBANG BIDIO YA, LO SE KA LWA RATA LEFATSHE (1JO 2:15), LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Ke molaomotheo ofe wa Baebele o go neng go tlotliwa ka one mo puong eno ya Kobamelo ya mo Mosong?
Re ka ithuta eng mo pegong ya ga Lote ka kotsi ya go rata lefatshe kgotsa dilo tse di mo go lone?—Ge 13:12; 14:12; 19:3, 12, 13, 24-26
Re ka bontsha jang gore re rata Jehofa mme e seng lefatshe kgotsa dilo tse di mo go lone?
Nka dira eng letsatsi le letsatsi go bontsha gore ke rata Lefoko la ga Jehofa?