Ditlhogo Tsa Malapa—Nnang le Thulaganyo e e Molemo ya Dilo Tsa Semoya
1 Le mororo Daniele a ile a fetsa masome a dingwaga a nna kwa Babelona e e neng e tletse boikepo le kobamelo ya medingwana, o ne a itsege e le motho yo o direlang Jehofa “ka tlhomamo.” (Dan. 6:16, 20) O ne a kgona jang go ipoloka a nonofile semoyeng? Pego ya Baebele e bontsha gore o ne a na le thulaganyo e e molemo ya go dira ditiro tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri. Ka sekai, o ne a na le thulaganyo ya go rapela gararo ka letsatsi a le mo ntlwaneng ya gagwe e e mo borulelong. (Dan. 6:10) Gape ga go pelaelo gore, o ne a na le thulaganyo ya ka metlha ya go dira ditiro tse dingwe tsa semoya, tse di jaaka go bala Molao. Ka gone, Daniele o ne a se ka a reketla mo tumelong fa a ne a lebane le tiro e e neng ya tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing, mme Jehofa o ne a mo namola ka kgakgamatso.—Dan. 6:4-22.
2 Le rona gompieno, re tshwanetse go lwa ka natla go nna re “tsogile ka metlha yotlhe.” (Baef. 6:18) Lefatshe le re tshelang mo go lone le “namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Joh. 5:19) Kganetso kana diteko di ka runya re sa lebelela mme tsa leka tumelo ya rona. Ka nako ya pitlagano e kgolo, batlhanka ba Modimo e tla bo e le bone ba tlhaselwang thata ke Gogo wa Magogo, mme go tla bonala e kete ga go na kwa ba ka tshabelang teng. Re tla tshwanelwa ke go bontsha gore re ikanya Jehofa ka botlalo ka nako eo.—Esek. 38:14-16.
3 “Selo sengwe se se ka thusang thata ke go dira gore mmalo o o molemo wa Baebele, thuto ya lelapa le motlotlo e nne tsela ya [lelapa] ya botshelo.” Go ne ga rialo matseno a terama ya kopano ya kgaolo ya 1998 e e neng e na le setlhogo se se reng: “Malapa—A go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi e Nne Tsela ya Lona ya Botshelo!” A ne a tswelela jaana: “Fa malapa a gagamalela thulaganyo e e ntseng jalo ka metlha le ka tsela e e dirang gore dikgang tsa Baebele e nne tsa mmatota, thulaganyo e e ntseng jalo ya ka metlha ya Baebele e nna le tlhotlheletso e kgolo mo lelapeng. E oketsa kitso ya rona. E nonotsha tumelo ya rona. E bile e re lemotsha dikao tsa batho ba re ka ba etsang—banna le basadi ba bogologolo ba ba ikanyegang thata—ba ba ka re tlhotlheletsang, ba re rotloetsa gore re emele boammaaruri.” Fa re ntse re sekaseka dikarolo tse di farologaneng tsa thulaganyo e e molemo ya semoya, ditlhogo tsa malapa di tshwanetse go senka ditsela dingwe tse di ka di latelang go tokafatsa dithulaganyo tsa semoya tsa malapa a bone ka tsone.
4 Sekasekang Lefoko la Modimo Letsatsi le Letsatsi: “Fa Bogosi jwa Modimo bo busa bo sa ganediwe ke ope e bile thato ya gagwe e dirwa mo lefatsheng jaaka kwa legodimong, ga go kitla go nna le motho ope yo o setlhogo—tota le e leng diphologolo—yo o tla ‘utlwisang botlhoko le fa e le go senya.’ (Isa. 11:9; Math. 6:9, 10)” Mafoko ao a ne a tlhaga mo bukaneng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2001 mo kakgelong ya temana ya letsatsi ya September 11. A bo kgakololo eno e itshupile e kgothatsa jang ne! Lona ditlhogo tsa malapa, a lo na le thulaganyo ya ka metlha ya go sekaseka temana ya Baebele le dikakgelo tsa yone le malapa a lona? Go dira jalo go mosola tota. Fa e le gore ga lo kgone go kopana mmogo mo mosong, gongwe lo ka dira jalo moragonyana mo letsatsing. Rre mongwe o ne a re: “Nako ya dijo tsa maitseboa ke nako e e molemo e re sekasekang temana ya letsatsi ya Baebele ka yone.”
5 Re a go akgola fa e le gore o setse o na le thulaganyo e e molemo ya ka metlha ya go sekaseka temana ya letsatsi le lelapa la gago. Gongwe lo ka oketsa mo go seno ka go bala dikgaolo di se kae tsa Baebele ka nako eo. Bakaulengwe ba bangwe ba itiretse thulaganyo ya ka metlha ya go bala kgaolo yotlhe e temana ya letsatsi e tswang mo go yone. Ba bangwe ba bala dikgaolo tsa Baebele ka go latelana ga tsone, ba bala buka nngwe go fitlha ba e fetsa. Go bala Baebele letsatsi le letsatsi go tla thusa lelapa la gago go nna le poifo e e molemo ya go tshaba go kgopisa Jehofa e bile go tla godisa keletso ya lone ya go rata go dira thato ya gagwe.—Duteronome 17:18-20.
6 Thulaganyo ya lelapa la gago ya go bala Baebele le go sekaseka temana ya letsatsi e tla lo solegela molemo thata fa lo ka dirisa metsotso e se kae go bontsha kafa lo ka dirisang tshedimosetso eo ka teng. Buka ya Sekolo sa Bodiredi, mo tsebeng ya 60, e gakolola jaana: “O ka nna . . . wa tlhopha ditemana di se kae go tswa mo mmalong wa Baebele o o rulaganyeditsweng beke eo, tlotla ka seo di se bolelang, o bo o botsa dipotso tse di tshwanang le tseno: ‘Seno se re kaela jang? Re ka dirisa ditemana tseno jang mo bodireding? Di senola eng ka Jehofa le tsela ya gagwe ya go dira dilo, mme seno se dira jang gore re mo anaanele le go feta?’” Metlotlo e e ntseng jalo ya dilo tsa semoya e tla thusa botlhe mo lelapeng la gago go ‘tswelela ba lemoga se e leng thato ya ga Jehofa.’—Baef. 5:17.
7 Thuto ya Lelapa: Go tshwara thuto ya lelapa ka metlha beke nngwe le nngwe ke tsela e e molemo e ditlhogo tsa malapa di ka bontshang bana ka yone gore dilo tsa semoya di tla pele. Lekawana lengwe le gakologelwa jaana: “Ka dinako tse dingwe Rre o ne a tla a lapile thata fa a tswa tirong mo e bileng a neng a otsela, le fa go ntse jalo thuto e ne e tshwarwa, mme seno se re thusitse go tlhaloganya bomasisi jwa yone.” Bana le bone ba ka thusa gore thulaganyo eno e atlege. Lelapa lengwe le le nang le bana ba le robongwe le ne le tsoga ka metlha ka ura ya botlhano go tshwarwa thuto ya lelapa ka gonne go ne go se na nako e nngwe e seno se neng se ka dirwa ka yone.
8 Selo se se ka thusang gore thuto ya lelapa e nne e e molemo ke fa tlhogo ya lelapa e ‘tlhokomela go ruta ga yone.’ (1 Tim. 4:16) Buka ya Sekolo sa Bodiredi e bua jaana mo go tsebe 32: “Go ka bolelwa gore thuto ya lelapa e e nang le matswela e simolola ka go ithuta lelapa la gago ka bolone. Maloko a lelapa la gago a gatela pele jang semoyeng? . . . Fa o le mo bodireding jwa tshimo le bana ba gago, a ba ikutlwa ba phuthologile go bidiwa Basupi ba ga Jehofa fa pele ga dithaka tsa bone? A ba itumelela thulaganyo ya gago ya lelapa ya go bala Baebele le go e ithuta? A ruri ba dira gore tsela ya ga Jehofa e nne tsela ya bone ya botshelo? Go sekaseka seno ka kelotlhoko go tla senola se wena jaaka tlhogo ya lelapa o tlhokang go se dira gore o age dinonofo tsa semoya mo lelokong lengwe le lengwe la lelapa.”
9 Dipokano Tsa Phuthego: Go baakanyetsa dipokano tsa phuthego le go nna gone kwa go tsone e tshwanetse go nna karolo ya konokono ya thulaganyo ya lona ya beke le beke. (Baheb. 10:24, 25) Ka dinako tse dingwe lo ka nna lwa baakanyetsa dipokano dingwe lo le lelapa. Go na le gore lo letele motsotso wa bofelo, a lo ka rulaganyetsa go baakanyetsa nako e sa ntse e le teng? Go dira seno ka metlha go tla lo thusa go tokafatsa tsela e lo baakanyetsang ka yone le tsela e dipokano di lo solegelang molemo ka yone.—Dia. 21:5.
10 Go baakanyetsa ka metlha le ka tsela e e molemo ke matshwao a a bontshang gore motho o na le thulaganyo e e molemo ya semoya. Go tweng fa maemo a dira gore go nne thata gore o baakanyetse dipokano tsotlhe? Buka ya Sekolo sa Bodiredi e bolela jaana mo go tsebe 31: “Tila lemena la go bala ka bonako fela gore o fetse, kgotsa se se maswe go feta seo, go sa bale gotlhelele ka gonne o sa kgone go ithuta tshedimosetso yotlhe. Go na le moo, leba go bona gore o ka ithuta dintlha di le kana kang, mme o di ithute sentle. Dira jalo beke nngwe le nngwe. Fa nako e ntse e tsamaya, leka go atolosa thuto ya gago gore o baakanyetse le dipokano tse dingwe.”
11 Fa malapa a fitlha go sa le gale kwa dipokanong, seno se a thusa go baakanya megopolo go ka baka Jehofa le go solegelwa molemo ke thuto e a ba rutang yone. A lelapa la gago le dira jalo ka metlha? Go tlhokega gore motho a rulaganye dilo sentle le gore mongwe le mongwe mo lelapeng a nne le tirisanommogo. Fa e le gore o lemogile gore lelapa la gago le tlhola le le mo lepotlapotleng e bile le imetswe ke ditiro ka matsatsi a dipokano, a o ka dira diphetogo mo thulaganyong ya lona ya ka metlha? A go na le dilo dingwe tse di ka dirwang go sa le gale? Fa mongwe mo lelapeng a na le ditiro tse dintsi go di dira, a ba bangwe ba ka mo thusa? A go ne go ka se ka ga imolola lelapa fa mongwe le mongwe a ne a ka dira gore a bo a setse a siametse go ya dipokanong metsotso e se kae go sa le gale? Go rulaganya dilo ka tsela e e molemo go tla dira gore go nne le kagiso mo lelapeng le mo phuthegong.—1 Bakor. 14:33, 40.
12 Tirelo ya Tshimo: Go ipeela dinako tse di tlhomameng tsa go nna le seabe mo bodireding ke tsela e nngwe ya go nna le thulaganyo e e molemo ya semoya. Lekawana lengwe le le bidiwang Jayson le gakologelwa jaana: “Mo lelapeng la gaetsho, Matlhatso mangwe le mangwe mo mosong e ne e le nako ya bodiredi jwa tshimo. Seno se ne se nthusa thata ka gonne ke ne ke kgona go bona melemo ya bodiredi fa ke fetsa nako e ntsi mo go jone, mme seo se ne se dira gore ke bo itumelele.” Batho ba le bantsi ba ba godiseditsweng mo malapeng a Basupi ba lemogile gore go nna le nako e e tlhomameng ya go ya bodireding beke le beke go ba thusitse go nna badiredi ba Bakeresete ba ba gatelang pele.
13 Gape go nna le thulaganyo e e molemo go ka thusa lelapa gore nako e le e dirisang mo tirelong ya tshimo e nne e e itumedisang le e e nang le matswela. Lo ka kgona go dira seno jang? Tora ya Tebelo ya July 1, 1999, mo go tsebe 21, e akantsha jaana: “A gangwe le gape o tle o dirise nako ya thuto ya lona ya lelapa go thusa ba lelapa la gago go ipaakanyetsa tirelo ya tshimo ya beke eo? Go dira jalo go ka lo solegela molemo thata. (2 Timotheo 2:15) Go ka thusa go dira gore ba tseye tirelo ya bone e le botlhokwa le gore ba bone matswela. Gangwe le gape lo ka dirisa nako yotlhe ya go ithuta go ipaakanyetsa jalo. Gantsi lo ka tlotla ka dilo tse di amanang le bodiredi jwa tshimo mo metlotlong e mekhutshwane kwa bofelong jwa thuto ya lelapa kana nako nngwe mo gare ga beke.” A lelapa la gago le setse le lekile go dira seno?
14 Nna o Gatele Pele: Go tswa mo dintlheng tseno, a o lemogile dikarolo tse lelapa la gago le dirang sentle mo go tsone? Le akgole, mme o leke go oketsa mo dikarolong tseo. Fa e le gore o bona dikarolo dingwe tse le tlhokang go tokafatsa mo go tsone, tlhopha e le nngwe kana di le pedi go tokafatsa mo go tsone pele. Fa jaanong dikarolo tseno di setse di wela mo thulaganyong ya lona ya ka metlha ya semoya, tokafatsang mo go tse dingwe gape tse pedi kana e le nngwe. Nna tekatekano o bo o nne le boikutlo jo bo siameng. (Bafil. 4:4, 5) Go tlhokega matsapa a magolo go direla lelapa la gago thulaganyo e e molemo ya semoya, mme matsapa ao ga se a lefela ka gonne Jehofa o re tlhomamisetsa jaana: “Fa e le yo o bolokang tsela e e beilweng, ke tla dira gore a bone poloko ya Modimo.”—Pes. 50:23.