LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/92 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo ka May

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo ka May
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Ditlhogwana
  • Beke E E Simololang ka May 4
  • Beke E E Simololang ka May 1
  • Beke E E Simololang ka May 18
  • Beke E E Simololang ka May 25
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 5/92 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo ka May

Beke E E Simololang ka May 4

Pina 72

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikitsiso tseo di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Kgothaletsa baboledi gore ba nne teng mo tirelong mo mafelobekeng ano. Mmoledi mongwe le mongwe o tshwanetse a itirela mokgele wa gore a nne le seabe ka metlha mo bodiheding beke nngwe le nngwe le gore a tlise pego ya gagwe ka bonako fa kgwedi nngwe le nngwe e fela.

20 mets: “Go Tsamaisa Peeletso ya Tora ya Tebelo ka May.” Setlhogo seno se tlotliwa ka dipotso le dikarabo. Kopanyeletsa motlotlo oo o leng malebana le seo boikaelelo jwa Tora ya Tebelo e leng sone jaaka fa bo bontshiwa kwa godimo mo tsebeng 2 ya tokololo nngwe le nngwe ya yone. Go ka nna ga akantshiwa mekgwa e e oketsegileng ya go e tsamaisa, go ikaegilwe ka dimakasine tseo di tlileng go dirisiwa mo tirelong ya tshimo mo bekeng eno. Palo ya dimakasine tseo di tsamaisiwang e wetse kwa tlase ka jalo mmoledi mongwe le mongwe o kgothalediwa gore a amege ka go tsamaisa dimakasine nako le nako fa a bona sebaka, le eleng fa mpho ya peeletso e sa amogelwe.

15 mets: “Dikakgelo Tseo O Simololang ka Tsone Di Ka Fetola Dilo.” Tlotla le bareetsi ka setlhogo seno. A ba ile ba leka dingwe tsa diketapele tseo di akantshitsweng mo ditokololong tsa bosheng jaana tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi, tseo bontsi jwa tsone di tserweng go tswa mo bukeng ya Go Fetolana? Ke diketapele dife tseo ba ileng ba di fitlhela di atlega thata mo tshimong ya lefelo la lona? Baboledi ba baakanyetsa leng diketapele tsa bone tsa tirelo ya tshimo le go ithapisa mo go tsone? Nna le dipontsho di le pedi kana di le tharo tse dikhutshwane tsa diketapele tseo di ileng tsa nna le katlego mo lefelong la lona.

Pina 32 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka May 1

Pina 9

5 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona.

20 mets: “Dira Maeto a go Boela Ao A Nang le Katlego.” Tlotla le bareetsi ka dintlha tsa konokono mo setlhogong seno, gongwe o ka nna wa akaretsa le boitemogelo bongwe jo bokhutshwane jwa bosheng jaana koo loeto lwa go boela lo ileng lwa felela ka gore go nne le kgatlhego e e oketsegileng gone. Dirisetsa metsotso e le merataro go ya go e le robedi go dira pontsho ya kafa motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego a thusang ka gone baboledi ba le babedi kana ba le bararo go baakanyetsa go boela mo bathong ba ba kgatlhegang bao ba ileng ba bonwa maloba jaana mo tshimong ya lefelo la lona. Fa go kgonega, dirisa maeto a go boela ao ka mmatota baboledi ba tlileng go a dira morago ga moo.

20 mets: Motlotlo o o leng malebana le setlhogo se se reng “Kobamelo ya Bagologolwane” se se tswang mo bukeng ya Go Fetolana, ditsebe 216-19. Le mororo ba le bantsi ba ka nna ba thaya kgang ka gore bagologolwane ga ba obamelwe ke batho ba le bantsi ba kwa mafatsheng a Bophirima, go na le dilo di le dintsi tseo di dirwang mo setšhabeng sa segompieno go tlotla baswi. Batho bangwe ba santse ba sisimogiwa le go obamelwa fela jaaka ekete ba santse ba tshela. Difikantswe, ditshwantsho tsa botaki, le dikgang tse di leng malebana le botshelo jwa motho di direlwa go gakologelwa batho ba ba tumileng. Dira ketapele ya pontsho nngwe eo mo go yone rre a buisanang le ngwana wa dingwaga tsa bolesome. Motsadi o dirisa tshedimosetso eo e tswang mo bukeng ya Go Fetolana, tsebe 217. Buelela dintlha tseo di leng mo ditlhogong tsa ntlha tse pedi go bontsha ngwana lebaka la go bo go le kotsi go bogela dibaesekopo tse di boifisang tseo di rotloetsang tirisabadimo kana mogopolo wa gore baswi ba a boa go tla go tlhorontsha ba ba tshelang. Mo tlhalosetse boemo joo baswi ba leng mo go jone le tsholofelo ya tsogo, mme o mmontshe kafa seno se tshwanetseng sa ama ka gone tsela eo re lebang baswi ka yone. Ngwana o bontsha kafa a eletsang ka gone go tila sepe sa boitlosobodutu seo se rotloetsang tirisabadimo.

Pina 65 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka May 18

Pina 202

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona, go akaretsa le pego ya tsa madi le dikitsiso dipe tsa gore go amogetswe meneelo. Akgolela phuthego go bo e tshegetsa phuthego ya lefelo la lona ka madi mmogo le tiro ya Mokgatlho ya lefatshe ka bophara. Diphuthego di tshwanetse tsa dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa gore di nne le seabe mo tirong ya dimakasine mo malatsing a boikhutso a botlhe ka May. Mongwe le mongwe o kgothalediwa gore a eme dithulaganyo tseno nokeng, le eleng fa motho a ka dira jalo eseng letsatsi lotlhe.

20 mets: “Kgothaletsa Ba Bangwe Gore Ba Gagamalele Mekgele ya Semoya.” Motlotlo o o tshwanetseng wa tshwarwa le bareetsi ke mogolwane. Fa lo sena go tlotla ka serapa 6, botsolotsa mmoledi mongwe yo o tlhomang sekao yoo fa e ne e sale mosha a neng a reetsa fa a ne a kgothalediwa gore a leke go fitlhelela mekgele ya semoya. O ne a kgothalediwa seno jang? Fa lo tlotla ka serapa 7, bontsha melemo eo batsadi boobabedi mmogo le basha ba tla nnang le yone ka go boeletsa dikgaolo 22, 38, le 39 tsa buka ya Dipotso Tseo Basha Ba Di Botsang.

15 mets: Ipaakanyetse Letsholo la Tshimo E E Sa Abiwang la 1992. Molebedi wa tirelo o tlotla ka lekwalo la Mokgatlho la April 1, 1992, leo le leng malebana le letsholo la 1992 la tshimo e e sa abiwang. Go ka nna ga dirisiwa maitemogelo a a tswang go Tora ya Tebelo ya February 1, 1992, tsebe 24 le ya April 1, 1992, tsebe 15.

Pina 213 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka May 25

Pina 220

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikgang tsa Bolegodimo. Maitemogelo a a bonweng go tswa mo letsholong la go batla dipeeletso (maitemogelo ano a tshwanetse a rulaganngwa esale gale ka thuso ya mokaulengwe yoo eleng ene a tshwaraganeng le dipeeletso mo phuthegong).

15 mets: Ikilele mo Boteneging. Mogolwane o tshwere motlotlo ono le mmoledi ba dutse fa tafoleng. Mmoledi o bolela gore o kopane le mongwe mo tshimong yoo a ntseng a bala dibuka tsa batenegi. Mmoledi o bolelela mogolwane gore o akanya gore dipotso tseo mong wa ntlo a neng a di botsa o ne a di botsa go tswa pelong. Mmoledi yoo o ganne go amogela buka ya batenegi eo mong wa ntlo a neng a re o a mo e naya mme lefa go ntse jalo o rata go leka go araba dipotso tseo di boditsweng ke mong wa ntlo. Mogolwane o akgolela mmoledi boikutlo jwa gagwe jo bo molemo le dikgato tseo a ileng a di tsaya. Mo boemong jwa go tlotla ka seo batenegi ba kwadileng ka sone kana seo ba se boletseng, se se botlhale ke gore o tlhome mogopolo mo go se Dikwalo di se bontshang malebana le kgang eo jaaka fa seo se bontshiwa mo bukeng ya Go Fetolana. Mogolwane o kopa mmoledi gore a bule buka ya gagwe ya Go Fetolana, mme ka bobedi jwa bone ba boeletsa se se leng mo ditsebeng 122-5. Motlotlo ono e tshwanetse ya nna o o botsalano le o o kgothatsang fa ba ntse ba tlotla ka tlhaloso ya botenegi, setlhogwana sengwe le sengwe se se kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng, le ditemana tsa konokono tseo ba di tlhophileng fa nako e letla. Konela motlotlo oo ka go dira dikakgelo tse di molemo malebana le dintlha tsotlhe tse di agang le tse di kgothatsang tseo re nang le tsone tseo re ka di ithutang. Buisana le mong wa ntlo ka molaetsa o o agang. Fa e le motho yo o peloephepa, o tla bona pharologanyo eo e leng teng magareng ga mokgwa wa go bua ka boammaaruri ka tsela e e molemo le mokgwa wa go bua ka jone ka tsela e e sa siamang le ya go bo tshwayatshwaya diphoso eo e dirisiwang ke batenegi. Fa re gana tsela eo batenegi ba akanyang ka yone mmogo le dibuka tsa bone, re bontsha kafa re ikanyegang ka gone mo go Jehofa mmogo le mo phuthegong ya gagwe e e bonalang.

20 mets: “Go Iphepa ka Metlha Semoyeng—Go Siametse Lelapa la Bakeresete.” Kgang eno e tlotliwa ka dipotso le dikarabo.

Pina 108 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela