Ditsela Tsa go Tokafatsa Tsela ya Rona ya go Rera ka Bogosi
1 Tiro ya rona ya go rera e botlhokwa thata gone jaanong go feta lefa e le leng pele. Gore a batho ba tla swa kana ba tla tshela go ikaegile ka gore ba arabela jang mo mafokong a a molemo. (1 Pet. 4:5, 6, 17; Tshen. 14:6, 7) Ka ntlha ya seno re tshwanetse gore re batle ditsela tse ka tsone re ka tokafatsang tsela ya rona ya go rera ka Bogosi. Ditsela dingwe tse re ka tokafatsang ka tsone ke dife?
2 Ipaakanyetse Sentle: Tlhopha puisano e o akanyang gore e tla gapa maikutlo a batho ba le bantsi mo tshimong ya lona, o dirisa tokololo ya bosheng ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Go botlhokwa gore o fetole dikakgelo tsa gago gore di dumalane le boemo jo bo leng teng mo lefelong la lona. Kana o ka nna wa rata go dirisa puisano ya gago ka namana, o dirisa megopolo le ditemana tse di tswang mo Dikwalong tse o fitlhetseng gore di mosola. O tla tlhoka ketapele e e tsosang kgatlhego. (Bona buka ya Go Fetolana, ditsebe 9-15.) Gongwe o ikaeletse go botsa dipotso tse di dirang gore motho a akanye kana go kopa mongantlo gore a akgele ka dikgang dingwe tse batho ba amegileng ka tsone mo lefelong la lona. Fa o setse o akantse ka puisano ya gago, ikatise le mongwe mo lelapeng kana le mmoledi mongwe yo o ka go neelang dikakantsho tsa gore o tokafatse jang.
3 Tlotla le Batho: Boikaelelo jwa rona ke go abela batho molaetsa o o botlhokwa. Seno se ka dirwa ka go dira gore moreetsi wa gago a nne le seabe mo motlotlong o o mosola. Fa mongantlo a tsosa kgang kana a tlhalosa maikutlo a gagwe, mo reetse ka kelotlhoko. Se a se buang se ka go thusa gore o mo arabe go tswa mo Dikwalong ka tsholofelo e o nang le yone. (1 Pet. 3:15) Fa kgopolo ya gagwe e sa dumalane le se Baebele e se bolelang, o ka nna wa bolela jaana ka botlhale: “Batho ba le bantsi ba ikutlwa ka tsela e wena o ikutlwang ka yone. Mme lefa go ntse jalo, go na le tsela e nngwe e re ka lebang kgang eno ka yone.” Morago ga foo bala temana e e tshwanelang, mme o dire gore a akgele ka yone.
4 Nna le Thulaganyo E E Fetofetogang: Go tla bo go sa thuse sepe go ipaakanyetsa fa o sa kgone go bua le batho. Gompieno go tlwaelegile gore fa re etetse matlo a batho re bo re fitlhela ba le mmalwa fela mo gae. Fa e le gore go ntse jalo mo tshimong ya lona, leka go fetola thulaganyo ya gago gore o tle o dire tiro ya ntlo le ntlo ka nako ya fa go na le batho ba ba oketsegileng kwa gae. O ka nna wa fitlhela go le botoka go etela batho ka mafelobeke; batho ba bangwe ba fitlhelwa thata mo gae mo gare ga beke mme e le ka lotlatlana. Mo mafelong a mangwe baboledi ba go fitlhela go le molemo go neela bosupi ka malatsi a boikhutso a selefatshe ka gonne ba fitlhela batho ba le bantsi ba le mo gae. Gantsi batho ba bo ba iketlile ka dinako tse di ntseng jalo mme ba iketleeleditse go tlotla. Go tla nna molemo fa o ka fetola tsela e o simololang motlotlo ka yone gore o dumalane le seemo se o se fitlhelang mme o bo o golaganya se o se bolelang le se se tswang mo Dikwalong.
5 Sekaseka Gore Puisano ya Gago E Molemo go le Kana Kang: Fa o tswa mo ntlong nngwe le nngwe, ipotse gore: ‘A ke fitlheletse pelo ya mongantlo? A ke ile ka dira gore a ntshe maikutlo a gagwe mme a ke ne ka mo reetsa ka kelotlhoko fa a ne a bua? A ke ne ka araba ka botlhale? Mo maemong ao, a ke ne ka dirisa mokgwa o o molemolemo?’ Go ka nna molemo fa ka nako le nako o ka dira le mmoledi yo o nang le maitemogelo kana le mmulatsela mme o reetse dipuisano tsa gagwe ka kelotlhoko gore o tle o tokafatse botswerere jwa gago mo bodiheding.
6 Fa o le setswerere mo tirong ya gago, o tla kgona go anamisa boammaaruri jwa Bogosi jo bo tla ‘go bolokang bo bo bo boloka le ba ba go utlwang.’—1 Tim. 4:16; Dia. 22:29.