Baakanyetsa Puisano ya Gago ya Makasine
1 Re anaanela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka ntlha ya ditlhogo tsa tsone tse di mo nakong le tse di nang le tshedimosetso, tse di akaretsang sengwe le sengwe go tloga ka dikgang tsa lefatshe go ya go “dilo tse di boteng tsa Modimo.” (1 Bakor. 2:10) Ka kgwedi ya October, re tla bo re tsamaisa dipeeletso tsa dimakasine tseno tse pedi. Rotlhe re gakologelwa dilo tse dintsi tse disha le tse di agang tse re di badileng mo makwalopakeng ano, ao Jehofa a a dirisang go senola boammaaruri kgato ka kgato. (Dia. 4:18) Re batla go tlhagafalela go di aba mo lefatsheng lotlhe ka fa re ka kgonang ka gone.
2 Tlhatlhoba Tshimo ya Gago: Ke batho ba mofuta ofe ba ba nnang mo lefelong la lona? Fa e le gore ka metlha ba nna ba itlhaganetse, o tla tlhoka go baakanyetsa puisano e khutshwane e bile e opa kgomo lonaka. Fa e le gore lo na le tshimo e batho ba yone ba nnang ba le gone, o ka nna wa kgona go bua mo go oketsegileng. Fa bengbamatlo ba bantsi ba bereka motshegare, o ka atlega thata fa o ba etela mo matlong a bone ka tshokologo kana maitseboa. O ka nna wa kopana le bangwe motshegare fa o neela bosupi mo mmileng kana o bereka mo mabenkeleng. Baboledi bangwe ba nnile le matswela a a molemo ka go atamela batho ka mokgwa o e seng wa ka tlwaelo mo mafelong a go emisiwang dikoloi mo go one.
3 Itlwaelanye le Dimakasine: Bala tokololo nngwe le nngwe ka bonako fela fa o sena go e amogela. Tlhopha ditlhogo tse o akanyang gore di ka kgatlha batho mo tshimong ya lona. Ke kgang efe e ba amegileng ka yone? Batla ntlha nngwe e e rileng e o ka e nopolang mo setlhogong se o rulaganyang go se buelela. Akanya ka potso e o ka e botsang e le go tsosa kgatlhego. Tlhopha lekwalo le le tsamaisanang mme o le balele mongantlo fa o bona sebaka sa go dira jalo. Akanya ka se o ka se buang go dira motheo wa loeto lwa go boela.
4 Baakanyetsa Mafoko a o Simololang ka One: Ka kelotlhoko tlhopha mafoko a o akanyang go a dirisa fa o ikitsise le go simolola motlotlo. Bangwe ba ile ba atlega fa ba simolola ka mafoko ano: “Ke badile setlhogo se se kgatlhang mo makasineng ono, mme ke batla go tlotla ka sone le batho ba bangwe.” Ba bantsi ba simolola ka potso e e lebisang mo ntlheng e ba batlang go e dirisa. Ka sekai:
5 Fa o tlhomolola setlhogo se se buang ka mathata a bokebekwa, o ka nna wa botsa:
◼ “Go tla tlhokega eng go dira gore re kgone go robala bosigo re sa boife gore re tla thukhuthiwa kana go utlwisiwa botlhoko?” Tlhalosa gore o na le tshedimosetso ka ga tharabololo ya bothata jono. Tharabololo eno go ise go ye kae e tla fokotsa mofuta mongwe le mongwe wa mathata a batho. Lebisa go sengwe mo makasineng se se nayang tsholofelo e e ntseng jalo. Fa o boela, o ka nna wa lebisa tlhokomelo ya mongantlo go kgaolo 1 mo bukeng ya Kitso.
6 Fa o buelela setlhogo se se buang ka botshelo jwa lelapa, o ka nna wa bua jaana:
◼ “Batsadi ba bantsi ba fitlhela e le kgwetlho tota go godisa lelapa mo malatsing ano. Go kwadilwe dibuka di le dintsi ka kgang eno, mme le e leng bomankge ga ba dumalane. A go na le mongwe yo o ka re nayang kaelo ya mmatota?” Bua le ene ka kakgelo e e rileng go tswa mo makasineng o o bontshang kgakololo e e botlhale e e bonwang mo Baebeleng. Fa o dira loeto lwa go boela, tlotla ka dintlha tse di mo Dikwalong ka go godisa bana tse di tlhalositsweng mo bukeng ya Kitso, mo ditsebeng 145-8.
7 Fa o bua ka setlhogo se se buang ka mathata a batho, o ka nna wa re:
◼ “Batho ba le bantsi ba ikutlwa ba gateletswe ka ntlha ya dinako tse di thata tse re tshelang mo go tsone. A o akanya gore Modimo o ne a batlile gore re tshele ka tsela eno?” Mmontshe setlhogo se se bontshang kafa re ka emelanang le mathata a gompieno ka gone kana se se re nayang lebaka la go lebelela isagwe e e se kitlang e nna le ditlhobaelo. Mo loetong lwa gago le le latelang, tlotla ka setshwantsho le mokwalo o o mo ditsebeng 4-5 mo bukeng ya Kitso, mme o bo o tsena ka tlhamalalo mo thutong ya Baebele ya legae.
8 E Dire Gore e Tshwanele Mongantlo: O tla kopana le batho ba ba kgatlhegelang dilo tse di farologaneng e bile e le ba ba godileng ka ditsela tse di farologaneng. Baakanyetsa puisano ya motheo eo o ka kgonang go e dira gore e dumalane le mongantlo mongwe le mongwe. Nna o baakanyeditse ka fa o ka dirang gore se o se buang se tshwanele monna, mosadi, mogolo kana mosha. Ga go na melao e e beilweng ya gore ke eng se o tshwanetseng go se bua. Dirisa sengwe le sengwe se o bonang se siame mme e bile se tla nna le matswela. Lefa go ntse jalo, nna matlhagatlhaga, o bue go tswa mo pelong, mme o nne moreetsi yo o molemo. Bao ba “laoletsweng” ba tla bona bopeloephepa jwa gago mme ba tla arabela sentle.—Dit. 13:48.
9 Thusa ba Bangwe: Ka go tlotla le ba bangwe re ithuta ditsela tse disha tsa go itlhalosa. Go ithapisetsa dipuisano tsa rona mmogo go re dira gore re nne le maitemogelo le go itshepa. (Dia. 27:17) Fa o baakanyetsa se o tla se buang, o tla ikutlwa o phuthologile fa o fitlha kwa ntlong ya motho. Go botlhokwa gore batsadi ba dirise nako ba thusa bana ba bone go baakanyetsa, go reetsa fa ba ithapisa dipuisano tsa bone, le go ba naya dikakantsho tsa go tokafatsa. Ba basha ba ka solegelwa molemo ka go dira le baboledi ba ba nang le boitemogelo jo bontsi.
10 Go baakanyetsa puisano ya gago ya makasine ga go a tshwanela go nna selo se se bokete. Ke fela gore o nne le sengwe se o batlang go se bua mme o bo o se tlhalosa ka tsela e e kgatlhang. Ka tsenyeletso le go baakanyetsa go sa le gale o ka kgona go dira puisano e e molemo e e tla nnang le matswela a a molemo.
11 Go aba dimakasine ke nngwe ya ditsela tse di botlhokwa tse re phatlalatsang molaetsa wa Bogosi mo lefatsheng lotlhe ka tsone. Fa o ka kgona go tsamaisa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo bathong ba ba dipelo di phepa, dimakasine tseno di tla ipuelela ka botsone. Ka metlha gakologelwa botlhokwa jwa tsone le kafa molaetsa wa tsone o ka bolokang botshelo ka gone. Tsela eno ya “go dira molemo le go thusanya” ke selo se se kgatlhang Jehofa fela thata.—Baheb. 13:16.