Dikakgelo Tseo o Simololang ka Tsone di Ka Fetola Dilo
1 A o ntse o dirisa dingwe tsa diketapele tseo di akantshiwang mo bukeng ya Go Fetolana kana tseo di tlhagang mo ditokololong tsa bosheng tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi? Baboledi ba le bantsi ba bega gore ba nnile le katlego e kgolwane mo bodiheding jwa bone jwa ka ntlo le ntlo ka go dirisa dikakgelo tseno tse di simololang ba di bua fela jaaka fa di tlhaga mo kgatisong. Ba bangwe ba ile ba lemoga gore ka go ipha nakonyana e sekae fela e e oketsegileng ya go baakanyetsa bodihedi jwa tshimo, ba ile ba kgona go itirela dikakgelo tseno tse di simololang ka mafoko a bone mme lefa go ntse jalo ba di theile mo dikakantshong tseo di leng mo dikgatisong.
2 Go na le selo se le sengwe seo re tlhomamisegang ka sone, mme sone ke gore fa o setse o ntse o akantse ka dikakgelo tsa gago tse di simololang pele ga fa o buisana le mongwe ka molaetsa wa Bogosi, seo se tla go dira gore o ikutlwe o le kwa gae ebile o itshepa ka mo go oketsegileng. Seo o se buang se tla bontsha gore o eletsa go tswa pelong go itsise ba bangwe ka mafoko a a molemo. Fa o ipaakanyeditse sentle seo se dira gore o ipelele bodihedi jwa gago ka mo go oketsegileng ka gonne o tla nna le matswela a a botoka. Se se botlhokwa le go feta ke gore re dira gore setlhabelo seo re se intshang mo tirelong e nne bojotlhe jwa rona.—Baheb. 13:15; 1 Pet. 2:5.
3 Ka gone iphe nako ya go baakanyetsa. Akanya ka mofuta wa batho bao go ka nnang ga diragala gore o kopane le bone mo tshimong ya lefelo la lona. Ke dilo dife tseo ba tshwenyegileng ka tsone le tseo ba amegileng ka tsone? Ke ditiragalo dife tseo di diragalang gone jaanong tseo di amang matshelo a bone? Fa o sena go akanya ka dikarabo tsa dipotso tseno, leba dikakgelo tse di simololang tseo di akantshitsweng mo ditsebeng 9-15 mo bukeng ya Go Fetolana kana o tlhophe kakgelo e le nngwe kana go feta moo go tswa mo dikakgelong tse di simololang tseo di leng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. O se ka wa tshaba go fetola mafoko ao a leng mo go yone e le gore o ke o kgone go ikutlwa o phuthologile fa o e dirisa. Kgato ya bobedi e tla nna go dira gore baboledi ba bangwe ba boeletse le wena mo thulaganyong nngwe ya go ithapisa dikakgelo tseo tse di simololang. Gongwe seno se tla kgothaletsa ba bangwe gore le bone ba tokafatse dikakgelo tsa bone. Mme gone tota, eleruri lo tla bo lo kgothatsana le go agana mo ditirong tse di molemo.
4 Nako mmogo le matsapa ao o a tsayang go baakanyetsa seo o tlileng go se bua le batho kwa tshimong a tla duelwa. O ka nna wa nna le tshegofatso ya go nna le seabe se se oketsegileng mo tirong e e itumedisang thata ya go phutha eo e dirwang jaanong.