Dirang ka Moya Otlhe Mo Bodiheding Jwa Tshimo
Karolo 3—Thusa ba Bangwe Gore ba Gatele Pele
1 Kamano e e neng e le gone fa gare ga mokaulengwe yo mogolwane eleng Paulo le lekawana le le ineetseng ebong Timotheo e ile ya umakiwa gantsi e le sekao se se molemo sa go thapisetsa bodihedi. (1 Bakor. 4:17) Timotheo o ne a kaelwa ke Paulo go abela ba bangwe yone kitso le thapiso eo a neng a e amogetse. (2 Tim. 2:1, 2) Re tla bo re dira sentle fa re latela thulaganyo e e ntseng jalo mo phuthegong gompieno.
2 Thapisa Ba Bangwe: Go bonala gore thapiso e a tlhokega fa re lemoga gore gompieno mo Afrika Borwa go na le baboledi bao ba fetang bao ba neng ba le gone dingwaga tse tharo tse di fetileng ka ba le 8 000. Re ka solofela gore bontsi jwa bano ba ka solegelwa molemo ke thapiso eo baboledi ba ba nang le maitemogelo ba ka e neelang. Kgaitsadi mongwe yo gantsi a neng a senya ura kana tse pedi fela ka kgwedi mo tirelong ya tshimo o ne a ithuta go bua ka tsela e e nang le matswela kwa mejakong fa a ne a thusiwa ke mmoledi yo o nang le maitemogelo. Go ikgogona mo go tseyeng karolo mo bodiheding go a neng a na le gone pele go ne ga nyelela, mme o ne a nna mmoledi yo o matlhagatlhaga wa mafoko a a molemo. Jaanong jaaka mmulatsela yo o nang le bokgoni, o leba kwa morago a bo a re: “Seo ke neng ke se tlhoka fela e ne e le go rutiwa gore ke bue ke reng, mme go tswa foo ka simolola go ipelela bodihedi.”
3 Fa e le gore o mogolwane, motlhanka wa bodihedi, mmulatsela, kana mmoledi yo o nang le maitemogelo, o ka thusa ba bangwe jang gore ba gatele pele? Kgato ya ntlha eo o ka e tsayang ke go itsise motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego gore o ka rata go thusa mmoledi yo mongwe.
4 Nna O Rulagantse mme O Ipaakantse: Go a thusa go nna le thulaganyo e e tlhomameng ya go bereka mmogo. Yo o tsamayang le ene a ka tswa a tshogile kana a sa itshepe kwa tshimologong, mme o tla anaanela gore go na le mongwe yo o berekang le ene yo o tla mo thusang fa go tlhokega. (Mor. 4:9) Fa go kgonega, tlhopha tshimo eo mo go yone o ka fitlhelang batho bao ba iketleeditseng go tlotla kaga dikgang tsa Bibela. Seno se tla thusa yo mosha yono gore a tsenelele mo tirong ka jalo a bo a simolola go itshepa.
5 Go tsweledisa thapiso e e dirwang kgato ka kgato, go ka nna mosola go tlotla kaga go dira loeto lwa go boela koo go bontshitsweng kgatlhego gone. Seo se akaretsa go thaya motheo mo loetong lwa ntlha ka go tlogela mong wa ntlo a na le potso eo e tla arabiwang fa lo boela. Tlhomamisa gore o thusa mmoledi yo o senang maitemogelo gore a baakanyetse, go tswa foo o bo o mo pata go ya mo loetong. Fa go simolotswe thuto mme mmoledi yo mosha a santse a sa tshepe bokgoni jwa gagwe ka mokgwa mongwe, mmoledi yo o nang le maitemogelo go gaisa a ka nna a rata go tsamaisa thuto makgetlo a sekae go fitlha yo mosha a tshwanelega go ka e tsamaisa.
6 Ereka go ntse go thelesegela batho ba basha mo phuthegong, go itshupa sentle gore go botlhale go neela thuto e e tseneletseng mo bodiheding jwa tshimo. Go tlhokega thuso ya bao ba setseng ba tlhagoletse bokgoni jwa bone mo tirong ya go rera. Fa o ka thusa mongwe, e tla re morago ga nako le ene a bo a ‘nonofile go ruta ba bangwe.’—2 Tim. 2:2.