Tsela ya go Thapisa Ba ba Sa Tswang go Nna Baboledi go Rera
1. O ile wa ikutlwa jang lekgetlo la ntlha fa o ne o nna le seabe mo bodireding?
1 A o gakologelwa lekgetlo la ntlha fa o ne wa nna le seabe mo bodireng jwa ntlo le ntlo? Go ka direga gore o ne o tshogile thata. Fa e le gore o ne o bereka le motho yo o neng a go ruta Baebele kgotsa mmoledi yo mongwe, ga go na pelaelo gore o ne wa itumelela thuso ya gagwe. Jaanong e re ka o le mmoledi yo o nang le boitemogelo, o mo seemong sa go ka thusa go thapisa batho ba ba sa tswang go nna baboledi go rera.
2. Baboledi ba basha ba tlhoka go ithuta eng?
2 Baboledi ba basha ba tlhoka go ithuta kafa ba ka simololang motlotlo le mong wa ntlo ka teng, kafa ba ka dirisang Baebele mo matlong ka teng, kafa ba ka dirang maeto a go boela ka teng le kafa ba ka simololang le go tshwara dithuto tsa Baebele ka teng. Mme gape ba tshwanetse go ithuta go rera ka ditsela tse di farologaneng, tse di jaaka go dira tiro ya mmila le go etela batho kwa mafelong a dikgwebo. O ka ba thusa go tokafatsa mo dikarolong tseno ka sekao sa gago le ka dikakantsho tsa gago.
3. Re ka thusa ba bangwe jang ka sekao sa rona?
3 Ruta ka go Tlhoma Sekao: Jesu o ne a bontsha barutwa ba gagwe gore ba rere jang. (Luke 8:1; 1 Pet. 2:21) Fa o rulaganya go bereka le motho yo o sa tswang go nna mmoledi, baakanyetsa puisano e e motlhofo e mmoledi a ka kgonang go e etsa, gongwe o dirisa sekai se se mo go nngwe ya dikgatiso tsa rona. Go tswa foo, ithaopele go bua mo ntlong ya ntlha kgotsa le ya bobedi gore mmoledi a kgone go utlwa gore o bua jang. Fa lo ntse lo refosana matlo, o ka nna wa botsa mmoledi gore o akanya eng malebana le matswela a puisano ya gago. Seno se tla mo thusa go bona botlhokwa jwa go bereka le ba bangwe mo bodireding e bile go tla dira gore go nne motlhofo gore a amogele dikakantsho tse o mo neelang tsone fa a sena go neela puisano.
4. Re ka thusa jang mmoledi yo mosha morago ga go reetsa puisano ya gagwe?
4 Neela Dikakantsho: Jesu gape o ne a neela barutwa ba gagwe ditaelo tsa gore ba rere jang. (Math. 10:5-14) Le wena o ka thusa mmoledi yo mosha ka tsela eo. Fa e le tshono ya gagwe ya go bua, reetsa ka kelotlhoko. Mme fa lo sena go tswa mo ntlong, mo akgole ka dilo tse di kgethegileng mme o dira jalo go tswa pelong, tota le fa o bone dilo dingwe tse a tlhokang go di tokafatsa mo puisanong ya gagwe. Pele ga fa o neela kakantsho, o ka nna wa tlhopha go bona gore a o tokafaditse mo ntlheng eo mo ntlong e e latelang. Gongwe o ne a tshogile fela. Gakologelwa gape gore, baboledi ga ba na bokgoni jo bo tshwanang botlhe mme gantsi go na le ditsela tse dintsi tsa go dira sengwe se se siameng.—1 Bakor. 12:4-7.
5. Re ka reng fa e le rona re batlang go neela dikakantsho?
5 Ka dinako tse dingwe mmoledi yo mosha a ka nna a go kopa dikakantsho. Mme fa a sa dire jalo, a e nne wena o mo thusang. Seno se ka dirwa jang ka tsela ya go akanyetsa maikutlo a gagwe? Baboledi bangwe ba ba nang le maitemogelo ba botsa fela ka gore, “A nka go neela kakantsho?” kgotsa “O akanya gore go tsamaile jang?” Tsela e nngwe ke go re, “Fa ke ne ke sa tswa go nna mmoledi, ke ne ke go fitlhela e le kgwetlho go . . . , mme ke fitlhetse seno se thusa. . . . ” Ka dinako tse dingwe go ka thusa gore lo lebelele buka ya Go Fetolana mmogo. Gore o se ka wa mo tshosa, neela dikakantsho mo ntlheng e le nngwe fela ya puisano ya gagwe.
6. Malebana le bodiredi, ‘tshipi e loodiwa jang ke tshipi’?
6 Tshipi e Loodiwa ke Tshipi: Timotheo, moreri yo o nang le boitemogelo, o ne a kgothadiwa ke Paulo gore a tswelele a dire bojotlhe mo go ruteng le go dira botswelelopele. (1 Tim. 4:13, 15) Le fa e ka tswa e setse e le dingwaga di le dintsi fa e sa le o simolola go nna le seabe ka lekgetlo la ntlha mo bodireding, ga o a tshwanela go tlogela go leka go tokafatsa bokgoni jwa gago. Ithute mo baboleding ba o rerang le bone, tota le ba ba se nang boitemogelo jo bo kalo mo bodireding, mme nna o ntshitse matlho dinameng go thusa ba bangwe ka bopelonomi, segolobogolo ba ba sa tswang go nna baboledi, gore ba nne baboledi ba dikgang tse di molemo ba ba nang le bokgoni.—Dia. 27:17.